Fetela kwa tshedimosetsong

Tsela e ba Bangwe ba Neng ba Apara le go Ipaakanya ka Yone e ne e Nkgopisa

Tsela e ba Bangwe ba Neng ba Apara le go Ipaakanya ka Yone e ne e Nkgopisa

Tsela e ba Bangwe ba Neng ba Apara le go Ipaakanya ka Yone e ne e Nkgopisa

JAAKA GO BOLETSE EILEEN BRUMBAUGH

KE GODISITSWE ka thulaganyo ya bogologolo ya bodumedi jwa German Baptist Brethren, jo bo tshwanang le bodumedi jwa Ba-Aman le Ba-Meno. Mokgatlho wa Brethren o simologile jwa Jeremane ka 1708 e le karolo ya thulaganyo ya go tsosolosa batho gore ba itse Modimo, e e bidiwang Pietism. The Encyclopedia of Religion ya re, mokgatlho wa Pietism o ne o itsege thata ka “maloko a one a a neng a tlhatswegile pelo gore batho ba tlhoka go itse efangele ya ga Keresete.” Boikutlo joo bo ne jwa tlhotlheletsa mokgatlho ono gore o simolole matsholo a barongwa mo dinageng tse di farologaneng.

Ka 1719, setlhopha se sennye se se neng se eteletswe pele ke Alexander Mack, se ne sa tla mo karolong e gone jaanong e bidiwang Pennsylvania kwa United States. Go tloga ka nako eo, go ne ga tlhomiwa ditlhopha tse dingwe mme di ne di nna di kgaogana. Setlhopha sengwe le sengwe se ne se latela tsela e se tlhalosang dithuto tsa ga Alexander Mack ka yone. Kereke ya rona e nnye e ne e na le maloko a ka nna 50. Go ne go gatelelwa gore maloko a kereke a bale Baebele le go latela ditshwetso tse di dirilweng ke ba ba eteletseng pele.

Dikokomana di ka nna tharo tsa lelapa la rona di ne di le mo bodumeding jono e bile di ne di tshela ka tsela eno. Ke ne ka nna leloko la kereke ka bo ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 13. Fa ke gola, ke ne ke rutilwe gore go phoso go dirisa kgotsa go nna le koloi, terekere, founo, tota le radio kgotsa sedirisiwa sepe fela se se dirisang motlakase. Basadi ba kereke ya rona ba ne ba sa apare diaparo tsa magasigasi, mme re ne re sa beole meriri e bile re ne re nna re rwele mo tlhogong ka dinako tsotlhe. Banna bone ba ne ba godisa ditedu. Re ne re akanya gore go sa nne karolo ya lefatshe go ne go akaretsa go sa apare diaparo tsa feshene, go sa dirise makeup kgotsa dibenyane, ka gonne re ne re akanya gore dilo tseno di bontsha gore motho o a ikgogomosa.

Re ne re rutilwe go tlotla Baebele fela thata ka gonne re ne re e tsaya e le dijo tsa rona tsa tshwantshetso. Moso mongwe le mongwe pele re ja, re ne re phuthegela kwa phaposing ya bonno re bo re reetsa Papa a bala kgaolo nngwe go tswa mo Baebeleng mme re bo re akgela ka se re se ithutileng. Go tswa foo, re ne re khubama, Papa a bo a rapela. Morago ga moo, Mama o ne a rapela Thapelo ya Morena. Ka metlha ke ne ke leba pele go nna gone kwa kobamelong eo ya mo mosong, ka gonne lelapa lotlhe le ne le kopana re bo re ithuta ka Modimo.

Re ne re nna mo polasing gaufi le toropo ya Delphi, kwa Indiana, kwa re neng re lema dijo le merogo e e farologaneng gone. Re ne re di pega mo karaking e e gogwang ke pitse, re bo re di rekisa mo mmileng kgotsa ka ntlo le ntlo. Re ne re dumela gore go dira ka natla ke karolo ya go obamela Modimo. Ka jalo, re ne re dira ka natla, ntle le ka sontaga, ka gonne ka letsatsi leo re ne re sa tshwanela go dira ‘tiro epe e e boima.’ Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, lelapa la rona le ne le tshwarega thata ka tiro ya mo polasing mo e leng gore e ne e le kgwetlho go tlhoma mogopolo mo go ithuteng ka Modimo.

