Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Morutabana wa Me?
Kgaolo 20
Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Morutabana wa Me?
Kwala leina la morutabana yo o mo ratang thata. ․․․․․
Ke eng fa o rata morutabana yoo? ․․․․․
Kwala leina la morutabana yo o bonang go le thata go dirisana le ene. ․․․․․
O KA kgona go itlhophela ditsala mme mo dingwageng tsa gago tsa kwa tshimologong tsa sekolo, ga o ka ke wa kgona go itlhophela barutabana ba gago. Gongwe o ba rata botlhe fela. David yo o nang le dingwaga di le 18 a re: “Tota ga ke ise ke nne le bothata le ope wa barutabana ba me. Ke ne ke ba tlotla mme ba ne ba nthata.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o na le morutabana yo o tshwanang le yo o tlhalosiwang ke Sarah wa dingwaga tse 11. “O bosilo tota. Tota e bile ga ke mo tlhaloganye. Ka dinako tse dingwe ga a
re neye tshedimosetso e e lekaneng ka se a re rutang sone kgotsa o tlhalosa thata go sa tlhokege.” Gore o kgone go dirisana le morutabana wa gago sentle, sa ntlha o tlhoka go itse gore wena o na le bothata bofe. Fa o setse o lemogile bothata, o ka kgona go bo rarabolola sentle. Tshwaya ka ✔ go lebagana le mabokose a a fa tlase kgotsa o kwale bothata jwa gago.□ Go thata go tlhaloganya morutabana wa me
□ Ke akanya gore ke tshwanetse go newa maduo a a kwa godingwana
□ Ke akanya gore ba bangwe ba tshwarwa ka tsela e e kgethegileng
□ Ke otlhaiwa go feta selekanyo
□ Ke akanya gore ke a tlhaolwa
□ Tse dingwe
Ke eng se se ka go thusang go lebana le seemo seno? Kgato ya ntlha ke ka go dirisa kgakololo ya moaposetoloi Petere. O ne a re: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko.” (1 Petere 3:8) Tota ke eng se se ka go tlhotlheletsang go utlwela morutabana yo o “bosilo” botlhoko? Ela tlhoko dintlha dingwe ka barutabana tse di ka nnang tsa go thusa.
Barutabana le bone ba dira diphoso. Fela jaaka mongwe le mongwe, le bone ba na le botho jo bo sa tlwaelegang, ba na le mathata, tota le go tshwara batho ba bangwe ka go ba tlhaola. Morutwa Jakobe o ne a re: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2) Brianna wa dingwaga tse 19 a re: “Morutabana wa me wa dipalo o ne a le pelokhutshwane tota mme a rata go re garumela. Ka jalo go ne go le thata gore re mo tlotle.” Ke eng se se ka tswang se ne se dira gore morutabana yono a itshware jalo? Brianna o bolela jaana: “Bana ba tlelase ba ne ba sa laolesege e bile ba itshwara ka tsela e e sa siamang fela gore ba galefise morutabana le go feta.”
Ga go pelaelo gore o a itumela fa morutabana a tlodisa diphoso le makoa a gago matlho, segolobogolo fa o ikutlwa o gateletswe thata mo maikutlong. A o ka dira se se tshwanang le ka morutabana wa
gago? Fa tlase fano, kwala ka tiragalo nngwe ya bosheng e e diregileng kwa sekolong e o akanyang gore e ka tswa e ile ya galefisa morutabana wa gago.․․․․․
Barutabana ba na le bana ba ba ba ratang thata. Ela tlhoko dikgwetlho tse barutabana ba lebanang le tsone: Ke baithuti ba le kae mo tlelaseng ba ba batlang go nna gone ka nako ya dithuto? Ke ba le kae mo go bone ba ba iketleeleditseng go reetsa le go tlhoma mogopolo mo go se se rutwang, mo lobakeng lwa sephatlo sa ura kgotsa go feta? Ke baithuti ba le kae ba ka ntlha ya go betwa ke pelo ba ratang go ntshetsa bogale mo barutabaneng kgotsa go sa ba tshware sentle? Jaanong a o ke o akanye o ruta balekane ba gago ba le 20, 30 kgotsa go feta, ba bontsi jwa bone ba sa batleng go reetsa kgang e o ba rutang ka yone? A o ne o se kitla o tlhoma mogopolo mo go ba go bonalang ba kgatlhegela go go reetsa?
Gone ke boammaaruri gore go ka nna ga go kgopisa fa o bona e kete lo tshwarwa ka go kgethololwa. Fa Natasha a bua ka mongwe wa barutabana ba gagwe a re: “O ne a re beela letlha le a batlang tiro ya rona ya sekolo ka lone mme ba ba leng mo setlhopheng sa motshameko bone ba ne ba ka e tlisa le fa e le leng fela. O ne a dira jalo ka gonne e ne e le mothusa mokatisi wa setlhopha.” Fa le wena o lebane le seemo se se tshwanang, ipotse, ‘A ke kgona go amogela thuto e ke e tlhokang?’ Fa go le jalo, ke eng fa o kgopisega kgotsa o fufega?
