Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 3)

1945-1990 ‘Go Tlisa Bontsi Kwa Tshiamong’—Dan.12:3. (Karolo 3)

Go Lebana le Ba-Poro

Tlhaselo ya ntlha e ne ya direga mo motseng o o gaufi le Koindu kwa go neng go na le setlhopha sa banna ba ba neng ba ithuta Baebele gone e bile ba tla dipokanong ka metlha. Fela jaaka bontsi jwa banna ba Ba-Kisi, banna bano ba ne ba le mo mokgatlhong wa sephiri wa Ba-Poro o o tseneletseng thata mo bodimoneng. James Mensah, morongwa yo le ene a kileng a direla kwa Sierra Leone, mme a thapisitswe kwa Gileade, o tlhalosa jaana: “Fa baithuti ba Baebele ba ne ba gana go nna le seabe mo meetlong ya bodimona, kgosana ya Ba-Poro e ne ya galefa fela thata. Yone le batho ba ba neng ba e ema nokeng ba ne ba itaya banna bano, ba ba utswela dithoto, ba fisa magae a bone, ba ba bofa ka dikeetane mme ba ba tlogela mo sekgweng gore ba bolawe ke tlala. Kgosikgolo le yone e ne ya tlhotlheletsa Ba-Poro gore ba tswelele ka se ba neng ba se dira. Le fa baithuti ba Baebele ba ne ba sotliwa jalo, ba ne ba ema ba nitame.”

Fa bakaulengwe ba kwa Koindu ba ne ba begela mapodise ka kgang eno, kgosana ya Ba-Poro, ditsala tsa yone le kgosikgolo ba ne ba tshwarwa. Ba ne ba sekisiwa le go otlhaiwa mo go botlhoko mme kgosikgolo e ne ya tlosiwa mo setulong ka lobaka lwa mo e ka nnang ngwaga. Go fenya tsheko eno ya semolao go ne ga itsege gongwe le gongwe mme ga dira gore ba bangwe ba basha ba nne pelokgale go simolola go tla dipokanong. Moragonyana, kgosikgolo e ne ya fetoga mme ya simolola go kgatlhegela boammaaruri. Fa go ne go tshwarwa kopano ya potologo mo lefelong la gagwe, o ne a naya batlakopanong ba ba neng ba etile marobalo a bo a ntsha moneelo wa kgomo e e nonneng.

Baeteledipele ba bangwe ba Ba-Poro ba ne ba leka leano le lengwe la go ba tlhasela—ba dirisa boferefere go “rera mathata ka taelo.” (Pes. 94:20) Baeteledipele ba dipolotiki ba Ba-Poro ba ne ba ntsha kakantsho kwa Palamenteng ya gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibelwe. Charles Chappell a re: “Le fa go ntse jalo, kgosikgolo e ne ya re buelela, ya bolelela batho ba ba neng ba phuthegile moo gore e ne e na le dingwaga di le pedi e ithuta Baebele le rona. O ne a re phuthego ya rona ga e amane ka gope le dipolotiki le gore e ruta batho e bile e ba thusa go tokafatsa maitsholo a bone. Go tswa foo o ne a re o solofela gore letsatsi lengwe le ene o tla nna mongwe wa rona. Fa leloko le lengwe la Palamente, le le lone le kileng la ithuta le ne le mo ema nokeng, kakantsho eo e ne ya kgaphelwa kwa thoko.”

Ba ne ba sotla ba re, “Modimo o tla go fa dijo!”

Batho ba ba neng ba tlogela mekgatlho ya sephiri ba ne ba bogisiwa setlhogo ke ba malapa a bone. Jonathan Sellu, mosha yo o tswang kwa Koindu, o ne a na le borraagwemogologolwane go fitlha kwa kokomaneng ya bonè ba e neng e le baperesiti ba bodumedi jwa juju. O ne a thapisiwa gore le ene a dire tiro eno fa a gola. Fa a simolola go ithuta Baebele, o ne a tlogela meetlo le ditlhabelo tsa bodimona. Ba lelapa la gaabo ba ne ba mo ganetsa botlhoko, ba mo tlogedisa sekolo ba bo ba mo tima dijo fa a ya dipokanong tsa Bokeresete. Ba ne ba mo sotla ba re: “Modimo o tla go fa dijo!” Mme Jonathan o ne a ema a nitame. Ga a ka a bolawa ke tlala. O ne a ithuta go bala le go kwala mme moragonyana o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Jonathan o ne a itumelela go bona mmaagwe a amogela boammaaruri.