Go Nyalwa le go Nna le Lelapa

Ka 1963, fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka nyalwa ke James, yo re neng re tsena kereke mmogo. Ba lelapa la gabone le bone e ne e le maloko a bodumedi jono, go simologa ka borraagwemogologolwane. Roobabedi re ne re eletsa go direla Modimo e bile re ne re dumela gore kereke ya rona e ne e le yone fela ya boammaaruri.

Ka 1975 re ne re na le bana ba le barataro, mme ka 1983 re ne ra tshola ngwana wa bosupa yo e neng e le ene wa bofelo. Ngwana wa rona wa bobedi e bong Rebecca, e ne e le ene fela mosetsana. Re ne re bereka ka natla, re sa dirise madi thata, e bile re tshela botshelo jo bo motlhofo. Re ne re leka go ruta bana ba rona melaometheo ya Baebele e re neng re e ithutile mo batsading ba rona le mo go ba bangwe mo kerekeng.

Batho ba kereke ya Old Brethren ba ne ba tsaya tsela e motho a ipaakanyang ka yone e le botlhokwa thata. Re ne re dumela gore e re ka go se na ope yo o kgonang go bona se se mo pelong, tsela e motho a aparang ka yone e ne e senola se a leng sone mo teng. Ka jalo, fa leloko la kereke le ne le ipaakanya moriri ka tsela e e feteletseng, seo se ne se tsewa e le sesupo sa gore o boikgogomoso. Fa mokgabiso o o mo letseleng la mesese ya bone o ne o le mogolo thata, seo e ne e le letshwao le lengwe la boikgogomoso. Ka dinako tse dingwe, dikgang tseno di ne di lebega di le botlhokwa thata go feta se Dikwalo di se rutang.

Go Isiwa Kgolegelong

Mo bowelong jwa bo 1960, monnawe James yo o bidiwang Jesse, yo le ene a neng a godiseditswe mo bodumeding jwa Old Brethren, o ne a isiwa kgolegelong ka gonne o ne a gana go tsenela bosole. Fa a le koo, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, ba le bone ba neng ba dumela gore go nna le seabe mo ntweng ga go dumalane le melaometheo ya Baebele. (Isaia 2:4; Mathaio 26:52) Jesse o ne a itumelela go tlotla le Basupi bano ka Baebele, mme o ne a lemoga gore ke batho ba ba molemo. Fa a sena go ithuta Baebele mo go oketsegileng, o ne a kolobediwa gore a nne Mosupi wa ga Jehofa, mme re ne re sa itumelela seo.

Jesse o ne a bua le monna wa me ka dilo tse a di ithutileng. Gape o ne a dira dithulaganyo tsa gore James a amogele makasine wa Tora ya Tebele le Tsogang! ka metlha. Fa James a ntse a bala dimakasine tseno, o ne a kgatlhegela Baebele le go feta. E re ka a ne a sa bolo go eletsa go direla Modimo, mme gone a ikutlwa a sa atamalana le ene, o ne a kgatlhegela sepe fela se se neng se ka mo thusa go atamalana le Modimo.

Bagolwane ba kereke ya rona ba ne ba re kgothaletsa go bala dimakasine tsa bodumedi jwa Ba-Aman le Ba-Meno le tsa dikereke tse dingwe tsa Old Brethren, le fa gone re ne re tsaya dikereke tseo e le karolo ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, rre o ne a sa rate Basupi gotlhelele. O ne a sa batle re bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ka jalo, ke ne ke sa itumela fa ke bona James a di bala. Ke ne ke tshaba gore o tla ithuta dithuto tsa maaka.

