Nka Itshireletsa Jang mo Bathong ba ba Sotlang Bana ka Tlhakanelodikobo?
Kgaolo 32
Nka Itshireletsa Jang mo Bathong ba ba Sotlang Bana ka Tlhakanelodikobo?
Ngwaga le ngwaga, batho ba le dimilionemilione ba a betelelwa kgotsa ba sotliwa ka tlhakanelodikobo mme dipatlisiso di bontsha gore basha ke bone ba tlhaselwang thata. Ka sekai, go fopholediwa gore kwa United States, mo e ka nnang halofo ya palo ya batho botlhe ba ba betelelwang, ke ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 18. E re ka go sotliwa ga bana go ntse go oketsega, go botlhokwa gore o bale setlhogo seno.
“O ne a mphamola mme fa ke sa ntse ke gakgamaletse se se diragalang, ke fa a ntatlhela fa fatshe. Ke ne ka leka ka natla go mo lwantsha. Ke ne ka leka go mo tshela ka seporei sa pherefere mme a se latlhela kgakala. Ke ne ka leka go goa mme ke fa go tswa moya fela mo makgwafong a me. Ke ne ka mo kgorometsa, ka mo raga, ka mo itaya ka mabole le go mo ngapa ka dinala. Mme ka yone nako eo ke ne ka utlwa a ntlhaba ka thipa. Mmele otlhe wa me o ne wa swa bogatsu.”—Annette.
GOMPIENO go na le batho ba le bantsi thata ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo, mme basha ke bone ba gantsi ba leng mo kotsing ya go tlhaselwa. Basha bangwe, jaaka Annette, ba ne ba tlhaselwa ke motho yo ba sa mo itseng. Ba bangwe bone ba tlhaselwa ke moagelani. Seno ke se se neng sa diragalela Natalie, yo fa a ne a le dingwaga di le lesome, a ileng a sotliwa ka tlhakanelodikobo ke mosha mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo a neng a nna gaufi le kwa gaabo. A re: “Kwa tshimologong ga ke a ka ka bolelela ope ka gonne ke ne ke tshogile thata e bile ke tlhabilwe ke ditlhong.”
Basha ba le bantsi ba ile ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ke leloko la lelapa. Mosadi mongwe yo o bidiwang Carmen a re: “Fa ke le dingwaga tse di fa gare ga 5 le 12, rre o ne a ntshotla ka tlhakanelodikobo. Kgabagare fa ke le dingwaga tse 20, ke ile ka mmotsa ka gone. O ne a nthaya a re o maswabi ka seo, le fa go ntse jalo dikgwedi di le mmalwa moragonyana o ne a nkoba mo gae.”
Go sotliwa ka tlhakanelodikobo ke moagelani, tsala kgotsa leloko la lelapa, go atile ka tsela e e utlwisang botlhoko gompieno. * Mme gone, go sotliwa ga basha ga se selo se sesha. Mokgwa o o ntseng jalo o o maswe, o ne o le teng le mo nakong ya go kwalwa ga Baebele. (Joele 3:3; Mathaio 2:16) Gompieno re tshela mo dinakong tsa mathata. Batho ba le bantsi ga ba na “lorato lwa tlholego” mme go tlwaelegile gore basetsana (tota le basimane) ba sotliwe ka tlhakanelodikobo. (2 Timotheo 3:1-3) Seemo seno se ka go tlhagela le fa o nnile kelotlhoko gore o itshireletse, mme gone go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang gore o itshireletse. Sekaseka dikakantsho tse di latelang:
Nna kelotlhoko. Fa o tsamaya kwa ntle, ela tlhoko se se diragalang kwa pele, kwa morago le mo matlhakoreng. Mafelo mangwe a itsege a le kotsi, segolobogolo bosigo. Fa go kgonega, tila go tsamaya mo mafelong ao kgotsa o tlhomamise gore ga o tsamaye mo go one o le nosi.—Diane 27:12.
O se ka wa naya batho molaetsa o o sa siamang ka wena. Tila go tshameka ka maikutlo a lorato a batho ba bangwe kgotsa go apara ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Fa o dira jalo, batho ba ka nna ba akanya gore o na le keletso ya go tlhakanela dikobo—kgotsa ba akanya gore ga o na bothata le gone.—1 Timotheo 2:9, 10.
