Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Betšhe ya Kopano E ne E le “Lekwalo la Bone la Mosepele”

Betšhe ya Kopano E ne E le “Lekwalo la Bone la Mosepele”

“KA 1987, batho ba feta 1 000 ba ne ba tla Kopanong ya Kgaolo ya ‘Ikanye Jehofa’ kwa Guékédou, Guinea. E re ka lefelo la kopano le ne le le gaufi le molelwane wa Sierra Leone le Liberia, batho ba le bantsi ba ba neng ba ya kopanong ba tswa kwa dinageng tseo ba ne ba swetsa ka gore ba tla ya kopanong ba bo ba boela gae letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, ba ne ba se na ditlankana tse di siameng tsa mosepele. Ka jalo, bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba buisana le balaodi ba molelwane mme ba dumalana. Batlakopanong ba ne ba tla tlhoka setlankana se le sengwe fela—betšhe ya bone ya kopano! Fa mapodise a molelwane a bona dikarata tse di mmala o o galotseng wa namune, ba ne ba ba fetisa fela.”—Everett Berry, yo e kileng ya bo e le morongwa.

Bakaulengwe ba ne ba itumelela dijo mo kopanong eno