Sefania 1:1-18

  • Letsatsi la ga Jehofa la katlholo le gaufi (1-18)

    • Letsatsi la ga Jehofa le atamela ka bonako (14)

    • Selefera le gauta ga di ka ke tsa ba boloka (18)

1  Seno ke se Jehofa a neng a se bolelela Sefania* morwa Kushi morwa Gedalia morwa Amaria morwa Hesekia mo motlheng wa ga Josia+ morwa Amone+ kgosi ya Juda:   “Ke tla fedisa sengwe le sengwe mo lefatsheng,” go bua Jehofa.+   “Ke tla fedisa batho le diphologolo. Ke tla fedisa dinonyane le ditlhapi,+Le dikgoreletsi*+ mmogo le badirabosula;Mme ke tla tlosa batho mo lefatsheng,” go bua Jehofa.   “Ke tla otlololela Juda seatla sa meE bile ke tla otlololela banni botlhe ba Jerusalema seatla sa me,Mme ke tla fedisa masalela* a ga Baale mo lefelong leno,+E leng leina la baperesiti ba medimo e sele mmogo le baperesiti ba teng,+   Le ba ba ikobelang masomosomo a magodimo ba le mo marulelong,+Le ba ba ikobelang Jehofa e bile ba bolela gore ba ikanyega mo go ene+Mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba ikobela Malekame;+   Le ba ba tlogelang go sala Jehofa morago+Le ba ba sa batleng Jehofa e bile ba sa kope kgakololo mo go ene.”+   Didimalang fa pele ga Morena Molaodimogolo Jehofa, ka gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi.+ Jehofa o dirile setlhabelo; o tlhophile* ba a ba laleditseng.   “Mo letsatsing le nna Jehofa ke tla ntshang setlhabelo ka lone, ke tla atlhola dikgosana,Bomorwa kgosi,+ le botlhe ba ba apereng diaparo tsa mafatshe a sele.   Ke tla atlhola mongwe le mongwe yo o palamang serala* mo letsatsing leo,Ba ba tlatsang ntlo ya mong wa bone ka thubakanyo le tsietso.” 10  Jehofa a re, “Mo letsatsing leo,Go tla utlwala modumo wa selelo o tswa kwa Kgorong ya Ditlhapi,+Modumo wa go bokolela o tswa kwa Karolong ya Bobedi ya motse,+Le modumo o mogolo o tswa kwa dithoteng. 11  Bokolelang lona banni ba Makateshe,*Ka gonne barekisi* botlhe ba nyeleditswe;*Botlhe ba ba lekanyang bokete jwa selefera ba sentswe. 12  Ka nako eo, ke tla tlhatlhoba Jerusalema ka kelotlhoko ka dipone,Mme ke tla atlhola batho ba ba sa tshwenyegeng ka sepe,* ba ba buang mo pelong ya bone ba re,‘Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.’+ 13  Dikhumo tsa bone di tla gapiwa le matlo a bone a tla senngwa.+ Ba tla aga matlo, mme ga ba kitla ba nna mo go one;E bile ba tla jala masimo a morara,* mme ga ba kitla ba nwa beine ya one.+ 14  Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi!+ Le gaufi e bile le atamela ka bonako!*+ Letsatsi la ga Jehofa le tla bo le boifisa.+ Mo letsatsing leo, motlhabani o tla goa.+ 15  Letsatsi leo ke letsatsi la tšhakgalo,+Letsatsi la matshwenyego le la pitlagano e kgolo,+Letsatsi la matsubutsubu le la thubakanyo,Letsatsi la lefifi,+Letsatsi la maru le lefifi le lentshontsho,+ 16  Letsatsi la modumo wa lonaka le mokgosi wa tlhabano,+Le le tlelang metse e e sireletsegileng le ditora tse di goletseng kwa godimo tse di mo dikhoneng.+ 17  Ke tla dira gore batho ba tshwenyege thata,Mme ba tla tsamaya jaaka batho ba ba foufetseng,+Ka gonne ba leofetse Jehofa.+ Madi a bone a tla tshololwa jaaka lorole,Le nama* ya bone e tla tshololwa jaaka boloko.+ 18  Selefera ya bone kgotsa gauta ya bone ga e kitla e ba golola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa;+Gonne lefatshe lotlhe le tla lailwa ke molelo wa bogale jwa gagwe,+Ka gonne o tla fedisa batho ba ba nnang mo lefatsheng, ruri o tla ba fedisa ka tsela e e tshosang.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Jehofa o Fitlhile (Sireleditse).”
Go lebega go tewa dilo kgotsa ditiro tse di amanang le kobamelo ya medingwana.
Kgotsa “motlhala; matlhasedi.”
Kgotsa “o dirile boitshepo.”
Kgotsa “setupu.” Gongwe go tewa serala se go bewang setulo sa bogosi sa kgosi mo go sone.
Seheb., “didimaditswe.”
Go lebega go tewa karolo ya Jerusalema e e gaufi le Kgoro ya Ditlhapi.
Kgotsa “bagwebi.”
Seheb., “ba ba itshekileng mo dintsheng tsa bone,” jaaka e kete ba mo segatisetsong sa beine.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “le itlhaganela thata!”
Seheb., “mala.”