Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 2)

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 2)

Go Tlotla Mpho ya Modimo ya Lenyalo

Fa William Nushy a simolola tirelo ya gagwe o ne a lemoga gore baboledi bangwe ba ne ba sa tshele go dumalana le molao wa ga Jehofa malebana le lenyalo. Banyalani bangwe ba ne ba le mo manyalong a setso, ba nna e le monna le mosadi mme ba sa kwadisa manyalo a bone le balaodi ba puso. Ba bangwe ba ne ba latela tlwaelo ya mo lefelong leo ya go se nyalane go fitlha mosadi a ima, ka go dira jalo ba tlhomamisa gore ba tla nna le bana mo lenyalong la bone.

Ka jalo, ka Motsheganong 1953, ofisi ya lekala e ne ya kwalela phuthego nngwe le nngwe e tlhalosa sentle molao wa Baebele malebana le lenyalo. (Gen. 2:24; Bar. 13:1; Baheb. 13:4) Batho ba ba neng ba nna mmogo ba sa nyalana ba ne ba fiwa tshono ya gore ba kwadise manyalo a bone semolao. Fa ba sa dire jalo, ba ne ba tla tlosiwa mo phuthegong.—1 Bakor. 5:11, 13.

Bontsi jwa baboledi ba ne ba itumelela phetogo eno. Mme ba bangwe bone ba ne ba akanya gore melao eno e ne e sa tlhokege. Palo e e fetang halofo ya baboledi mo diphuthegong di le pedi ba ne ba tlogela go kopanela le phuthego ya ga Jehofa. Mme ba ba neng ba nna ba ikanyega ba ne ba oketsa tiro ya bone, e leng se se neng se bontsha sentle gore Jehofa o ne a ba segofatsa.

Morago ga gore bakaulengwe ba dire maiteko a magolo, Holo ya Bogosi ya kwa Freetown e ne ya tsewa e le lefelo le le siametseng go kwadisa manyalo. Ka Lwetse 3, 1954, bakaulengwe ba ne ba kwadisa lenyalo la bone la ntlha le le kafa molaong. Moragonyana, puso e ne ya naya bakaulengwe ba ba tshwanelegang mo dikgaolong di le supa mo nageng eo yotlhe tshiamelo ya go kwadisa manyalo. Seno se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba kwadise manyalo a bone semolao le gore ba tshwanelegele go nna baboledi ba dikgang tse di molemo.

Lenyalo kwa Holong ya Bogosi

Batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ba neng ba nyetse lefufa le bone ba ne ba tsaya dikgato go dumalanya matshelo a bone le melao ya Modimo. Samuel Cooper, yo jaanong a nnang kwa Bonthe a re: “Ke ne ka simolola go ya dipokanong le basadi ba me ba babedi ka 1957 mme go ise go ye kae ka ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Letsatsi lengwe ke ne ka newa puo e e neng e bua ka manyalo a Bokeresete. Fa ke ntse ke dira dipatlisiso ke ipaakanyetsa puo eo, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tsamaisa mosadi wa me wa bobedi. Fa ke bolelela ba masika a me, botlhe ba ne ba nkganetsa. Mosadi wa me wa bobedi o ne a ntsholetse ngwana fa wa ntlha ene e ne e le moopa. Mme ke ne ke dirile tshwetso gore ke tla tshela go ya ka melaometheo ya Baebele. Se se nkgakgamaditseng thata ke gore fa mosadi wa me wa bobedi a sena go boela kwa gabone, mosadi wa me wa ntlha o ne a simolola go tshola bana. Jaanong ke na le bana ba le batlhano le mosadi wa me yo e kileng ya bo e le moopa.”

Fa motho yo mongwe yo o kgatlhegang e bong Honoré Kamano, yo o neng a nna ka kwa ga molelwane kwa Guinea a ne a tsamaisa mosadi wa gagwe wa bobedi le wa boraro, mosadi wa gagwe wa ntlha o ne a anaanela kgato e a e tsereng mme a simolola go tsaya boammaaruri masisi go feta pele. Le fa mongwe wa basadi ba a ba tsamaisitseng a ne a utlwile botlhoko ka gonne a tsamaisitswe, le ene o ne a kgatlhiwa ke tsela e Kamano a tsayang melaometheo ya Baebele masisi ka yone. O ne a kopa go rutiwa Baebele mme moragonyana a ineela mo go Jehofa.

Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata e le batho ba ba tlotlang lenyalo

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata e le batho ba ba tlotlang lenyalo go ralala Sierra Leone le Guinea. Go ikanyega ga bone mo lenyalong go kgabisa dithuto tsa Modimo e bile go a mo galaletsa e re ka e le Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo.—Math. 19:4-6; Tito 2:10.

Kganetsano e Kgolo mo Freetown

Ka 1956, dialogane tse dingwe tse pedi tsa Gileade e bong Charles le Reva Chappell, ba ne ba goroga mo Freetown. Fa ba le mo tseleng e e yang kwa legaeng la barongwa ba ne ba gakgamadiwa ke letshwao le legolo le le neng le itsise ka thero e e theilweng mo Baebeleng kwa Wilberforce Memorial Hall. Charles a re: “Go ne go itsisiwe fa sebui e tla nna C.N.D. Jones, moemedi wa ‘Ecclesia of Jehovah’s Witnesses.’”

Jones, yo o neng a iphaka gore ke mongwe wa batlodiwa, o ne a eteletse pele setlhopha se se neng se ikgaogantse le phuthego kwa Freetown dingwaga di le mmalwa pelenyana. Setlhopha sa gagwe se ne se iphaka gore ke basupi “ba boammaaruri” ba ga Jehofa mme ba re barongwa le ba ba neng ba ema baemedi ba phuthego nokeng ke “batsietsi ba ba boferefere” le “maferefere a Gileade.”