Koketsego mo Dikarolong Tse Dingwe Tsa Naga

Ka 1960, go ne go na le diphuthego le ditlhopha tse di kwa thoko kwa Bo, Freetown, Kissy, Koindu, Lunsar, Magburaka, Makeni, Moyamba, Port Loko, Waterloo le go fitlha kwa Kabala e e kwa kgakala kwa bokone. Ka ngwaga oo, palo ya baboledi e ne ya tlhatloga go tswa go 182 go ya go 282. Babulatsela ba ba kgethegileng ba le bantsi go tswa kwa Ghana le Nigeria ba ne ba goroga go tla go nonotsha diphuthego tseo tse di neng di gola.

Bontsi jwa batho ba basha ba ne ba tswa mo ditlhopheng tse pedi: Ba-Krio ba ba neng ba nna kwa Freetown le Ba-Kisi ba ba neng ba nna kwa Porofenseng ya Botlhaba. Mme fa dikgang tse di molemo di ntse di anama, merafe e mengwe le yone e ne ya simolola go di amogela. Merafe eno e ne e akaretsa Ba-Kuranko, Ba-Limba, Ba-Temne kwa bokone; Ba-Mende kwa borwa; le ditso tse dingwe.

Ka 1961, Phuthego ya Freetown East e ne ya neela Holo ya yone ya Bogosi. Go tswa foo Phuthego ya Koindu e ne ya neela Holo ya Bogosi ya ditena tsa mmu e e kgonang go tsenya batho ba le 300, e gape e neng e dirisiwa e le Holo ya Dikopano. Go ise go ye kae morago ga moo, bagolwane ba le 40 ba ne ba thapisiwa kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi—e le sa ntlha kwa Sierra Leone. Se sengwe gape se se neng sa direga mo ngwageng oo o o tlhomologileng ke gore bakaulengwe ba ne ba tswa letsholo le le neng la atlega la go tsamaisetsa batho Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo.

Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi mo Sierra Leone, 1961. William Nushy (Mola o o kwa morago, fa gare), Charles Chappell (mola o o fa gare, wa bobedi go tswa ka fa mojeng), le Reva Chappell (mola o o fa pele, wa boraro go tswa ka fa mojeng)

Go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe. Ka Phukwi 28, 1962, International Bible Students Association (Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba), e leng mokgatlho o o kafa molaong o o neng o dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi, o ne wa kwadisiwa semolao mo pusong ya Sierra Leone.

Go Bulega Tshono Kwa Guinea

Mma jaanong re bue ka naga e e fa gaufi e leng Guinea (e pele e neng e bidiwa French Guinea). Pele ga 1958, bakaulengwe ba se kae ba ne ba kile ba rera ka nakwana fa ba feta go ralala naga eno, mme balaodi ba Fora, ba naga eno e neng e le kolone ya bone, ba ne ba ganetsa tiro ya rona. Le fa go ntse jalo, ka 1958 tshono e ne ya bulega—Guinea e ne ya tswa ka fa tlase ga puso ya Fora mme ya nna naga e e ipusang.

Moragonyana mo go one ngwaga oo, Manuel Diogo, mokaulengwe yo o buang Sefora go tswa kwa Dahomey (e jaanong e bidiwang Benin) yo o neng a le mo dingwageng tsa bo30, o ne a simolola go bereka kwa moepong wa bauxite kwa Fria, toropo e e dikilometara di ka nna 80 kwa bokone jwa motsemoshate, Conakry. E re ka Manuel a ne a tlhoafaletse go rera mo tshimong eno e e neng e ise e kgongwe, o ne a kwalela lekala la kwa Fora a kopa dikgatiso le thuso ya babulatsela ba ba kgethegileng. Lekwalo la gagwe le ne la konela jaana: “Ke rapelela gore Jehofa a segofatse tiro eno ka gonne go na le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang mono.”

Lekala la kwa Fora le ne la kwalela Manuel lekwalo le le kgothatsang la ba la mo rotloetsa gore a nne a ntse a le kwa Guinea lobaka lo a ka lo kgonang. Gape ofisi ya lekala e ne ya rulaganya gore mmulatsela yo o kgethegileng a mo etele gore a mo thapise mo bodireding. Manuel o ne a nonotshiwa ke kgothatso eo mme o ne a rera ka tlhoafalo mo Fria go fitlha a tlhokafala ka 1968.

Fa molebedi yo o etelang makala e bong Wilfred Gooch a etela Conakry ka 1960, o ne a fitlhela bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba Baafrika ba rera koo. Mokaulengwe Gooch o ne a akantsha gore Guinea e okamelwe ke lekala la Sierra Leone go na le ofisi ya lekala e e kwa Fora. Phetogo eno e ne ya direga ka Mopitlwe 1, 1961. Morago fela ga kgwedi, phuthego ya ntlha mo Guinea e ne ya thewa kwa Conakry.

