Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Batlhankammogo le Rona ba ba Rategang:

A bo re itumela jang ne go lo kwalela mo tshimologong ya ngwaga ono wa botlhokwatlhokwa! Kwa bowelong jwa 2014, go tla bo go fetile lekgolo la dingwaga fa e sa le Kgosi Jesu Keresete yo o rategang a ne a simolola go busa mo gare ga baba ba gagwe.—Pes. 110:1, 2.

Kwa tshimologong ya ngwaga ono wa tirelo, kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ne ya golola thanolo e e sa tswang go ntšhafadiwa ya Baebele ya Seesemane e e molemo go gaisa tsotlhe tse di leng teng. Dingwaga di feta masome a le marataro tse di fetileng, Jehofa o ne a dirisa bomorwawe ba ba tsetsweng ka moya gore ba dire Thanolo ya Lefatshe le Lesha. (Bar. 8:15, 16) Ruri ntlha eo ka boyone fela e dira gore thanolo eno e nne e e kgethegileng, a ga o akanye jalo?

Ka dingwaga di le dintsi, Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang e ntse e dira gore thanolo ya Baebele e nne yone tiro ya botlhokwa. Gompieno Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gone, e feletse kgotsa e le karolo ya yone, ka dipuo di le 121. Re go kgothaletsa gore o bontshe Jehofa gore o anaanela Baebele e o nang le yone go le kana kang. E bale mme o tlhatlhanye ka yone letsatsi le letsatsi. Fa o dira jalo, o tla atamalana le Mokwadi wa yone, Jehofa Modimo.—Jak. 4:8.

Re utlwa botlhoko fa re utlwa ka diteko tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba lebanang le tsone. Go a utlwala gore ka dinako tse dingwe go ka nna thata gore ba itumele le bakaulengwe ba bone. Ka sekai, bosheng jaana matshelo a lelapa lengwe kwa Asia a ne a tlhakatlhakana fa mmè wa lelapa leo a ne a swa ditokololo ka tshoganetso fela. Baitse ba kalafi ba ne ba tlhakane tlhogo e bile ba sa kgone go mo thusa go fola. Ruri seo se utlwisa botlhoko! Jaanong monna wa gagwe o mo tlhokomela bosigo le motshegare. Morwa wa bone le barwadiabone ba babedi ba tlhoma sekao se se molemo ka go ema batsadi ba bone nokeng ka lorato. Lelapa leno le le molemo mmogo le lona lotlhe ba lo kgonneng go lebana le diteko tse di farologaneng lo ka bona boitumelo jo bo tlisiwang ke go itshokela diteko tsa tumelo ya lona. (Jak. 1:2-4) Jehofa o tlhomamisetsa batlodiwa ba gagwe le ba dinku tse dingwe gore re tla itumedisiwa ke go bo re ile ra itshokela diteko ka gonne re tla segofadiwa ka mpho ya botshelo jo bo sa khutleng!—Jak. 1:12.

Ngogola palo ya ba ba nnileng gone mo Segopotsong e ne e le 19 241 252. A bo go kgothatsa jang go bona batho ba bantsi jaana ba tlotlomatsa Jehofa le Jesu Keresete ka go nna gone mo pokanong e batho ba Modimo ba e tsayang e le botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo ngwageng! Mo pakeng ya Segopotso, pako e kgolo e ne ya ya kwa Modimong fa batho ba feta dimilione tse pedi ba ne ba tsaya bobulatsela jo bo thusang ka Mopitlwe le Moranang. A bo seo se kgothatsa jang ne! Mme a ga o a ka wa itumedisiwa ke go utlwa gore ba e leng babulatsela ba ba thusang ka nako ya loeto lwa molebedi wa potologo ba ka nna gone mo pokanong yotlhe e a e tshwarang le babulatsela, tota le fa a sa eta ka kgwedi ya Mopitlwe kgotsa Moranang? Ba ba botlhale mo dilong tsa semoya ba tlhaloganya botlhokwa jwa go nna ba tlhagafetse mo tirong ya go rera le mo ditirong tsa phuthego. Go nna re tshwaregile go re thusa go nna re nitame e bile re sa tshikinyege, go fedisa maiteko a ga Diabolo a go re koafatsa tumelo le go re faposa mo tseleng.—1 Bakor. 15:58.

A bo go nonotsha jang ne go itse gore mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, batho ba le 277 344 ba ne ba bontsha boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing mme jaanong ba mo tseleng ya botshelo mmogo le bakaulengwe ba bone mo lefatsheng lotlhe! (Math. 7:13, 14) Batho bano ba basha ba tlhoka gore re ba eme nokeng gore ba ‘tsepame mo tumelong.’ (Bakol. 2:7) Nnang lo kgothatsane gore lo itshoke go ya bokhutlong. (Math. 24:13) “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, tshegetsang ba ba bokoa, nnang pelotelele mo go botlhe.” (1 Bathes. 5:14) Kwa bofelong, e kete mongwe le mongwe wa rona a ka ‘rapela a sa kgaotse,’ a re: “A bogosi jwa gago bo tle.”—1 Bathes. 5:17; Math. 6:10.

Tsweetswee itumeleleng Buka ya Ngwaga, mme lo itse gore re rata mongwe le mongwe wa lona ba lo ratang Jehofa!

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa