Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Dinaga Tsa Amerika

Dinaga Tsa Amerika
  • DINAGA 57

  • PALO YA BAAGI 970 234 987

  • BABOLEDI 3 943 337

  • DITHUTO TSA BAEBELE 4 341 698

Ba ne Ba Laletsa Banyalani Bangwe Gore ba Nne mo Ntlong ya Bone

Kwa Las Vegas, Nevada, banyalani bangwe ba e seng Basupi ba ne ba batla lefelo le le didimetseng le ba ka nnang mo go lone, ka jalo ba ne ba rekisa ntlo ya bone gore ba fudugele kwa Dominican Republic. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanetse go tswa mo ntlong ya bone malatsi a le lesome pele ga letsatsi le sefofane sa bone se neng se rulaganyeditswe go tsamaya ka lone. Baagelani ba banyalani bano ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ba thusa ka go ba laletsa gore ba nne le bone mo ntlong ya bone. Fa ba ntse ba nna le bone, banyalani bano ba ne ba ya pokanong kwa Holong ya Bogosi. Ba ne ba gakgamadiwa ba bo ba kgatlhiwa ke go utlwa go umakiwa letlha la 1914. Ba ne ba itse gore letlha leno e ne e le la botlhokwa mo hisitoring ya lefatshe. Fa banyalani bao ba fitlha kwa Dominican Republic, ba ne ba kopa thuto ya Baebele mo Basuping ba ntlha ba ba neng ba ba etela. Dikgwedi di le 14 morago ga moo, ba ne ba ineela ba bo ba kolobediwa ka bobedi jwa bone.

Sone se Tota a Neng a se Tlhoka

Bakaulengwe ba ne ba tlhoma tafole ya dibuka kwa Pontshong ya Boditšhabatšhaba ya Dibuka ya 2012 kwa Panama City, Panama. Basetsana ba babedi ba ba tsenang sekolo ba ne ba tla fa tafoleng eo. Mongwe wa bone o ne a bolelela kgaitsadi yo o neng a tlhokometse tafole eo gore o utlwile botlhoko. Mosetsana yoo o ne a mmolelela gore rraagwe o tshwakgotswe ke diokobatsi le gore ga a itse gore a lebane jang le boemo joo. Kgaitsadi yono o ne a bontsha mosetsana yono kgaolo 23 ya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, ya setlhogo se se reng “Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?” Mosetsana o ne a bua jaana ka boitumelo: “Se ke sone se tota ke se tlhokang!” Basetsana ba ne ba tlamparela kgaitsadi yono mme ba boa morago ga ura go tla go mo leboga gape. Mo malatsing a matlhano a pontsho eno, bakaulengwe ba ne ba tsamaisa dibuka di le 1 046, dimakasine di le 1 116 le diboroutšhara di le 449. Batho ba le 56 ba ne ba tlogela diaterese tsa bone gore Basupi ba ba etele.

O Feditse Dingwaga di le Nnè a Rera a le Nosi

Fredy, yo puo ya gabone e leng Se-Cabecar, o nna kwa motseng o o kwa kgakala kwa dithabeng kwa Costa Rica. Dingwaga di ka nna nnè tse di fetileng, fa Fredy a ne a bereka kwa motsemogolong wa San José, o ne a nna le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? le boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Mmoledi yo o neng a tsamaisetsa Fredy dikgatiso tseno o ne a mmolelela gore a ye go rerela batho ba gabone, ka jalo o ne a boela gae. Fredy o ne a ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng? a le esi mme a dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe, tse di jaaka go kwadisa lenyalo la gagwe kafa molaong. Go tswa foo o ne a dira bojotlhe jo a ka bo kgonang go ruta Ba-Cabecar boammaaruri.

Fredy o ne a rulaganyetsa batho ba a ithutang Baebele le bone ditlelase. O ne a na le ditlelase di le thataro tse di neng di sa tshwane, a kwadisa baithuti go ya ka gore ba dirile sentle go le kana kang mo tlhatlhobong e a e ba neileng ya go tlhatlhoba kitso ya bone ya Baebele. O ne a rulaganya dipokano a bo a tshwara Segopotso a ikwaletse ditaletso, tse di neng di re: “Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa go tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete le rona.” O ne a dira dilo tseno tsotlhe ka dingwaga di le nnè a ise a kopane gape le Basupi! Go ntse go le jalo, o ne a rapela Jehofa gore a mo romelele Basupi gore ba mo thuse.

Thapelo ya ga Fredy e ne ya arabiwa bosheng jaana. Basupi bangwe ba ne ba tsaya loeto lo lo boima lwa go ya kwa motseng wa gabone mme ba ne ba gakgamadiwa ke go bona sotlhe se a se fitlheletseng. Ba ne ba bega jaana: “Le fa Fredy e se Mosupi yo o kolobeditsweng, o tshela jaaka ene!” Morago ga dikgwedi di le tharo fela, o ne a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. E le gore a kolobediwe, Fredy o ne a fologa thaba gore a tle kopanong ya gagwe ya ntlha, a tla le batho ba a neng a ithuta Baebele le bone ba le 19. Jaanong o rulagantse ditlhopha tse dingwe tse tharo tsa Ba-Cabecar kwa metsaneng e mengwe e e kgakalanyana go feta o a leng kwa go one.

