Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Afrika

Afrika
  • DINAGA 58

  • PALO YA BAAGI 979 685 702

  • BABOLEDI 1 363 384

  • DITHUTO TSA BAEBELE 3 265 314

“Jaanong ke Ipaakanyeditse go Tlogela Babelona o Mogolo”

Thomson, lekawana lengwe la kwa Uganda, o ne a swabisitswe ke bodumedi. E re ka a ne a tenwa ke kafa baruti ba nnelang go kopa madi ka teng, o ne a tlogela go ya ditirelong tsotlhe tsa bodumedi. Mme o ne a tswelela ka go ipalela Baebele letsatsi le letsatsi. O ne a kgatlhiwa thata ke buka ya Tshenolo mme a leka go e tlhalosa, a tla a kwala dintlha mo bukaneng. Fa mokaulengwe mongwe a kopana le Thomson kwa tirong, kwa lefelong le lennye le go neng go agiwa mo go lone, o ne a mo fitlhela a bala Baebele. Go tswa foo, ba ne ba nna le motlotlo o o monate mme Thomson a amogela buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ne a e bala yotlhe mo bosigong bo le bongwe fela. Letsatsi le le latelang, mokaulengwe o ne a amogela molaetsa wa founo ya selula o o neng o re: “Ke leboga Morena ka tshedimosetso e o e nneileng. Jaanong ke ipaakanyeditse go tlogela Babelona o Mogolo.” Thomson o ne a kopa dikgatiso tsotlhe tse di umakilweng mo dintlheng tse di kwa tlase le mo dintlheng tse di oketsegileng tsa buka eno. O ne a ithuta Baebele ka tlhoafalo mme a gatela pele ka bofefo a bo a kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya 2012 ya “Dibela Pelo ya Gago!” Ka Mopitlwe 2013, Thomson o ne a simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha, a thusa batho ba bangwe go bona kafa go tlhokegang ka gone gore ba tswe mo Babelona o Mogolo.

Bakaulengwe ba le Robedi ba Ithutile le Ene

Jimmy o goletse kwa Port Louis, motsemogolo wa Mauritius. O simolotse go nwa a na le dingwaga di le 16 mme go ise go ye kae a simolola go tagwa letsatsi le letsatsi. Gantsi o ne a tsena mo mathateng ka gonne a sa kgone go itshwara fa a tagilwe mme o ne a isiwa kgolegelong ka makgetlo a le mmalwa. Ka dinako tse dingwe o ne a nwa mo e ka nnang mabotlele a le mararo a bojalwa jwa rum e bile a goga disekerete di le 60 ka letsatsi. Fa a feletswe ke madi, o ne a nwa alcohol e e dirisiwang go phepafatsa matlhabaphefo. O ne a ba a nwa senkgisamonate (eau de cologne) sa ga mmaagwe. Fa mongwe a ne a mmolelela gore o lebega jaaka setopo se se tsamayang, o ne a ikisa kwa setheong se se thusang batho ba ba tshwakgogileng. O ne a nna koo ngwaga le halofo mme a se ka a thusega.

Rodrigues: Jimmy o ne a ititeile sehuba go fetola botshelo jwa gagwe

Kgabagare Jimmy o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a dumela go ithuta Baebele le bone. Ka dinako tse dingwe o ne a tlogela thuto gore a ye go nwa. Fa nako e ntse e ya, bakaulengwe ba le robedi ba ne ba ithuta le ene. Kwa bofelong Jimmy o ne a lemoga gore o tshwanetse go fetola botshelo jwa gagwe. O ne a re: “Ke ne ke utlwa e kete tšhaka ya semoya e go buiwang ka yone mo go Bahebera 4:12 e ntlhaba mo pelong. Letsatsi lengwe fa ke ntse ke bala Baebele, ke ne ka bona Diane 24:16 e e reng: ‘Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.’ Eo ke yone nako e ke neng ka simolola go fetola botshelo jwa me ka yone.” Fa Jimmy a sena go “wa” nako le nako fa a ne a ithuta le bakaulengwe ba le supa, o ne a ititaya sehuba gore a fetole botshelo jwa gagwe mme a ‘tsoge’ a thusiwa ke mokaulengwe wa borobedi. Jimmy o ne a rapela Jehofa gore a mo neye maatla, a ya dipokanong tsa phuthego mme a latlha mekgwa ya gagwe e e maswe. O ne a kolobediwa ka 2003 mme a nna mmulatsela wa ka metlha ka 2012. Jaanong ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong nngwe kwa setlhaketlhakeng sa Rodrigues.

