Sekarea 8:1-23

  • Jehofa o naya Siona kagiso le boammaaruri (1-23)

    • Jerusalema, “motse wa boammaaruri” (3)

    • “A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe” (16)

    • Go itima dijo go fetoga nako ya go itumela (18, 19)

    • ‘A re direleng Jehofa ka tlhoafalo’ (21)

    • Batho ba le lesome ba tshwara seaparo se seleele sa Mojuda (23)

8  Jehofa wa masomosomo o ne a bua le nna gape a re:  “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Ke ikemiseditse go femela Siona,+ e bile ke tla mo femela ke galefile thata.’”  “Jehofa a re, ‘Ke tla boela kwa Siona+ ke bo ke aga mo Jerusalema;+ mme Jerusalema o tla bidiwa motse wa boammaaruri,*+ e bile thaba ya ga Jehofa wa masomosomo e tla bidiwa thaba e e boitshepo.’”+  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Bannabagolo le basadibagolo ba tla nna gape mo dipatlelong tsa Jerusalema, mongwe le mongwe wa bone a tshotse thobane ya gagwe ka gonne a tsofetse thata.*+  E bile dipatlelo tsa motse di tla tlala ka basimane le basetsana ba ba tshamekang.’”+  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Le fa gone go ka lebega go ka se kgonege mo bathong ba ba setseng ba setšhaba seno mo malatsing ao, a go tshwanetse ga lebega go ka se kgonege le mo go nna?’ go bua Jehofa wa masomosomo.”  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Jaanong ke golola batho ba me kwa dinageng* tsa botlhaba le tsa bophirima.+  Ke tla ba tlisa mo Jerusalema, mme ba tla aga teng;+ ba tla nna batho ba me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone+ yo o boammaaruri* le yo o siameng.’”  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘A diatla tsa lona di nonofe,*+ lona ba gone jaanong lo utlwang mafoko a a tswang mo molomong wa baporofeti,+ mafoko a a tshwanang le a a neng a buiwa mo letsatsing la fa go ne go thaiwa motheo wa ntlo ya ga Jehofa wa masomosomo gore tempele e agiwe. 10  Gonne pele ga nako eo, go ne go se na tuelo epe e e newang motho kgotsa phologolo;+ mme go ne go le kotsi go tla le go tsamaya ka ntlha ya mmaba, ka gonne ke ne ke dirile gore batho botlhe ba lwantshane.’ 11  “‘Le fa go ntse jalo, jaanong ga nkitla ke tshwara batho ba ba setseng ba setšhaba seno jaaka mo malatsing a pele,’+ go bua Jehofa wa masomosomo. 12  ‘Gonne go tla jalwa peo ya kagiso; morara* o tla ntsha maungo a one le lefatshe le tla ungwa,+ e bile magodimo a tla ntsha monyo wa one; mme ke tla dira gore batho ba ba setseng ba setšhaba seno ba rue dilo tseno tsotlhe.+ 13  Mme fela jaaka ditšhaba di ne di dirisa maina a lona go hutsa sengwe,+ lona batho ba Juda le batho ba Iseraele, ke tla lo golola, mme di tla dirisa leina la lona go segofatsa sengwe.+ Lo se ka lwa boifa!+ A diatla tsa lona di nonofe.’*+ 14  “Gonne Jehofa wa masomosomo a re, ‘“Fela jaaka ke ne ke ikaeletse go lo tlisetsa masetlapelo ka gonne borraalonamogolo ba ne ba nkgalefisitse,” go bua Jehofa wa masomosomo, “e bile ke ile ka se ka ka ikwatlhaya,+ 15  ka tsela e e tshwanang, mo nakong eno ke ikaeletse go direla Jerusalema le batho ba Juda se se molemo.+ Lo se ka lwa boifa!”’+ 16  “‘Tseno ke dilo tse lo tshwanetseng go di dira: A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe,+ e bile fa lo atlhola kwa dikgorong tsa lona lo nne tekatekano e bile lo lwele gore go nne le kagiso.+ 17  Lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona,+ e bile lo se ka lwa rata maikano ape a maaka;+ gonne dilo tseno tsotlhe ke di tlhoile,’+ go bua Jehofa.” 18  Jehofa wa masomosomo o ne a bua le nna gape a re: 19  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Go itima dijo ka kgwedi ya bonê,+ go itima dijo ka kgwedi ya botlhano,+ go itima dijo ka kgwedi ya bosupa+ le go itima dijo ka kgwedi ya bolesome+ e tla nna dinako tsa go itumela le go ipela mo bathong ba Juda. Ke meletlo ya go itumela.+ Ka jalo, ratang boammaaruri le kagiso.’ 20  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Go sa ntse go tla diragala gore ditšhaba le batho ba ba nnang mo metseng e mentsi ba tle mo motseng ono; 21  mme batho ba motse o mongwe ba tla ya kwa bathong ba motse o mongwe ba bo ba re: “A re tsamayeng, a re yeng go kopa* Jehofa gore a re utlwele botlhoko re bo re ye go direla Jehofa wa masomosomo. Le rona re tla ya.”+ 22  Mme ditšhaba di le dintsi le merafe e e maatla e tla tla go direla Jehofa wa masomosomo mo Jerusalema+ le go kopa* Jehofa gore a e utlwele botlhoko.’ 23  “Jehofa wa masomosomo a re, ‘Mo metlheng eo, batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba+ ba tla tshwara seaparo se seleele* sa Mojuda,* eleruri ba tla se ngangatlela ba bo ba re: “Re batla go tsamaya le lona,+ ka gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “boikanyegi.”
Seheb., “ka ntlha ya malatsi a mantsi.”
Kgotsa “kwa lefatsheng.”
Kgotsa “yo o ikanyegang.”
Kgotsa “Nnang pelokgale.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “Nnang pelokgale.”
Kgotsa “go nolofatsa sefatlhego sa ga.”
Kgotsa “go nolofatsa sefatlhego sa ga.”
Kgotsa “ntlha ya seaparo.”
Seheb., “monna wa Mojuda.”