Sefania 2:1-15

  • Tlang mo go Jehofa pele ga letsatsi la bogale jwa gagwe (1-3)

    • Dirang se se siameng e bile lo nne pelonolo (3)

    • “Gongwe lo ka nna lwa sirelediwa” (3)

  • Ditšhaba tse di ba dikologileng di a atlholwa (4-15)

2  Phuthegang, phuthegang mmogo,+Lona setšhaba se se sa tlhabiweng ke ditlhong.+   Pele ga taelo e diragadiwa,Pele ga letsatsi le feta fela jaaka mmoko,Pele ga bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa bo tla mo go lona,+Pele ga letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le tla mo go lona,   Tlang mo go Jehofa,+ lona lotlhe ba ba pelonolo* ba ba mo lefatsheng,Ba lo ikobelang ditaelo tsa gagwe tse di siameng.* Nnang lo dire se se siameng e bile lo nne pelonolo.* Gongwe lo ka nna lwa* sirelediwa* mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.+   Gonne Gasa e tla nna motse o o tlogetsweng;Mme Ashekelona e tla fetoga sekaka.+ Ashedoda e tla lelekwa letsatsi le penne,*Mme Ekerone e tla kumolwa.+   “Ruri go latlhega ba ba nnang fa losing lwa lewatle, setšhaba sa Bakeretha!+ Jehofa o lo atlhotse batho ke lona. Wena Kanana, lefatshe la Bafilisitia, ke tla go senya,Gore go se ka ga sala monni ope mo go wena.   Mme kgaolo e e fa losing lwa lewatle e tla nna mafuloA a nang le didiba tsa badisa le masaka a dinku a a dirilweng ka maje.   E tla nna kgaolo ya batho ba ba setseng ba Juda;+Ba tla fula gone koo. Ba tla rapama mo matlong a Ashekelona maitseboa. Gonne Jehofa, Modimo wa bone o tla ba gopola,*Mme o tla phutha batho ba bone ba ba neng ba isitswe botshwarwa.”+   “Ke utlwile kgobo ya Bamoabe+ le matlhapa a Baamone,+Ba ba neng ba kgoba batho ba me e bile ba bua ka boikgodiso ba re ba tla gapa naga ya bone.+   Ka jalo, ke ikana ka nna,” go bua Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele,“Moabe o tla nna fela jaaka Sodoma,+Mme Amone* o tla nna jaaka Gomora,+Lefelo la dibabetsane, khuti ya letswai le lefelo le le sa nniweng.+ Batho ba me ba ba setseng ba tla ba gapela,E bile masalela a setšhaba sa me a tla ba leleka mo lefatsheng la bone. 10  Seno ke sone se ba tla se amogelang ka ntlha ya boikgogomoso jwa bone,+Ka gonne ba ne ba kgoba batho ba ga Jehofa wa masomosomo e bile ba ne ba ba ikgodisetsa. 11  Jehofa o tla nna yo o boitshegang* mo go bone;Gonne o tla fedisa* medimo yotlhe ya lefatshe,Mme batho ba ba nang mo ditlhaketlhakeng ba tla mo ikobela,*+Mongwe le mongwe a tswa kwa lefelong la gagwe. 12  Le lona Baethiopia lo tla bolawa ke tšhaka ya me.+ 13  Modimo o tla otlololela seatla sa gagwe ntlheng ya bokone a bo a senya Asiria,E bile o tla dira gore Ninife e kgakgabale+ fela jaaka sekaka. 14  Metlhape e tla rapama mo gare ga gagwe, e leng mefuta yotlhe ya diphologolo tsa naga.*Nonyane e e bidiwang kukara mmogo le noko di tla lala bosigo mo ditlhogong tsa dipilara tsa gagwe. Lentswe la dinonyane le tla utlwala mo fensetereng.*Kgoro e tla nna marope;Gonne o tla manolola dipolanka tsa mosedara tse go manegilweng ka tsone. 15  Ono ke motse o o ikgodisang o o neng o ntse ka pabalesego,O o neng o bua mo pelong ya one o re, ‘Ke nna fela, ga go na ope o sele.’ Batho ba ba o bonang ba tla gakgamala,Lefelo le diphologolo tsa naga di rapamang mo go lone! Mongwe le mongwe yo o fetang fa go one o tla letsa molodi a bo a tshikinya tlhogo.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “sujwa; fitlhwa.”
Kgotsa “Go ka direga gore lo.”
Kgotsa “lo ikokobetse.”
Seheb., “katlholo ya gagwe.”
Kgotsa “ba ba boikokobetso.”
Kgotsa “ka sethoboloko.”
Kgotsa “ba tlhokomela.”
Seheb., “Baamone.”
Kgotsa “yo o tshosang.”
Kgotsa “bopamisa.”
Kgotsa “obamela.”
Seheb., “phologolo nngwe le nngwe ya setšhaba.”
Kgotsa gongwe “Lentswe la phefo kgotsa phologolo ya naga.”
Seheb., “lebole.”