“Jehofa le Baengele ba Tla Nna Ditsala Tsa Me”

Mary wa dingwaga tse 70 wa kwa Kenya o ne a tsene Kereke ya Presbyterian botshelo jotlhe jwa gagwe. O ne a na le bokgoni jwa go kgobokanyetsa kereke madi mme a thusa go aga nngwe ya dikereke tsa lefelo leo. Fa mongwe wa bomorwawe a nna Mosupi, ga a ka a itumela. Morwawe o ne a tle a laletse Mary go ya dipokanong tsa phuthego mme o ne a gana go ya a re o batla go utlwa molaetsa wa Baebele ka puo ya gagwe ya Se-Kikuyu, e seng Seswahili. Kgabagare Mary o ne a dumela fa a lalediwa go ya kopanong ya kgaolo e e neng e tlile go tshwarwa ka Se-Kikuyu. Fa a fitlha kwa kopanong, o ne a nna mo karolong e e baakanyeditsweng batho ba ba godileng. O ne a kgatlhiwa thata ke gore o ne a tshwarwa ka bopelonomi le ka lorato. Mary o ne a re ga a ise a ke a tsamaye a bontshiwe lorato lo lo ntseng jalo kwa kerekeng ya gagwe. O ne a reetsa dipuo tsotlhe ka tlhoafalo mme a itumelela se a se utlwang. Fa mongwe a ne a kopa go ithuta Baebele le ene ka boroutšhara jwa Reetsa Modimo, o ne a dumela ntle le go okaoka.

Fa Mary a sena go ithuta ka dikgwedi di se kae, o ne a swetsa ka gore o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ka jalo o ne a ya go iphimola leina kwa kerekeng ya gagwe. Baeteledipele ba kereke ba ne ba galefa. Ba ne ba bitsa moruti mongwe go tswa motsemogolong wa Nairobi gore a tle go bua le ene. Moruti o ne a leka go tlhotlheletsa Mary gore a se ka a tlogela kereke, mme o ne a ema a nitame. Moruti yono o ne a mmotsa a re: “Ditsala tsa gago e tla nna bomang fa o tlogela kereke? O na le ditsala le baagelani ba le bantsi ba e leng maloko a kereke.”

Mary o ne a araba a re: “Jehofa le baengele ba tla nna ditsala tsa me. Le Basupi ba tla nna ditsala tsa me.”

E re ka moruti a ne a paletswe ke go fetola Mary mogopolo, o ne a tsamaya. Mary o ntse a gatela pele sentle mo thutong ya gagwe ya Baebele e bile o ya dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete le fa a nna kgakala le kwa di tshwarelwang teng. Bosheng jaana fa a ne a sa kgone go bona dipalangwa tsa botlhe gore a ye dipokanong, o ne a tsamaya mo puleng diura di le pedi gore a ye. Le fa baagelani ba ga Mary ba mo ganetsa, o ititeile sehuba gore a fitlhelele mokgele wa gagwe wa go kolobediwa.

Liberia: Ba rulaganya ditilo tsa Segopotso. Ka 2013, baboledi ba le 6 148 ba ne ba nna le palo ya ba ba tlileng Segopotsong ba le 81 762

Moruti o mo Kgopile!

Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 14 yo o bidiwang Ashton o nna kwa Cameroon. Fa a ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a ganediwa thata ke rremogoloagwe le mmèmogoloagwe ba a neng a nna le bone. Ba ne ba mo pateletsa go tsamaya le bone kwa ditirelong tsa bodumedi kwa kerekeng ya Pentekosete. Mo go nngwe ya ditirelo tseo, moruti o ne a baya matsogo mo ditlhogong tsa batho ba ba neng ba le gone, a ba naya se go tweng ke moya, o o dirang gore ba we. Ashton ene ga a ka a wa. Moruti o ne a rapela a bo a rapela, mme Ashton o ne a nna a eme fela. Ka jalo moruti o ne a mo kgopa gore a we! Fa Ashton a boela gae, o ne a bolelela rremogoloagwe le mmèmogoloagwe gore o ne a kgopilwe, mme ga ba a ka ba mo dumela. Ka yone nako eo o ne a swetsa ka gore a ka se tlhole a le baya kwa kerekeng. Gompieno, le fa Ashton a ganediwa le go tlhapadiwa ke ba lelapa la gagwe le baagelani, o tswelela go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi.