Fa tlase fano, kwala se o ka kgonang go se dira go bontsha morutabana wa gago gore ruri o kgatlhegela se a se rutang.
․․․․․
Barutabana ga ba tlhaloganye baithuti. Ka dinako tse dingwe, go sa tshwaneng ga botho kgotsa go sa
tlhaloganye botho jwa yo mongwe, go ka dira gore morutabana wa gago a se ka a dirisana le wena sentle. Go rata go botsa dipotso go ka tsewa e le go tsuologa kgotsa go dira metlae go ka tsewa e le go tlhoka maitseo kgotsa boeleele.O ka dira eng fa e le gore morutabana wa gago ga a go tlhaloganye? Baebele ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Baroma 12:17, 18) Ka jalo, leka gore o se ka wa galefisa morutabana wa gago. Tila dikgotlhang tse di sa tlhokegeng. O se ka wa naya morutabana wa gago mabaka a go ngongorega ka wena. Tota e bile, leka go nna botsalano mo go ene. Gongwe o ipotsa gore: ‘Ke nne botsalano? Mo go ene?’ Ee, bontsha maitseo ka go dumedisa morutabana wa gago ka tlotlo fa o tsena mo tlelaseng. Fa o nna o bontsha maitseo a mantle—tota le go nna o nyenya le ene gangwe le gape—o ka nna a fetola tsela e a go lebang ka yone.—Baroma 12:20, 21.
Ka sekai, Ken o ne a na le barutabana ba gantsi ba neng ba mo leba ka tsela e e sa siamang. A re: “Ke ditlhong tota, ke ne ke sa nke ke bua le barutabana ba me.” O ile a lebana le bothata joo jang? “Kgabagare ke ne ka lemoga gore gantsi barutabana ba me ba ne ba batla go nthusa. Ka jalo, ke ile ka ipeela mokgele wa gore ke itse mongwe le mongwe wa bone botoka. Fa ke sena go dira jalo, maduo a me a ile a tokafala fela thata.”
Diane 25:15, Contemporary English Version) Nna o ritibetse mme o bue ka bonolo fa o sa tshwarwe sentle. Morutabana wa gago a ka nna a akanyetsa gape tsela e a ntseng a go leba ka yone.—Diane 15:1.
Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go bua ka maitseo le ka tsela e e botsalano go ka fetolang morutabana. Mme gone nna pelotelele. Kgosi Solomone o ne a re: “Bopelotelele le puo e e bonolo di ka fenya mmusi [kgotsa morutabana] mme di ka fedisa mathata ape fela.” (Fa morutabana wa gago a sa go tlhaloganye kgotsa a sa go tshware sentle, gantsi ke eng selo sa ntlha se o se dirang?
․․․․․
Tsela e e botoka e o ka itshwarang ka yone ke efe?
․․․․․
Go Rarabolola Dikgang Tse di Rileng
O ka simolola ka go tlhaloganya gore morutabana wa gago le ene o na le makoa. O ka dira eng go rarabolola bothata jo bo rileng jo o bo lemogileng? Ka sekai, ke eng se gongwe o ka se dirang go lebana le dingongorego tse di latelang?
Ke tshwanelwa ke maduo a a botoka. Katrina a re: “Ke ne ke tlhola ke bona boA fela mo dithutong tsa me, mme ngwaga mongwe morutabana wa me wa saense o ne a mpha F. Ke ne ke tshwanelwa ke maduo a a botoka. Batsadi ba me ba ne ba bua le mogokgo. Mme o ne a fetola maduo a me gore e nne D, ka jalo ke ne ke sa ntse ke galefile tota.” Fa o lebana le seemo se se tshwanang, o se ka wa nnela go latofatsa morutabana wa gago ka dilo tse di sa feleng. Go na le moo, ithute mo go se monna mongwe wa mo Baebeleng e bong Nathane, a ileng se dira. O ne a na le tiro e e boima ya go senolela Kgosi Dafide boleo jo bo masisi jo a neng a bo dirile. Nathane ga a ka a phamoga fela a ya kwa ntlong ya kgosi, a bo a setse a mo latofatsa, go na le moo o ne a bua le Dafide a akanyetsa maikutlo a gagwe.—2 Samuele 12:1-7.
Diane 18:13, Today’s English Version) Fa o ka reetsa sentle, o ka nna wa kgona go tlhalosa fa o akanyang gore go dirilwe phoso teng. Tota le fa maduo a gago a ka se ka a fetolwa, tsela e ntle e o ileng wa itshwara ka yone e ka nna ya kgatlha morutabana wa gago.
Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka nna wa atamela morutabana wa gago ka boikokobetso e bile o ritibetse. Fa o galefile, kgotsa o latofatsa morutabana wa gago ka gore ga a kgone go dira tiro ya gagwe, go ka nna thata gore lo utlwane. Leka go mo atamela ka tsela e e bontshang gore o godile sentle. O ka simolola ka go kopa morutabana wa gago gore a go tlhalosetse thulaganyo e a dirang maduo ka yone. Solomone o ne a re: “Reetsa pele ga o araba, fa o sa dire jalo o tla nna sematla e bile o tla tlhapatsa.” (Ke akanya gore morutabana wa me o na le tlhaolele. Akanya ka se se neng sa diragalela Rachel. O ne a nna a falola ka maduo a a kwa godimo fela. Mme fa a fitlha mo go Grade 7, dilo di ne tsa fetoga. Rachel a re: “Morutabana wa me o ne a dira sepe fela se a ka se kgonang gore ke se ka ka falola mo tlelaseng ya gagwe.” Bothata e ne e le eng? Morutabana o ile a tlhalosetsa Rachel le mmaagwe gore o ne a sa rate bodumedi jwa bone.
Go ne ga direga eng? Rachel a re: “Go ne go bonala sentle gore
nako le nako morutabana o ne a letla gore tlhaolele ya gagwe e ame tsela e a mphang maduo ka yone, Mmè o ne a tla le nna go tla go buisana le ene ka kgang eno. Kgabagare o ne a tlogela go tlhola a nketefaletsa botshelo.” Fa o lebane le bothata jo bo tshwanang, nna le bopelokgale jwa go bua le batsadi ba gago ka gone. Ga go pelaelo gore ba tla batla go bua le morutabana wa gago, gongwe ba bo ba bue le mookamedi wa sekolo go rarabolola bothata.Lebela Dilo Kwa Pele
Boammaaruri ke gore, ga se mathata otlhe a o lekang go a rarabolola a a ka rarabologang motlhofo. Ka dinako tse dingwe, o tshwanetse go itshoka. Tanya a re: “Mongwe wa barutabana ba me o ne a sa tshware baithuti sentle. Gantsi o ne a re tlhapatsa, a re bitsa dimatla. Kwa tshimologong ke ne ke tle ke lele mme ke ile ka ithuta gore ke se ka ka isa se a se buang kwa tlhogong. Ke ne ka tlhoma mogopolo mo tirong ya me mme ka nna ke tshwaregile fa ke le mo tlelaseng ya gagwe. Seno se ile sa felela ka gore a se ka a tlhola a ntshwenya thata mme ka nna mongwe wa bana ba sekae ba ba neng ba bona maduo a a kwa godimo. Morago ga dingwaga tse pedi, morutabana yoo o ne a kobiwa mo tirong.”
Ithute go dirisana le morutabana yo go leng thata go dirisana le ene sentle mme o tla nna le bokgoni jo bo molemo mo botshelong—jo bo tla go thusang fa o setse o bereka o na le mothapi yo go leng thata go dirisana le ene. Gape fa o nna le barutabana ba ba siameng, o tla ithuta go ba anaanela.
A o akanya gore ga o na nako e e lekaneng mo letsatsing? Ithute kafa o ka dirang ka gone gore tshupanako e nne tsala ya gago, e seng mmaba.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.
KAKANTSHO
Fa o akanya gore morutabana wa gago o a bora, leka go tlhoma mogopolo mo go se a se rutang e seng mo go ene. Kwala dintlha, mo kope tshedimosetso e e oketsegileng ka tlotlo, mme o tlhoafalele go ithuta serutwa seno. Tsela e o tlhagafetseng ka yone e ka ama le ba bangwe.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Gongwe morutabana wa gago o rutile dithuto tse di tshwanang le tse a go rutang tsone gantsintsi mo ditlelaseng tse dingwe. Ka jalo, gongwe go thata gore a nne le tlhoafalo e a neng a na le yone fa a ne a simolola go ruta serutwa seno.
SE KE SE IKAELETSENG!
Gore ke kgone go itumelela tlelase e ke utlwang e bora ke tla ․․․․․
Fa ke akanya gore morutabana wa me ga a ntshware sentle ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa go le botlhokwa go tlhoma mogopolo mo go se se rutwang go na le go o tlhoma mo morutabaneng?
● Tsela e o ikutlwang ka yone ka se se rutwang e ka tlhotlheletsa jang tsela e morutabana a ikutlwang ka yone ka wena?
[Mafoko a a mo go tsebe 146]
“Ke ne ke dira ka natla go tsalana le barutabana ba me botlhe. Ke itse maina a bone mme fa ke ba bona mo tseleng, ke ipha metsotso e sekae go tlotla le bone.’’—Carmen
[Setshwantsho mo go tsebe 145]
Barutabana ba tshwana le maje a o gatang mo go one gore a go thuse go kgabaganya gore o kgone go ithuta dilo le go di tlhaloganya, mme gone ke wena o tshwanetseng go tsamaya mo go one