SIERRA LEONE LE GUINEA
2002-2013 Diphetogo Tsa Bosheng (Karolo 2)
Go Thusa Batho Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng
Go ya ka phopholetso nngwe, batho ba ka nna 3 000 go ya go 5 000 kwa Sierra Leone le ba le makgolokgolo kwa Guinea ga ba utlwe mo ditsebeng. E re ka ‘thato ya ga Jehofa e le gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe,’ batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba tla ithuta dikgang tse di molemo jang?—1 Tim. 2:4.
Michelle Washington, yo e leng morongwa yo o tswang kwa Gileade mme a fitlhile kwa Sierra Leone ka 1998, a re: “Nna le mogatsake e bong Kevin re ne re abetswe kwa phuthegong e e neng e na le batho ba le banè ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba tla dipokanong. E re ka ke ne ke itse Puo ya Diatla ya Amerika ke ne ke batla go ba thusa. Ofisi ya lekala e ne ya nkopa gore ke tolokele batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng mo dipokanong le kwa dikopanong mme ya itsise le diphuthego tse di gaufi ka thulaganyo eno. Ofisi ya lekala gape e ne ya rulaganya ditlelase tsa puo ya diatla go thapisa baboledi ba ba neng ba batla go thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Re ne ra
simolola go batla batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng mo motseng le go ba tshwarela dithuto tsa Baebele. Fa batho ba le bantsi mo setšhabeng ba bona maiteko ano a rona, ba ne ba re akgola. Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o neng a itumelela tiro ya rona. Moruti mongwe yo o neng a rerela batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng o ne a ba raya a re re ‘baporofeti ba maaka.’ O ne a tlhagisa batho bao le ba malapa a bone gore ba se ka ba dirisana le rona. Bangwe ba ne ba bolelelwa gore fa ba dirisana le rona ba ka se tlhole ba thusiwa ka tsa madi. Go ise go ye kae, go ile ga nna le ditlhopha tse pedi tsa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng: ba ba neng ba ise ba kopane le rona e bile ba ema moruti nokeng le ba ba neng ba kile ba kopana le rona mme ba sa eme moruti nokeng. Bangwe ba setlhopha seno sa bobedi ba ne ba emela boammaaruri mme ba gatela pele go fitlha ba kolobediwa.”Ka sekai, Femi o tshotswe a sa utlwe mo ditsebeng mme o ne a kgona go bua a dirisa matshwao a a rileng fela a puo ya diatla. O ne a sa tshepe ope—segolobogolo batho ba ba utlwang mo ditsebeng—mme o ne a ikutlwa a sa ratiwe e bile a sa itumela. O ne a simolola go ithuta Baebele le bakaulengwe ba ba tswang kwa setlhopheng sa puo ya diatla. Go ise go ye kae o ne a simolola go tla dipokanong tsa Bokeresete ka metlha le go ithuta puo ya diatla. Femi o ne a gatela pele go fitlha a kolobediwa mme gone jaanong o itumelela go ruta batho ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng boammaaruri.
Ka Phukwi 2010, setlhopha sa Puo ya Diatla ya Amerika sa kwa Freetown se ne sa nna phuthego. Gape go na le ditlhopha tsa puo ya diatla kwa Bo le kwa Conakry.
Ba Humanegile Le fa Go Ntse Jalo ba ‘Humile mo Tumelong’
Baebele ya re bontsi jwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba humanegile. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Modimo o ne a tlhopha bone ba ba humanegileng mabapi le lefatshe gore ba nne bahumi mo tumelong.” (Jak. 2:5) Gape go nna le tumelo mo go Jehofa go tlisitse kgomotso le tsholofelo mo baboleding ba kwa Sierra Leone le Guinea.
Tumelo e tlhotlheletsa malapa a le mantsi a a humanegileng a Basupi a a kwa mafelong a a kwa thoko gore a boloke madi dikgwedi di le dintsi pele ga nako gore a kgone go ya dikopanong tsa kgaolo. Bangwe ba a lema gore ba bone madi a go duelela mosepele wa bone. Ditlhopha tsa batho ba ba yang kopanong ba le 20 go ya go 30 ba pitlagana mo diloring tse dinnye gore ba tseye mesepele e e ka tsayang diura tse 20 kgotsa go feta mo mogoteng, mo leroleng le mo ditseleng tse di dikhutikhuti. Mme ba bangwe bone ba tsamaya sekgala se seleele ka maoto. Mokaulengwe mongwe a re: “Re ne re tsamaya dikilometara tsa ntlha tse 80 go ya kopanong re tshotse dipanana tse dintsi. Re ne re rekisa dipanana tseno mo tseleng mme ka go dira jalo re ne re fokotsa morwalo le go dira madi a a lekaneng gore re feleletse loeto lwa rona ka lori.”
