Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SIERRA LEONE LE GUINEA

Tlhaloso e Khutshwane ka Sierra Leone le Guinea

Tlhaloso e Khutshwane ka Sierra Leone le Guinea

Naga Dinaga tseno ka bobedi di na le ditsobotla tse di fa losing lwa lewatle, dipoa tse di se nang ditlhare tse dintsi, dinaga tse di setlhaba tse di lemilweng le dithaba tse di goletseng kwa godimo go ela kwa gare ga naga. Guinea ke naga e dinoka tse dikgolo tse tharo tsa Afrika Bophirima di simololang kwa go yone—Gambia, Niger le Senegal.

Batho Ba-Mende le Ba-Temne ke yone merafe e megolo go gaisa mo merafeng e le 18 e e tlholegang kwa Sierra Leone. Bontsi jwa Ba-Krio—ditlogolwana tsa makgoba a a golotsweng a Baafrika—ba nna mo Freetown. Guinea e na le merafe e e farologaneng e feta 30 mme e megolo go gaisa ke Ba-Fulani, Ba-Mandingo le Ba-Susu. *

Bodumedi Diperesente di ka nna 60 tsa baagi ba kwa Sierra Leone ke Bamoseleme; mme ba ba setseng, bontsi jwa bone ba ipolela fa e le Bakeresete. Mo e batlang e le diperesente di le 90 tsa batho ba kwa Guinea ke Bamoseleme. Gape bontsi jwa batho ba dinaga tseno tse pedi ba mo madumeding a ditso tsa Seafrika.

Puo Morafe mongwe le mongwe o na le puo ya one. Se-Krio ke puo e e dirisiwang ke batho ba merafe e e farologaneng ya kwa Sierra Leone mme e kopantse Seesemane, dipuo tsa kwa Yuropa le tsa mo Afrika. Sefora ke puo ya semolao ya kwa Guinea. Mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa batho ba kwa dinageng tseno ka bobedi ga ba itse go bala le go kwala.

Tsela ya go Itshedisa Bontsi jwa batho ba lema fela dijo tse di lekaneng bone le ba malapa a bone. Mo e ka nnang halofo ya lotseno lwa Sierra Leone lwa dilwana tse di rekisediwang dinaga tse dingwe lo tswa mo diteemaneng tsa alluvium. Guinea ke nngwe ya dinaga tse di nang le bauxite e ntsi go gaisa mo lefatsheng.

Dijo Go tlwaelegile gore motho a re, “Fa ke sa ja raese ga ke ise ke je!” Fufu, e e leng cassava e e bedisitsweng e bo e silwa go nna tege e e ngaparelang, gantsi e jewa ka nama, morogo wa okra le sopo e e botšarara.

Tlelaemete Go mogote e bile go bongola mo mafelong a a fa lotshitshing. Go tsiditsana kwa mafelong a a mo dithabeng. Ka paka ya harmattan, ya fa dipula di sa ne, phefo e e phaphalatsang ya Sahara e foka malatsi ka go tlhomagana, e dira gore go nne tsididi mme e apesa kgaolo eo ka lorole.

^ ser. 4 Merafe mengwe e bidiwa ka maina a le mmalwa.

 

SIERRA LEONE

GUINEA

NAGA (disekwerekilometara)

71 740

245 857

PALO YA BAAGI

6 092 000

11 745 000

BABOLEDI KA 2013

2 039

748

MMOLEDI A LE 1 GO BAAGI BA LE

2 988

15 702

BA BA TLILENG SEGOPOTSONG KA 2013

8 297

3 609