Bua ka melelwane e o ipeetseng yone. Fa e le gore o intsha le mongwe, mmolelele gore ke boitsholo bofe jo o bo tsayang bo siame le jo bo sa siamang. * Fa o setse o ipeetse melelwane, o se ka wa ipaya mo maemong a a kotsi a a ka dirang gore o feleletse o sotlilwe ka tlhakanelodikobo.—Diane 13:10.
Ikemisetse go bua o tiisitse. Ga go na sepe se se phoso ka go bua o tiisitse o re, “O se ka wa dira jalo!” kgotsa “Tlosa seatla sa gago mo go nna!” O se ka wa didimala gonne o tshaba go latlhegelwa ke mosimane yo o ratanang le ene. Fa a ka go tlogela ka ntlha ya seno, go bontsha gore o ne a ntse a sa go siamela! Tota e bile, o tlhoka monna wa mmatota, yo o tlotlang mmele wa gago le melaometheo e o ipeetseng yone.Nna kelotlhoko fa o dirisa Internet. Le ka motlha o se ka wa ntsha tshedimosetso e e go amang kgotsa wa baya dinepe tse di bontshang kwa o nnang teng. * Fa o amogela molaetsa o o buang ka tlhakanelodikobo ka tlhamalalo, tsela e e molemo ke gore o se ka wa o araba. Batho ba ba dirisang Internet go sotla bana ka tlhakanelodikobo ba kgobega marapo fa o sa ba arabe.
Dikgato tse di tlhalositsweng fa godimo di ka go thusa gore o se ka wa tlhaselwa motlhofo. (Diane 22:3) Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga se ka metlha o ka laolang maemo a gago. Ka sekai, ga se ka metlha o ka nnang le mongwe yo o tsamayang le ene kgotsa wa kgona go tila go tsamaya mo mafelong a a kotsi. Gongwe e bile o nna mo lefelong le le kotsi.
Gongwe o itse go tswa mo go sengwe se se maswe se se kileng sa go diragalela, gore mathata a ka go tlhagela le fa o lekile ka natla go a tila. Jaaka Annette yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, go ka direga gore o tlhaselwe o sa lebelela mme o fenngwe. Kgotsa jaaka Carmen, go ka direga gore o ile wa sotliwa o sa ntse o le ngwana mme ka nako eo o ne o sa kgone go laola se se diregang—gongwe e bile o sa tlhaloganye sentle se se diregang. O ka fenya jang go ikutlwa molato go gantsi go diragalelang batho ba ba ileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo?
Go Fenya go Ikutlwa Molato
Annette o sa ntse a lwantshana le go ikutlwa molato ka se se ileng sa mo diragalela. A re: “Mmaba wa me yo mogolo, ke nna. Ke akanya gantsintsi ka bosigo joo. Ke na le
maikutlo a gore gongwe nka bo ke ile ka leka ka natla go mo lwantsha. Boammaaruri ke gore, fa a sena go ntlhaba ka thipa, ke ne ka swa bogatsu ka ntlha ya letshogo. Go ne go se na sepe se ke neng nka se dira mme ke eletsa e kete nka bo ke dirile sengwe.”Natalie le ene o lwantshana le go ikutlwa molato. A re: “Ke eletsa e kete nka bo ke ile ka se ka ka mo tshepa. Batsadi ba rona ba ne ba re beetse molao wa gore nna le nkgonne re tshwanetse go nna re le mmogo ka metlha fa re tshamekela kwa ntle, mme ga ke a ka ka reetsa. Ka jalo, ke akanya gore ke ile ka naya moagelani wa rona tshono ya go nkutlwisa botlhoko. Se se diragetseng se ile sa ama ba lelapa la gaetsho fela thata, mme ke ikutlwa molato ka botlhoko jo ke ba baketseng jone. Seo ke sone se se ntshwenyang fela thata.”
Fa e le gore le wena o ikutlwa jaaka Annette kgotsa Natalie, o ka fenya jang go ikutlwa molato? Sa ntlha, itse gore fa e le gore o beteletswe, ga o a tsena mo seemong seo gonne o ne o rata. Batho bangwe ba tsaya kgang eno motlhofo fela, ba bolela gore ke mokgwa o banna ba tlwaetseng go itshwara ka one le gore ke molato wa motho yoo go bo a ile a betelelwa. Mme gone ga go na ope yo o tshwanelwang ke go betelelwa. Fa e le gore o ile wa diragalelwa ke bosetlhogo jono, ga se molato wa gago!
