Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Monna wa Di-Watchtower

James Koroma

Monna wa Di-Watchtower
  • O TSHOTSWE KA 1966

  • O KOLOBEDITSWE KA 1990

  • DINTLHA KA GA GAGWE O ne a tsamaisa dithoto ka nako ya ntwa ya selegae.

KA 1997, fa masole a batsuolodi le a puso a ne a lwantshana kwa Freetown, ke ne ka ithaopela go tsamaisa poso go tswa Freetown go ya kwa ofising ya lekala ya nakwana kwa Conakry, Guinea.

Ke ne ka palama bese le setlhopha sengwe sa banna kwa maemelong a dibese kwa toropong. Re ne ra utlwa modumo wa ditlhobolo go tswa kgakajana mme ra tsenwa ke tsebetsebe. Fa re ntse re tsamaya go ralala mebila ya toropo, go ne ga utlwala modumo wa ditlhobolo fa thoko ga rona. Mokgweetsi wa rona o ne a boela morago mme a tsaya tsela e nngwe. Ka bonako fela morago ga moo, re ne ra emisiwa ke setlhopha sa batsuolodi ba ba neng ba tshotse ditlhobolo mme ba re laela gore re tswe mo beseng. Fa ba fetsa go re botsolotsa, ba ne ba re letla gore re fete. Moragonyana re ne ra emisiwa ke setlhopha se sengwe sa masole. E re ka mongwe yo o neng a na le rona mo beseng a ne a itse molaodi wa bone, le bone ba ne ba re letla re feta. Go ela kwa bofelong jwa toropo, re ne ra kopana le setlhopha sa boraro sa batsuolodi ba ba neng ba re botsolotsa mme ba re laela gore re fete. Fa re ntse re ela ntlheng ya bokone, re ne ra feta mafelo a mangwe a mantsi a go phuruphudiwang mo go one go fitlha bese ya rona e e dithole e tsena mo Conakry ka lotlatlana.

Mo maetong a a latelang morago ga moo, ke ne ka tsamaya ke tshwere dibokose tsa dikgatiso, dilwana tsa mo ofising, direkoto tsa lekala le dilwana tsa namolo. Gantsi ke ne ke tsamaya ka koloi kgotsa khombi. Mme gape ke ne ke kopa batho ba ba rwalang dithoto le mekoro go tsamaisa dikgatiso go ralala dikgwa tsa pula le go kgabaganya dinoka.

Nako nngwe fa ke ne ke isa dithoto go tswa kwa Freetown go ya kwa Conakry, khombi e ke neng ke tsamaya ka yone e ne ya emisiwa ke masole a batsuolodi mo molelwaneng. Mongwe wa bone o ne a bona dithoto tsa me mme a simolola go mpotsolotsa a tletse dipelaelo. Ka yone nako eo ke ne ka bona mongwe yo nkileng ka tsena sekolo le ene a le mo gare ga batsuolodi. Masole a ne a mmitsa Roughneck, mme e ne e le ene lesole le le lebegang le le bogale go feta a mangwe foo. Ke ne ka bolelela motho yo o neng a mpotsa dipotso gore ke tlile go bona Roughneck, mme ka tlhaeletsa ka mmitsa. Roughneck o ne a ntemoga ka bonako mme a tabogela kwa go nna. Re ne ra tlamparelana re bo re tshega. Go tswa foo o ne a gona sefatlhego.

O ne a mpotsa jaana: “A go na le mathata?”

Ke ne ka mo raya ka re: “Ke leka go kgabaganyetsa kwa Guinea.”

Ka bonako fela o ne a laela masole gore a letlelele khombi ya rona gore e fete mo lefelong le go phuruphudiwang mo go lone e sa tlhatlhobiwa.

Go tloga ka letsatsi leo go ya pele, nako le nako fa re fitlha mo lefelong leo le go phuruphudiwang mo go lone, Roughneck o ne a laela masole gore a ntlogele ke fete. Ke ne ka naya masole dingwe tsa dimakasine tsa rona mme ba ne ba di itumelela fela thata. Go ise go ye kae ba ne ba mpitsa Monna wa Di-Watchtower.