Lesedi la Semoya le Sutlhelela mo Sekgweng sa Pula

Dikgang tse di molemo di ne di anamela le kwa karolong e e kwa borwa ya Guinea. Falla Gbondo, Mo-Kisi yo o neng a nna kwa Liberia, o ne a boela kwa motseng wa gabone, kwa Fodédou, o o dikilometara di ka nna 13 kwa bophirima jwa Guékédou. O ne a tsamaya ka buka ya From Paradise Lost to Paradise Regained. Falla o ne a sa kgone go bala, mme o ne a kgona go tlhalosetsa ba morafe wa gabone ditshwantsho tse di mo bukeng. A re: “Buka eno e ne ya simolola metlotlo e mentsi. Batho ba ne ba e bitsa buka ya Adame le Efa.”

Falla o ne a boela kwa Liberia. O ne a kolobediwa mme kgabagare a nna mmulatsela yo o kgethegileng. O ne a boela kwa Fodédou gabedi mo kgweding a ya go ithuta le setlhopha sa batho ba ka nna 30. Go ise go ye kae Borbor Seysey, mmulatsela yo mongwe yo o kgethegileng wa Mo-Kisi yo o tswang kwa Liberia o ne a tla go mo thusa. Ba ne ba simolola setlhopha se sengwe mmogo kwa Guékédou. Ditlhopha tseno ka bobedi di ne tsa nna diphuthego.

Fa Ba-Kisi ba le bantsi e nna Basupi, dikgosi tsa metse ya bone di ne tsa lemoga boitsholo jwa bone jo bo molemo. Basupi ba ne ba dira ka natla, ba ikanyega e bile ba rotloetsa kagiso mo metseng ya bone. Ka jalo, fa bakaulengwe ba ne ba kopa tetla ya go aga Holo ya Bogosi kwa Fodédou, dikgosi di ne tsa ba naya setsha sa diheketara di le tharo ntle le go okaoka. Holo eo ya Bogosi—e e neng e le yone ya ntlha kwa Guinea—e ne ya wediwa mo masimologong a 1964.

Dikhuduego mo Conakry

Go ntse go le jalo, go ne go simologa mathata kwa Conakry. Mathata a dipolotiki a ne a dira gore balaodi ba puso ba simolole go belaela batswakwa. Ba ne ba gana go naya barongwa ba le banè ba Gileade di-visa tsa go nna koo mme ba ba laela gore ba tswe mo nageng. Bakaulengwe ba babedi ba kwa Ghana ba ne ba tshwarwa ka ditatofatso tsa maaka mme ba tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi di ka nna pedi.

Fela fa ba sena go gololwa, mongwe wa bakaulengwe bano e bong Emmanuel Awusu-Ansah, o ne a tshwarwa gape mme a tsenngwa mo seleng ya kgolegelo e maemo a yone a sa jeseng diwelang. O ne a kwala mafoko ano a le mo maemong ao a a sa itumediseng: “Ke tsogile sentle semoyeng mme ke na le letshoroma le le sa feleng. Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke kgona go rera. Kgwedi e e fetileng ke ne ka dira diura di le 67 mo tirelong ya tshimo, mme batho ba le babedi ba ke neng ke ithuta Baebele le bone ba ne ba simolola go rera le nna.” Mongwe wa bone o ne a amogela boammaaruri. Morago ga dikgwedi di le tlhano, Mokaulengwe Awusu-Ansah o ne a gololwa mme a isiwa kwa Sierra Leone. Go ne ga sala mmoledi a le mongwe fela kwa Conakry.

Ka 1969, fa mathata a dipolotiki a sena go fokotsega, babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba goroga mo Conakry. Fa ba sena go letlelelwa ke balaodi, ba ne ba aga Holo ya Bogosi e e nang le mokwalo wa Holo ya Bogosi mo go one. Go ise go ye kae batho ba ka nna 30 ba ba kgatlhegang ba ne ba nna gone kwa dipokanong ka metlha.

E re ka go ne go le kotsi, kwa tshimologong bakaulengwe ba ne ba nna kelotlhoko fa ba rera. Mme fa ba ntse ba nna pelokgale, ba ne ba oketsa maiteko a ba neng ba a dira. Ka 1973, phuthego eo e nnye e ne e tsamaisitse dipampitshana di le 6 000. Moragonyana baboledi ba ne ba simolola go tsamaisa dimakasine mo diofising le mo mafelong a kgwebo. Ka iketlo, balaodi ba puso le batho ka kakaretso ba ne ba simolola go tlhaloganya tiro ya rona le go e anaanela. Ka Sedimonthole 15, 1993, bopelotelele le boitshoko jono bo ne jwa felela ka go kwadisiwa kafa molaong ga Christian Association of Jehovah’s Witnesses of Guinea.