Taletso e e Tswang mo Ngwaneng

Le fa Anilpa a ne a na le dikgwedi di le 17 fela, o ne a nna le seabe ka matlhagatlhaga mo letsholong la go laletsa batho ba bangwe go nna gone kwa kopanong ya kgaolo ya ngogola kwa Angola. Anilpa o ne a neilwe “kabelo” ya go kokota mo kgorong a bo a naya beng ba matlo ditaletso fa mmaagwe a ntse a tlhalosa ka bokhutshwane lebaka la go bo ba tlile. E re ka Anilpa a ne a le matlhagatlhaga, ka dinako tse dingwe o ne a sa lete mmaagwe gore a fetse go bua pele a ya go kokota mo kgorong e e latelang. O ne a kgatlha beng ba matlo fela thata. Ka sekai, mo letsatsing la bofelo la kopano, mosadi mongwe o ne a ya kwa go Anilpa yo mmotlana a bo a re: “Ke ntse ke go batla. Ke itumelela go go bona ka gonne ke wena o ileng wa ntaletsa gore ke tle kopanong.”

Ba Lapisitswe ke go Gatelelwa

Ka Phatwe 2012, baboledi ba Phuthego ya Antaviranambo kwa Madagascar ba ne ba kopana le setlhopha sa batho ba ba neng ba re ba batla go nna Basupi ba ga Jehofa. Batho bao ba ne ba ikutlwa ba gateletswe ke baeteledipele ba dikereke tsa bone, ba ba neng ba ruta dilo tse bone ba neng ba sa di dire. Batho bano ba e neng e le maloko a dikereke ba ne ba re dikereke tsa bone ga di na dithulaganyo tsa go ba ruta Baebele le dikgatiso tse di tlhalosang se ba se dumelang. Madi a a ntshiwang kwa kerekeng a ne a le mantsi, go ne go se na bokaulengwe jwa mmatota e bile go ne go se na sepe se se bontshang lorato lwa mmatota lwa Bokeresete. Gape ba ne ba re ba itse gore Basupi ba ga Jehofa bone ga ba na mathata ao.

Moragonyana, setlhopha seo se ne sa kwalela ofisi ya lekala. Lekwalo leo le ne le re: “Re kwala jaana go lo itsise gore re batla go direla Jehofa. Mme re nna kgakala. Bangwe ba rona re tlhoka go tsamaya diura di le 9 go ya go di le 15 go ya kwa dipokanong. Ka jalo re a lo rapela tsweetswee, romelang mongwe gore a tle go re thusa go ithuta Baebele. Re ka se kgone go diragatsa keletso ya rona ya go direla Jehofa ka pelo yotlhe fa lo sa re thuse go nonotsha lorato lo re mo ratang ka lone. Re batho ba ka nna 215 mme re tswa kwa metseng e e farologaneng e le meraro. Re tswa mo madumeding a a farologaneng mme jaanong re eletsa go direla Jehofa le go mo ikobela ka pelo yotlhe. Re solofela gore lo tla re thusa.”

Bakaulengwe ba ne ba ya go kopana le setlhopha seno sa batho, ba tsamaya diura di le robongwe go ya kwa motseng wa ntlha. Fa ba le koo, ba ne ba tshwara pokano mme ga tla batho ba ba kgatlhegang ba le 65. Kgang eno e ne ya anama ka bonako mme batho ba metse e mengwe ba ne ba re le bone ba batla go etelwa le go rutiwa Baebele. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba tsamaya diura tse dingwe di le nnè ba ya go tshwara pokano kwa motseng wa bobedi mme go ne ga tla batho ba feta 80 kwa go yone. Fa ba le koo, ba ne ba kopana le ba bangwe ba ba neng ba ba rapela gore ba tle kwa motseng wa bone, o o neng o le sekgala sa diura di le pedi ka maoto. Bakaulengwe ba ne ba dira jalo ka go rata mme ba tshwara pokano le koo. Go ne ga tla batho ba feta 50.

Ka makgetlo a mabedi a a farologaneng, batho ba metse eno ba feta 30 ba ne ba ya kopanong kwa Mahanoro ba tsamaya letsatsi lotlhe le halofo fa ba ya le fa ba boa. Ba le 25 ba bone—banyalani, malapa le bagodi—ba ne ba nna gone fa molebedi wa potologo a ne a etile. Botlhe ba ne ba nna mo ntlong e le nngwe, ba tlotla ka se ba se ithutileng e bile ba botsa dipotso go fitlha bosigogare. Batho ba motse ba ile ba re batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba batla go obamela le Basupi ka gonne ba ne ba lapisitswe ke go gatelelwa ke baeteledipele ba bone ba bodumedi.