Sekarea 7:1-14

  • Jehofa ga a rate go itima dijo go go sa tsweng mo pelong (1-14)

    • “A tota lo ne lo itimela nna dijo?” (5)

    • ‘Dirisanang ka tshiamiso, ka lorato lo lo sa kgaotseng le ka kutlwelobotlhoko’ (9)

7  Mme mo ngwageng wa bonê wa puso ya ga Kgosi Dario, Jehofa o ne a bua le Sekarea+ mo letsatsing la bonê la kgwedi ya borobongwe, e leng kgwedi ya Kiselefe.*  Batho ba Bethele ba ne ba roma Sharesere le Regeme-meleke le banna ba gagwe gore ba ye go kopa* Jehofa gore a ba utlwele botlhoko,  ba ne ba raya baperesiti ba ntlo* ya ga Jehofa wa masomosomo le baporofeti ba re: “A re* lele mo kgweding ya botlhano+ re bo re itime dijo, jaaka re ntse re dira mo dingwageng di le dintsi?”  Jehofa wa masomosomo o ne a bua le nna gape a re:  “Raya batho botlhe ba lefatshe leno le baperesiti o re, ‘Fa lo ne lo itima dijo e bile lo bokolela mo kgweding ya botlhano le mo kgweding ya bosupa+ ka dingwaga di le 70,+ a tota lo ne lo itimela nna dijo?  Mme fa lo ne lo tle lo je e bile lo ne lo tle lo nwe, a lo ne lo sa ijele e bile a lo ne lo sa inwele?  A ga lo a tshwanela go ikobela mafoko a Jehofa a neng a a bua a dirisa baporofeti ba pele,+ fa Jerusalema le metse e e e dikologileng e ne e sa ntse e nniwa e bile go rena kagiso, le fa Negebe le Shefela di ne di sa ntse di nniwa?’”  Jehofa o ne a bua le Sekarea gape a re:  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Atlholang ka tshiamiso ya boammaaruri,+ e bile lo dirisane ka lorato lo lo sa kgaotseng+ le ka kutlwelobotlhoko. 10  Lo se ka lwa tsietsa motlholagadi kgotsa khutsana,*+ motswakwa+ kgotsa mohumanegi;+ mme lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona.’+ 11  Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba gana go tlhwaya tsebe,+ mme ba ne ba ntlogela ba le tlhogoethata,+ e bile ba ne ba thiba ditsebe tsa bone gore ba se ka ba utlwa.+ 12  Ba ne ba dira gore pelo ya bone e nne jaaka teemane*+ e bile ba ne ba sa ikobele molao* le mafoko a Jehofa wa masomosomo a neng a a romela ka moya wa gagwe a dirisa baporofeti ba pele.+ Ka jalo, Jehofa wa masomosomo o ne a ba galefela fela thata.”+ 13  “‘Fela jaaka ba ne ba gana go reetsa fa ke* ba bitsa,+ le nna ga nkitla ke ba reetsa fa ba mpitsa,’+ go bua Jehofa wa masomosomo. 14  ‘Mme ke ne ka ba gasamisetsa kwa ditšhabeng tsotlhe tse ba neng ba sa di itse ke dirisa setsuatsue,+ mme lefatshe le ne la sala le kgakgabetse fa ba sena go tswa mo go lone, go se na ope yo o le ralalang;+ gonne ba ne ba dira gore lefatshe le le eletsegang e nne selo se se tshosang.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go nolofatsa sefatlhego sa ga.”
Kgotsa “tempele.”
Seheb., “ke.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Kgotsa gongwe “leje le le thata,” le le tshwanang le lentswetshipi.
Kgotsa “taelo.”
Seheb., “a.”