Sekarea 10:1-12

  • Kopang Jehofa pula, e seng medimo ya maaka (1, 2)

  • Jehofa o kopanya batho ba gagwe (3-12)

    • Kgosana e tswa mo bathong ba Juda (3, 4)

10  “Kopang Jehofa pula ka nako ya pula ya kgogolammoko. Jehofa ke ene a dirang maru a diphefo tsa matsubutsubu,Ke ene a nesetsang batho pula e kgolo,+E bile ke ene a nayang mongwe le mongwe dimela mo tshimong.   Gonne difikantswe tsa terafime* di bua dilo tse di tsietsang;*Mme baitseanape ba bone diponatshegelo tsa maaka. Ba bua ka ditoro tse di se nang mosola,E bile ke ga lefela go bo ba leka go gomotsa. Ke gone ka moo ba tla kgarakgatshegang jaaka dinku. Ba tla boga, ka gonne ga go na modisa.   Bogale jwa me bo tukela badisa,E bile ke tla otlhaya baeteledipele ba ba gatelelang;*Gonne Jehofa wa masomosomo o gopotse letsomane la gagwe,+ o gopotse batho ba Juda,Mme o dirile gore ba nne jaaka pitse ya gagwe e e maatla e e galalelang mo tlhabanong.   Kgosana* e tswa mo go ene,Mmusi* o tswa mo go ene,Bora jwa tlhabano bo tswa mo go ene;Molebedi* mongwe le mongwe o tswa mo go ene, botlhe fela ba tswa mo go ene.   Mme ba tla nna jaaka batlhabani,Ba gataka seretse sa mebila mo tlhabanong. Ba tla ya ntweng, ka gonne Jehofa o na le bone;+Mme masole a a tsamayang ka dipitse a tla tlhabiwa ke ditlhong.+   Ke tla tlotlomatsa batho ba Juda,E bile ke tla boloka ditlogolwana tsa ga Josefa.+ Ke tla ba tsosolosa,Ka gonne ke tla ba utlwela botlhoko;+Mme ba tla nna jaaka e kete ga ke ise nko ke ba latlhe;+Gonne ke nna Jehofa, Modimo wa bone, mme ke tla ba araba.   Batho ba Eferaime ba tla nna jaaka motlhabani yo o maatla,Mme pelo ya bone e tla itumela fela jaaka motho yo o itumedisiwang ke go nwa beine.+ Bomorwaabone ba tla bona seno ba bo ba itumela;Pelo ya bone e tla itumela ka ntlha ya ga Jehofa.+   ‘Ke tla ba leletsa molodi ke bo ke ba phutha mmogo;Gonne ke tla ba golola,+ mme ba tla nna bantsi,E bile ba tla tswelela ba le bantsi.   Le fa ke ba gasamisa jaaka peo mo ditšhabeng,Ba tla nkgopola ba le kwa mafelong a a kgakala;Bone mmogo le bomorwaabone ba tla rula ba bo ba boa. 10  Ke tla ba ntsha kwa lefatsheng la EgepetoKe bo ke ba phutha mmogo go tswa kwa Asiria;+Ke tla ba tlisa mo lefatsheng la Gileade+ le la Lebanona,Mme le gone koo ga ba kitla ba nna le lefelo le le lekaneng.+ 11  Ke tla ralala lewatle ka go le tshwenya;Mme ke tla itaya makhubu mo lewatleng;+Metsi otlhe a Nile a tla kgala. Boikgogomoso jwa Asiria bo tla kokobediwa,E bile lore lwa segosi lwa Egepeto lo tla tsamaya.+ 12  Nna Jehofa, ke tla ba tlotlomatsa,+Mme ba tla tsamayatsamaya mo leineng la me,’+ go bua Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”
Kgotsa “di bua masaitseweng.”
Seheb., “diphoko.”
Seheb., “Tora e e mo khoneng,” sengwe se se tshwantshetsang monna wa botlhokwa.
Seheb., “Lomapo,” sengwe se se tshwantshetsang mongwe yo o tshegetsang.
Kgotsa “Mookamedi.”