Costa Rica: Fredy, yo jaanong e leng mmulatsela wa ka metlha o tsamaya mesepele e meleele go ya go tshwara dithuto tsa Baebele

O ne A Femela Tumelo ya Gagwe Kwa Sekolong

Letsatsi lengwe Anna, yo o tsenang sekolo se segolwane kwa United States, o ne a tshwanelwa ke go femela tumelo ya gagwe mo balekaneng ba gagwe ba le mmalwa ba ba neng ba galefisitswe ke gore ga a dumele mo thutong ya Tharonngwe. Anna a re: “Ba ne ba simolola go ipopa ba nna setlhotshwana se se kgatlhanong le nna mme ke ne ka nna ke ritibetse ka gonne ke ne ke sa batle gore batho ba ba lebeletseng ba lebe Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e sa siamang.” Mo bosigong joo o ne a rapela Jehofa gore a mo fe bopelokgale mme a dira dipatlisiso ka thuto ya Tharonngwe. Mo letsatsing le le latelang, Anna o ne a ya sekolong a tshotse Baebele ya gagwe. Bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba mo dikaganyetsa, bontsi jwa bone ba khinkhinyega. Le fa go ntse jalo, o ne a ba balela ditemana di le mmalwa ka bopelokgale le go bontshana mabaka le bone. Kgabagare ba ba neng ba ngangisana le ene ba ne ba felelwa ke mafoko. Mosetsana yo o neng a ganetsa thata, yo gape e neng e le poresidente wa tlelase, o ne a feleletsa a bolela gore jaanong o tlotla Basupi ba ga Jehofa. Mo ngwageng oo, o ne a botsa Anna dipotso di le mmalwa ka se a se dumelang.

Setlhako Se ne Sa Kgaoga ka Nako e e Tshwanetseng

Mosetsana mongwe kwa Barbados o ne a ya kerekeng ka maoto moso mongwe wa Sontaga fa kgole ya setlhako sa gagwe e ne e kgaoga. O ne a tsena mo ntlong e e fa gaufi mme a kopa nnale ya go se baakanya. Ntlo eo e ne e le ya mmè wa Mosupi le morwadie. Fa mosetsana yoo a ntse a baakanya setlhako sa gagwe, kgaitsadi o ne a mo tlhalosetsa kafa dipolelelopele tsa Baebele di diragadiwang ka teng gone jaanong. Go tswa foo, morwadia kgaitsadi yono o ne a laletsa mosetsana yono gore a ye pokanong le bone kwa Holong ya Bogosi moragonyana mo mosong oo. E re ka mosetsana a ne a bona gore o tla fitlha thari kwa kerekeng, o ne a amogela taletso eo. Fa pokano e ntse e tsweletse o ne a bula ditemana tsotlhe tse di umakiwang mo Baebeleng ya gagwe ya King James. O ne a kgatlhiwa thata ke thulaganyo. O ne a re o lapisitswe ke go utlwa medumo ya meropa le go goela kwa godimo kwa kerekeng ya gagwe a ba a re ga a bolo go batla go ithuta Baebele mo lefelong le le sisibetseng. O ne a amogela buka ya Baebele e Ruta Eng? mmogo le thuto ya Baebele. O nna gone kwa dipokanong tsotlhe e bile o nna le seabe ka tlhoafalo mo go tsone.

Motho a le Mongwe ke Ene Fela A ka Mo Tlogedisang go Rera

Mokaulengwe mongwe yo mosha kwa Guyana a re: “Ke rata go rerela bana ba tlelase ya me kwa sekolong, mme go na le mosimane yo o sa rateng fa ke rera. Letsatsi lengwe o ne a nkgoromeletsa mo leboteng mme a nthaya a re, ‘Tlogela go nna o ntse o rera!’ Ke ne ka mo raya ka re motho a le mongwe fela yo o ka ntlogedisang go rera ke Jehofa. Fa ke ntse ke tswelela ke rera, mosimane yono o ne a sega kgetsana ya me ya dibuka. Go tswa foo, o ne a ntitaya ka lebole mo sefatlhegong, a mphatlola molomo. Re ne ra bilediwa mmogo kwa ofising ya mogokgo mme a mpotsa gore ke dirileng mosimane yono gore a ntiteye ka lebole mo sefatlhegong. Ke ne ka re ke ne ke rera dikgang tse di molemo, ke sone se se dirileng gore mosimane yono a ntwantshe. Mogokgo o ne a mpotsa gore ke eng fa ke ne ke sa itwele a ba a re ke ne ke tshwanetse go dira jalo. Ke ne ka mmolelela gore ke ithutile mo Baebeleng mo go Baroma 12:17 gore Bakeresete ga ba a tshwanela ‘go busetsa ope bosula ka bosula.’ Fa mogokgo a utlwa seno, o ne a re ke tsamaye, mme a re o tla sala a otlhaya mosimane yo o neng a ntwantsha.”

Catamarca, Argentina