Le fa go ntse jalo, James o ne a sa bolo go ipotsa dipotso ka dithuto dingwe tsa kereke ya Old Brethren, tse a neng a akanya gore ga di dumalane le se Baebele e se rutang, segolobogolo thuto ya gore ke boleo go dira “tiro e e boima” ka Sontaga. Ka sekai, ba ne ba ruta gore o ka nna wa siela diphologolo tsa gago metsi ka Sontaga, mme gone ga o a tshwanela go kumola mofero. Bagolwane ba kereke ba ne ba sa kgone go mmontsha gore molao oo o fa kae mo Baebeleng. Fa nako e ntse e ya, le nna ke ne ka simolola go belaela dithuto tseo.

Go ne go le thata go tlogela kereke ya Old Brethren, ka gonne re ne re sa bolo go dumela gore ke yone kereke ya Modimo, e bile re ne re lemoga gore re tla diragalelwa ke eng fa re e tlogela. Le fa go ntse jalo, digakolodi tsa rona di ne di sa tlhole di re letla gore re tswelele re le mo bodumeding jo re neng re itse gore ga bo dumalane le se Baebele e se rutang. Ka jalo, ka 1983 re ne ra kwala lekwalo re tlhalosa mabaka a go bo re tlogela kereke mme re ne ra kopa gore lekwalo leo le balelwe phuthego. Re ne ra kgaolwa mo kerekeng.

Letsholo la go Batla Bodumedi Jwa Boammaaruri

Morago ga moo, re ne ra tswa letsholo la go batla bodumedi jwa boammaaruri. Re ne re batla bodumedi jo maloko a jone a neng a dira dilo tse a neng a di ruta batho ba bangwe. Re ne ra simolola ka go kgaphela kwa thoko bodumedi bope fela jo bo neng bo nna le seabe mo ntweng. Re ne re sa ntse re kgatlhegela dikereke tse maloko a tsone a tshelang botshelo “jo bo motlhofo,” ka gonne re ne re akanya gore go tshela botshelo jo bo motlhofo le go apara diaparo tse di seng magasigasi, go ne go bontsha gore bodumedi joo ga se karolo ya lefatshe. Go simologa ka 1983 go fitlha ka 1985, re ne ra tsamaya mo United States yotlhe re sekaseka dikereke ka go latelana, tsa Ba-Meno, tsa Mokgatlho wa ditsala (Quakers), le dikereke tse dingwe tse maloko a tsone a tshelang botshelo “jo bo motlhofo.”

Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba re etela kwa polasing ya rona, gaufi le toropo ya Camden, kwa Indiana. Re ne re ba reetsa, mme gone re ne re ba kopa gore ba dirise Baebele ya King James. Ke ne ke rata boikemisetso jwa Basupi jwa go sa nne le seabe mo ntweng. Le fa go ntse jalo, go ne go le thata gore ke ba reetse ka gonne fa e le gore ba ne ba sa bone botlhokwa jwa go tila go nna karolo ya lefatshe ka go sa apare diaparo tsa magasigasi, ba ne ba ka se nne bone bodumedi jwa boammaaruri. Ke ne ke akanya gore boikgogomoso bo ne bo dira gore batho ba apare ka tsela e e farologaneng le tsela e re neng re apara ka yone. Ke ne ke dumela gore dithoto di dira gore motho a ikgogomose.

James o ne a simolola go ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, a tsamaya le basimane ba rona ba bangwe. Seo se ne se ntena tota. O ne a nna a nkopa gore ke tsamaye le ene, mme ke ne ke gana. Letsatsi lengwe o ne a nthaya a re, “Tota le fa o sa dumalane le dithuto tsa bone tsotlhe, tsamaya fela o ye go iponela gore ba tshwarana jang.” O ne a kgatlhiwa thata ke tsela e ba tshwaranang ka yone.

La bofelo, ke ne ka swetsa ka gore ke tsamaye le bone mme ke ne ke le kelotlhoko thata. Ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi ke apere mosese wa me o e seng wa magasigasi e bile ke rwele tuku. Bana ba bangwe ba rona ba ne ba sa rwala ditlhako, e bile diaparo tsa bone le tsone e ne e se tsa magasigasi. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba tla mo go rona e bile ba dirisana le rona ka lorato. Ke ne ka re, ‘Re farologane le bone, mme ba a re amogela.’