Dilo di ne tsa nna maswe le go feta fa Jones le ba bangwe ba ba neng ba mo ema nokeng ba ne ba kgaolwa. Chappell a re: “Kitsiso eno e ne ya gakgamatsa bakaulengwe bangwe ba ba neng ba batla gore baganetsi ba se ka ba kgalemelwa. Ba le mmalwa ba ne ba bua phatlalatsa gore ga ba a itumelela kgato e e tserweng. Bone le ba bangwe ba ne ba tswelela ba dirisana le batsuolodi mme ba leka go kgoreletsa dipokano le dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo. Bangongoregi ba ne ba nna mmogo kwa dipokanong mo karolong e e neng e bidiwa mola wa baganetsi. Kgabagare bontsi jwa bone ba ne ba tlogela boammaaruri. Mme bangwe ba ne ba boa ba nonofa semoyeng mme ba nna baboledi ba ba tlhagafetseng.”

E re ka bontsi bo ne jwa nna bo ikanyega, seo se ne sa dira gore moya wa Modimo o dire ka thelelo. Fa molebedi yo o etelang makala e bong Harry Arnott a ne a etela Freetown mo ngwageng o o latelang, o ne a bega jaana: “Eno ke koketsego ya ntlha e kgolo e re nnileng le yone mo Sierra Leone mo dingwageng di le mmalwa. Seno se dira gore re nne le tsholofelo ya gore go tla nna le koketsego mo isagweng.”

Go Ruta Ba-Kisi

Moragonyana fela ga loeto lwa ga Mokaulengwe Arnott, Charles Chappell o ne a amogela lekwalo le le tswang go mokaulengwe mongwe kwa nageng ya boagisani e leng Liberia. Mokaulengwe yono o ne a batla go simolola tiro ya go rerela ba masika a gagwe kwa Sierra Leone. E ne e le wa morafe wa Ba-Kisi, o o neng o nna mo dithabeng tse di sekgwa le mo mekgatšheng e e mo makopanelong a Sierra Leone, Liberia le Guinea. Go ne go lebega batho ba le bantsi ba Ba-Kisi ba ne ba batla go tlhaloganya Baebele.

E re ka bontsi jwa Ba-Kisi ba ne ba sa itse go bala le go kwala, go ne ga rulaganngwa gore go tshwarwe ditlelase tsa go ruta batho go bala le go kwala kwa Koindu gore ba kgone go rutiwa dithuto tsa motheo tsa Baebele. Go ne ga tla baithuti ba le makgolokgolo mo ditlelaseng tseno. Charles a re: “Go ise go ye kae setlhopha seno se ne se na le baboledi ba basha ba le 5, go tswa foo ba le 10, go tswa foo ba le 15, go tswa foo ba le 20. Batho ba ne ba tla mo boammaaruring ka bonako thata jaana mo ke neng ke belaela gore a tota ke baboledi ba mmatota. Mme ke ne ke fositse. Bontsi jwa bone ba ne ba ikanyega e bile ba tlhagafetse!”

Go ise go ye kae, baboledi ba basha ba ba tlhagafetseng ba ne ba anamisa dikgang tse di molemo go fitlha ka kwa ga Koindu mme kgabagare le go fitlha kwa nageng e e gaufi ya Guinea. Ba ne ba tsamaya go ralala naga e e dithota ba rera mo masimong le mo metseng. Eleazar Onwudiwe yo e neng e le molebedi wa potologo ka nako eo a re: “Go ne go feta dibeke, fa gongwe le dikgwedi re sa utlwe modumo wa koloi.”

Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba Ba-Kisi ba ntse ba anamisa peo ya Bogosi le go e nosetsa, Modimo o ne a e godisa. (1 Bakor. 3:7) Fa lekawana lengwe le le foufetseng le ne le utlwa boammaaruri, le ne la tshwara bukana ya ditsebe tse 32 ya “Mahoko a a Molemō a, a Bogosi” ka tlhogo. Moragonyana o ne a kgona go gopola serapa sengwe le sengwe se a se batlang fa a ntse a rera le fa a tshwaretse batho ba a ithutang le bone thuto ya Baebele. Seno se ne sa gakgamatsa batho ba ba neng ba mmona a dira jalo. Mosadi mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a amogela boammaaruri mme a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong mo mogadibo wa gagwe a neng a simolola go ya dipokanong, a tsamaya dikilometara di feta lesome go ya koo.

Tiro ya go rera mo morafeng wa Ba-Kisi e ne ya gola ka lobelo lo lo gakgamatsang. Go ne ga tlhomiwa phuthego e nngwe, mme morago ga moo ga tlhomiwa e nngwe gape. Baboledi ba ka nna 30 ba ne ba nna babulatsela. Kgosi ya motse wa Koindu e ne ya simolola go kgatlhegela boammaaruri mme ya ntsha moneelo wa setsha gore go agiwe Holo ya Bogosi. Fa batho ba feta 500 ba ne ba nna gone kwa kopanong ya potologo kwa Kailahun, le koo gape go ne ga tlhomiwa phuthego. Moragonyana fela ga moo, halofo ya Basupi kwa Sierra Leone e ne e le Ba-Kisi, le fa palo ya batho ba morafe ono e ne e le kwa tlase ga diperesente di le pedi tsa batho ba naga eno.

Koketsego eno ga e a ka ya itumedisa batho botlhe, segolobogolo baeteledipele ba bodumedi ba Ba-Kisi. E re ka ba ne ba tletse lefufa, ba ne ba ititaya sehuba gore ba fedise batho bano ba ba sa ikobeleng taolo ya bone. Potso e ne e le gore, Ba ne ba tla dira seno jang le gone leng?