Tito 1:1-16

  • Ditumediso (1-4)

  • Tito o laelwa gore a tlhome bagolwane kwa Kereta (5-9)

  • Kgalemelang ba ba sa laolesegeng (10-16)

1  Nna Paulo motlhanka wa Modimo e bile ke le moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, ke na le tumelo e ba ba tlhophilweng ba Modimo ba nang le yone mmogo le kitso ya boammaaruri ka go obamela Modimo.  Mme seno se ikaegile ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng+ jo Modimo, yo a ka se kang a aka,+ a bo solofeditseng bogologolo;  mme ka nako ya gagwe e e tshwanetseng o ne a itsise lefoko la gagwe ka dikgang tse di molemo tse ke neng ka tlhomiwa+ ke Mmoloki wa rona, e bong Modimo gore ke di rere;  ke kwalela Tito, ngwanake tota mo tumelong e rotlhe re nang le yone: E kete Modimo Rara le Keresete Jesu Mmoloki wa rona ba ka go naya bopelonomi jo bogolo* le kagiso.  Ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o tle o baakanye dilo tse di tlhokang go baakanngwa le gore o tlhome bagolwane mo metseng ka go latelana, fela jaaka ke go laetse:  mogolwane ga a tshwanela go nna le* se a ka tshwaiwang phoso ka sone, e nne monna wa mosadi a le mongwe, a na le bana ba ba dumelang ba ba sa latofadiweng ka botlhapelwa* kgotsa ka boitaolo.+  E re ka molebedi e le motlhanka wa Modimo, o tshwanetse go nna a sa tshwaiwe phoso ka sepe, a sa batle gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe,+ a sa galefe ka bonako,+ e se letagwa, a sa rate ntwa,* a sa ipatlele madi le dithoto ka bopelotshetlha,  mme a amogela baeng,+ a rata se se molemo, a akanyetsa dilo sentle,*+ a siame, a ikanyega,+ a na le boikgapo,+  tsela e a rutang ka yone e dumalana ka botlalo le lefoko le le boammaaruri,+ gore a dirise thuto e e boammaaruri* go kgothatsa*+ le go kgalemela ba ba ganetsang.+ 10  Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba sa laolesegeng, ba ba balabalang le ba ba tsietsang, segolobogolo banna ba ba reng batho ba tshwanetse go rupa.+ 11  Banna bano ba tlhoka go tswalwa melomo ka gonne ba thuba malapa ka go ruta dilo tse ba sa tshwanelang go di ruta gore ba nne le madi le dithoto ka bopelotshetlha. 12  Moporofeti mongwe wa bone yo e leng Mokereta, o ne a re: “Bakereta ba rata maaka, ke dibatana tse di kotsi, batho ba ba sa direng sepe mme ba ja bobe.” 13  Bosupi jono bo boammaaruri. Ka lone lebaka leno, nna o ba kgalemele o gagamaditse gore tumelo ya bone e nonofe, 14  mme ba se ka ba reetsa ditlhamane tsa Sejuda le ditaelo tsa batho ba ba fapogang mo boammaaruring. 15  Dilo tsotlhe di phepa mo bathong ba ba phepa;+ mme ga go na sepe se se phepa mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo ka gonne megopolo ya bone le digakolodi tsa bone di leswafetse.+ 16  Ba bua phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone,+ ka gonne ba makgapha mme ga ba utlwe e bile ga ba tshwanelege go dira tiro epe e e molemo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “fa go na le mongwe yo go se nang.”
Kgotsa “ka go sa laolesege.”
Kgotsa “go itaya.”
Kgotsa “a dira ditshwetso tse di botlhale.”
Kgotsa “e e mosola; e e solegelang molemo.”
Kgotsa “rotloetsa.”