Ke ne ke rata tsela e ba neng ba rata batho ka yone, le fa go ntse jalo, ke ne ke ikemiseditse gore ke a go bogela fela. Ke ne ke sa eme fa go opelwa e bile ke sa opele dipina tsa bone. Morago ga dipokano ke ne ka ba botsa dipotso tse dintsintsi, ke ba botsa ka dilo tse ke neng ke akanya gore ga ba di dire sentle kgotsa gore temana nngwe e kaya eng. Tota le fa ke ne ke sa bue le bone sentle, mongwe le mongwe wa bone o ne a bontsha gore o a nkgatlhegela. Gape ke ne ka kgatlhiwa ke gore ke ne ke kgona go botsa batho ba ba farologaneng potso e le nngwe, ba bo ba nkaraba ka tsela e e tshwanang. Ka dinako tse dingwe ba ne ba nkwalela karabo, ke bo ke kgona go bala kgang eo marogonyana, mme seo se ne se nthusa fela thata.

Ka selemo sa 1985, lelapa la rona le ne la ya kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Memphis, Tennessee, re ya go bogela fela. James o ne a sa ntse a na le ditedu e bile re ne re sa ntse re apara diaparo tsa rona tse di seng magasigasi. Ka nako ya boikhutso, batho ba ne ba tla kwa go rona ba re dumedisa. Re ne ra kgatlhiwa ke tsela e ba neng ba re bontsha lorato ka yone le e ba neng ba re amogela ka yone. Gape re ne ra kgatlhiwa ke tsela e ba neng ba utlwana ka yone, ka gonne gongwe le gongwe kwa re neng re ya dipokanong gone, dithuto tsa bone di ne di tshwana.

Tsela e Basupi ba kgatlhegelang batho ka gone, e ne ya tlhotlheletsa James gore a dumele go ithuta Baebele. O ne a tlhatlhoba sengwe le sengwe, a batla go tlhomamisa gore se a se ithutang se boammaaruri. (Ditiro 17:11; 1 Bathesalonika 5:​21) Fa nako e ntse e ya, James o ne a dumela gore o bone boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgone go dira tshwetso. Ke ne ke batla go dira se se siameng, mme gape ke ne ke sa batle “go latela mekgwa ya bosheng” ke bo ke tsewa ke le karolo ya “lefatshe.” Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke dumela go nna gone mo thutong ya Baebele, ke ne ke beile Baebele ya King James Version mo lengoleng le lengwe mme ke beile ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo go le lengwe. Ke ne ke lebelela temana nngwe le nngwe mo di Baebeleng tseno ka bobedi gore ke tlhomamise gore ga ba ntsietse.

Kafa ke Neng ka Tlhatswega Pelo ka Gone

Fa re ntse re ithuta le Basupi, re ne ra ithuta gore Rraarona yo o kwa legodimong ke Modimo a le mongwe, e seng medimo e meraro mo go a le mongwe, le gore ga re na moya o o sa sweng. (Duteronome 6:4; 1 Bakorintha 8:​5, 6) Gape re ne ra ithuta gore dihele ke lebitla le batho botlhe ba yang kwa go lone fa ba swa mme ga se lefelo le batho ba fisiwang mo go lone ka molelo. (Jobe 14:13; Pesalema 16:10; Moreri 9:​5, 10; Ditiro 2:​31) Go ithuta boammaaruri ka dihele e ne e le selo se se kgatlhang tota, ka gonne dikereke tsa Old Brethren di ne di sa dumalane ka bokao jwa lefoko leno.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke ipotsa gore Basupi ba ka nna jang bodumedi jwa boammaaruri ka gonne ke ne ke sa ntse ke akanya gore ke karolo ya lefatshe. Ba ne ba sa tshele botshelo “jo bo motlhofo,” e leng selo se ke neng ke tsaya gore se botlhokwa thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, ke ne ke lemoga gore ba diragatsa taelo ya ga Jesu ya go rerela batho botlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ke ne ke tlhakane tlhogo!​—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Mo nakong eno e e thata, tsela e Basupi ba leng lorato ka yone, e ne ya nthusa gore ke tswelele ka dipatlisiso tsa me. Botlhe mo phuthegong ba ne ba kgatlhegela lelapa la rona. Fa maloko a a farologaneng a phuthego a ntse a re etela, ka dinako tse dingwe ba itira e kete ba tlile go reka mashi le mae, re ne ra simolola go bona gore ruri ke batho ba ba molemo. Le fa gone ba ne ba itse gore re ithuta le Mosupi mongwe, seo se ne se sa ba thibele gore ba re etele. Go na le moo, nako epe fela fa batho ba phuthego ba ne ba le gaufi le kwa gae, ba ne ba re etela. Ruri re ne re tlhoka tshono e e tshwanang le eno gore re kgone go itse Basupi, mme re ne ra lemoga gore ba kgatlhegela batho fela thata e bile ba lorato.