Gape tumelo e tlhotlheleditse baboledi ba le bantsi gore ba se ka ba raelesega go fudugela kwa dinageng tse di humileng. Math. 6:33) Gone jaanong, Emmanuel ke mogolwane mo phuthegong, mme ene le mosadi wa gagwe e bong Eunice, ba tshwaregile ka go direla Jehofa ba sa kgaotse. Ditlhogo tse dingwe tsa malapa di tlhophile go se fuduge e le gore ba thuse malapa a bone go nna a kitlane e bile a nonofile semoyeng. Timothy Nyuma yo e leng mmulatsela yo o kgethegileng e bile e le molebedi wa potologo wa nakwana a re: “Ke ne ka gana go amogela tiro e e neng e tla dira gore ke kgaogane le ba lelapa la me ka lobaka lo loleele. Gape nna le mosadi wa me e bong Florence, re ne ra dira gore bana ba rona ba tsene sekolo mo re nnang gone go na le go ba romela kwa mafelong a mangwe ba bo ba godisiwa ke batho ba bangwe.”
Emmanuel Patton yo o alogileng kwa Sekolong sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang a re: “Re tshepa gore Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. E re ka re nna mo nageng e e nang le tlhokego e kgolo ya bareri ba Bogosi, re lemoga gore tirelo ya rona e botlhokwa thata.” (Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba bontsha tumelo ka go tswelela ba dira ditiro tsa Bokeresete le fa ba na le mathata a a farologaneng. Kevin Washington, yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Baboledi ba le bantsi ba rera ka metlha le go dira maikarabelo a phuthego ba ntse ba na le mathata a a neng a ka dira gore re nne mo gae re hutsafetse. Ka sekai, bangwe ba lwala thata mme ga ba bone tlhokomelo ya kalafi le melemo e e bonwang motlhofo kwa mafelong a mangwe. Ba bangwe ba dira maiteko a magolo gore ba itse go bala le go kwala. Fa go direga gore ke batle go tshwaya mokaulengwe phoso ka tsela e a dirang kabelo ya gagwe ka yone, ke ipotsa jaana: ‘Fa nkabo ke dira tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng, ke na le mathata a a masisi a botsogo, ke sa bone sentle mme ke se na digalase tsa matlho, ke se na dibuka tsotlhe tsa mokgatlho gape ke se na motlakase, a nka bo ke dirile botoka go mo feta?’”
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Sierra Leone le Guinea ba galaletsa Jehofa ka tsela eno le tse dingwe tse dintsi. Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba dira, le bone ba itshupa e le badiredi ba Modimo “ka go itshokela dilo di le dintsi, ka dipitlagano, ka go tlhoka, . . . jaaka ba ba humanegileng mme [ba] humisa ba le bantsi, jaaka ba ba se nang sepe mme le fa go ntse jalo [ba] na le dilo tsotlhe.”—2 Bakor. 6:4, 10.
Go Leba Isagwe ka Tsholofelo
Dingwaga di feta 90 tse di fetileng, Alfred Joseph le Leonard Blackman ba ne ba bega gore masimo a Sierra Leone a ne a le “masweu go ka rojwa.” (Joh. 4:35) Mo e ka nnang dingwaga di le 35 moragonyana, Manuel Diogo o ne a kwala jaana a le kwa Guinea, “Go na le batho ba bantsi ba ba kgatlhegang mono.” Gompieno batlhanka ba ga Jehofa mo dinageng tseno ka bobedi ba tlhatswegile pelo gore batho ba bangwe ba le bantsi ba sa ntse ba tla amogela dikgang tse di molemo.
Ka 2012, batho ba ba neng ba tla Segopotsong kwa Guinea ba ne ba le 3 479, e leng palo e e fetang palogotlhe ya baboledi ba *
mo nageng eno e menagane makgetlo a le manè le halofo. Baboledi ba le 2 030 mo Sierra Leone ba ile ba nna le batho ba le 7 854 ba ba ileng ba tla Segopotsong, mo e ka nnang palo ya baboledi ba koo e menagane makgetlo a le manè. Mongwe yo o sa bolong go direla Jehofa yo o neng a le gone mo maitseboeng ao a Segopotso e ne e le mmulatsela yo o kgethegileng e bong Winifred Remmie wa dingwaga di le 93. Ene le monna wa gagwe e bong Lichfield, ba gorogile kwa Sierra Leone ka 1963. E ne e sa ntse e le mmulatsela yo o kgethegileng, morago ga dingwaga di le 60 a le mo tirelong ya nako e e tletseng. Winifred o ne a re: “Ke mang yo o neng a ka akanya gore nako nngwe Sierra Leone e ne e tla bo e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi jaana ba ba nonofileng semoyeng. Le fa ke tsofetse, ke sa ntse ke batla go tsenya letsogo mo koketsegong eno e e itumedisang.”Basupi ba ga Jehofa kwa Sierra Leone le Guinea ba ikutlwa ka tsela e Winifred a neng a ikutlwa ka yone. Fela jaaka ditlhare tse di goletseng kwa godimo tse di nosediwang sentle, ba ititeile sehuba gore ba tswelele ba ungwa gore ba bake Jehofa. (Pes. 1:3) Jehofa o ba naya maatla a go tswelela ba itsise batho ka tsholofelo ya kgololesego ya mmatota—“kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.
^ ser. 16 Winifred Remmie o tlhokafetse fa pego eno e ne e sa ntse e rulaganngwa.