Basupi ba ba neng ba le mo phuthegong e e gaufi le rona, e ne e se bone fela ba ba bontshang gore ba a re kgatlhegela. Fa ke ntse ke lwantshana le kgang eno ya kafa batho ba neng ba ipaakanya le go apara ka gone, Mosupi yo o tswang kwa phuthegong e nngwe yo o bidiwang Kay Briggs o ne a nketela, mme o ne a sa rate go apara diaparo tse di magasigasi e bile o ne a sa itshase makeup. Fa ke na le ene, ke ne ke ikutlwa ke phuthologile e bile ke kgona go tlotla le ene fela ke sa tshabe sepe. Letsatsi lengwe Lewis Flora, yo le ene a goletseng mo bodumeding jo bo tshwanang le jo ke goletseng mo go jone, o ne a nketela. O ne a kgona go bona fela mo sefatlhegong gore go na le sengwe se se ntshwenyang, mme o ne a nkwalela lekwalo la ditsebe tse di lesome, a leka go ntshidila maikutlo. Tsela e mafoko a gagwe a neng a ama pelo ka yone, a ne a dira gore ke lele, mme ke ne ka bala lekwalo leo gantsintsi.

Ke ne ka kopa molebedi wa potologo e bong Mokaulengwe O’Dell, gore a ntlhalosetse Isaia 3:​18-​23 le 1 Petere 3:​3, 4. Ke ne ka mmotsa ka re “A ditemana tseno ga di bontshe gore motho o tshwanetse go tila go apara diaparo tsa magasigasi gore a itumedise Modimo?” O ne a mpotsa a re: “A go phoso go rwala mo tlhogong? A go loga moriri go phoso?” Kwa kerekeng e re neng re e tsena, re ne re loga bana ba basetsana, e bile basadi ba ne ba rwala mo tlhogong. Ke ne ka lemoga gore tsela e dilo di neng di dirwa ka yone kwa kerekeng e ne e ikganetsa, gape ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e molebedi yoo wa potologo a neng a le pelotelele e bile a le bonolo ka yone.

Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go tlhatswega pelo, mme ke ne ke sa ntse ke tshwenngwa ke kgang ya gore basadi ba ne ba kera meriri. Bagolwane ba Bakeresete ba ne ba mpontsha mabaka, ba ntlhalosetsa gore meriri ya basadi ba bangwe ga e kgone go gola e nna meleele, mme ya ba bangwe yone e kgona go nna meleele thata. A mme seno se ne se dira gore moriri wa mosadi yo mongwe o nne botoka go gaisa wa yone mongwe? Gape ba ne ba nthusa go lemoga botlhokwa jwa segakolodi mo dikgannyeng tse di amanang le go apara le go ipaakanya mme ba ne ba nnaya tshedimosetso e nngwe gore ke ye go e bala kwa gae.

Re ne Ra Diragatsa Se re Se Ithutileng

Re ne re batla maungo a a molemo mme re ne ra a bona. Jesu o ile a re: “Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.” (Johane 13:35) Re ne re tlhatswegile pelo gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba nang le lorato lwa mmatota. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, banake ba bagolo e bong Nathan le Rebecca, ba ne ba sa itse gore ba dire eng, ka gonne ba ne ba setse ba amogetse bodumedi jwa Old Brethren e bile ba kolobeditswe mo go jone. La bofelo ba ne ba amiwa pelo ke dithuto tsa Baebele tsa boammaaruri tse re neng re di ba ruta, le ke lorato lo Basupi ba neng ba re bontsha lone.

Ka sekai, Rebecca o ne a sa bolo go eletsa go nna le kamano e e molemo le Modimo. Go ne ga nna motlhofo mo go ene gore a rapele Modimo fa a sena go ithuta gore Modimo ga a bonele pele gore motho o tla itshwara jang kgotsa gore bokamoso jwa gagwe bo tla nna jang. Gape o ne a kgona go atamalana le Modimo fa a sena go ithuta gore Modimo ga se karolo ya Tharonngwe, go na le moo, ke motho wa mmatota yo a ka kgonang go mo etsa. (Baefeso 5:1) E bile o ne a itumetse thata ka gonne o ne a sa tlhole a tlhoka go dirisa mafoko a bogologolo a a tlhagang mo Baebeleng ya King James Version fa a bua le Modimo. Fa a ntse a ithuta ka se Modimo a se lebeletseng malebana le thapelo, gammogo le ka boikaelelo jwa gagwe jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise, o ne a simolola go atamalana thata le Mmopi wa gagwe.​—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:​3, 4.

Ditshiamelo Tse Rotlhe re Nang le Tsone

Nna le James le bana ba rona ba batlhano ba bagolo e bong Nathan, Rebecca, George, Daniel le John, re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa ka selemo sa 1987. Harley o ne a kolobediwa ka 1989, mme Simon ene a kolobediwa ka 1994. Lelapa la rona le sa ntse le tshwaregile ka tiro e Jesu Keresete a laetseng balatedi ba gagwe gore ba e dire, ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.

Barwa ba rona ba batlhano ba bagolo e bong Nathan, George, Daniel, John le Harley gammogo le kgaitsadiabone e bong Rebecca, botlhe ba ile ba direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa U.S. George o sa ntse a direla koo morago ga dingwaga di le 14, mme Simon, yo o feditseng sekolo ka 2001, le ene o sa tswa go simolola go direla kwa ofising ya lekala. Barwa ba rona botlhe ke bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Monna wa me ke mogolwane mo Phuthegong ya Thayer, kwa Missouri, mme nna ke nna ke tshwaregile mo tirong ya go rera.

Gone jaanong re na le ditlogolo di le tharo e bong Jessica, Latisha le Caleb, mme re itumelela go bona batsadi ba bone ba ba ruta go rata Jehofa ba sa ntse ba le bannye. Re itumelela gore Jehofa o re gogetse kwa go ene re le lelapa e bile o re thusitse go lemoga batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe ka lorato lo ba nnang le lone.

Re utlwela botlhoko batho ba ba eletsang go itumedisa Modimo mme gone ba tlhotlheleditswe ke tsela e ba godisitsweng ka yone, go na le go tlhotlhelediwa ke Baebele. Re solofela gore le bone ba tla bona boitumelo jo re nang le jone gone jaanong ka go tsamaya ka ntlo le ntlo, mme re sa tlhole re rekisa dijo le merogo e re neng re e lema, go na le moo, re rera molaetsa wa Bogosi Jwa Modimo e bile re bolelela batho ka dilo tse di itumedisang tse Bogosi joo bo tla di dirang. Matlho a me a gelela dikeledi fa ke akanya ka bopelotelele le lorato lo re le bontshitsweng ke batho ba ba bidiwang ka leina la ga Jehofa!

[Ditshwantsho]

Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna supa, le moragonyana fa ke ne ke le mogolo

[Setshwantsho]

James, George, Harley le Simon, ba apere diaparo tse e seng tsa magasigasi

[Setshwantsho]

Setshwantsho seno sa me sa fa ke ya go rekisa dijo le merogo kwa mmarakeng se ne se tlhagile mo lokwalodikgannyeng

[Credit Line]

Journal and Courier, Lafayette, Indiana

[Setshwantsho]

Lelapa la rona gompieno