Gone ke boammaaruri gore go bala mafoko a a reng, “ga se molato wa gago” go motlhofo; go ka tswa go le thata tota go dumela seno. Batho bangwe ba didimala fela ba sa bue ka se se ba diragaletseng mme ba bo ba bogisiwa ke go ikutlwa molato le maikutlo a mangwe a a sa siamang. Le fa go ntse jalo, ke mang yo o solegelwang molemo ke go didimala ga gago—wena kgotsa motho yo o go beteletseng? O tla solegelwa molemo fa o ka latela dikgato tse di tshwanetseng.
Go Bolela Se se Go Diragaletseng
Baebele e re bolelela gore fa monna wa mosiami e bong Jobe a ne a le mo matshwenyegong a magolo, o ne a re: “Ke tla bua kaga go Jobe 10:1) Le wena o ka solegelwa molemo ke go dira se se tshwanang. Go bolelela mongwe yo o mo ikanyang ka se se go diragaletseng go ka go thusa gore fa nako e ntse e ya, o kgone go amogela seemo le go fenya go ngomoga pelo go go bakiwang ke go bo o beteletswe.
tshwenyega ga me. Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!” (Tota e bile, fa o le Mokeresete, go botlhokwa gore o bolelele mogolwane mongwe mo phuthegong ka se se go diragaletseng. Mafoko a a gomotsang a modisa yo o lorato a ka go tlhomamisetsa gore le fa o beteletswe, ga o a leswafadiwa ke boleo jwa motho yo mongwe. Ke se Annette a ileng a se lemoga. A re: “Ke ne ka bua le tsala e ke atamalaneng thata le yone mme ya nkgothaletsa go bua le bagolwane ba Bakeresete ba le mmalwa mo phuthegong. Ke itumelela gore ke ile ka dira seo.
Ba ile ba nna fa fatshe le nna ka makgetlo a le mmalwa mme ba mpolelela se tota ke neng ke tlhoka go se utlwa—gore se se diragetseng e ne e se molato wa me. Ke ne ke se molato gotlhelele.”Go bua ka se se go diragaletseng le go tlhalosa kafa o ikutlwang ka gone go ka dira gore o se ka wa fekeediwa ke go galefa le go tshwara sekgopi. (Pesalema 37:8) Gape go ka nna ga dira gore o ikutlwe o imologetswe, gongwe e le ka lekgetlo la ntlha morago ga dingwaga tse dintsintsi. Natalie o ile a bona gore seo ke boammaaruri fa a sena go bolelela batsadi ba gagwe gore o ne a sotliwa ka tlhakanelodikobo. A re: “Ba ne ba nkema nokeng. Ba ile ba nkgothaletsa gore ke bue ka kgang eno mme seo se ile sa nthusa gore ke se ka ka utlwa botlhoko le go nna ke hupile botlhoko.” Gape Natalie o ile a gomodiwa ke thapelo. A re: “Go bua le Modimo go ile ga nthusa, segolobogolo ka dinako tse ke neng ke ikutlwa gore ga ke kgone go bua le motho ope. Fa ke rapela, ke kgona go bua ke gololesegile. Go dira gore ke nne le kagiso le thethebalo.” *
Le wena o ka lemoga gore go na le ‘nako ya go fola.’ (Moreri 3:3) Ikaege ka ditsala tse di go emeng nokeng e leng bagolwane ba ba tlhalosiwang ba tshwana le “lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu.” (Isaia 32:2) Itlhokomele mo mmeleng le mo maikutlong. Ikhutse ka mo go lekaneng. Mo godimo ga tsotlhe, ikaege ka Modimo wa kgomotso yotlhe, e bong Jehofa, yo o tla tlogang a tlisa lefatshe le lesha le mo go lone ‘badirabosula ba tla kgaolwang, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa e nne bone ba ba ruang lefatshe.’—Pesalema 37:9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 7 Maemo mangwe a akaretsa go betelelwa ke motho yo o intshitseng le ene, mo mosetsana a ileng a patelediwa go tlhakanela dikobo kgotsa a nosiwa sengwe gore a felele a dumela a sa ipone.
^ ser. 10 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 4.
^ ser. 11 Mme gone, kgakololo eo e dira le fa mosetsana a pateletsa mosimane gore a robale le ene.
^ ser. 12 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Bolumo 2, Kgaolo 11.
^ ser. 23 Ka dinako tse dingwe batho ba ba ileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba nna le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna botlhale gore o bone ngaka. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng e e ka go thusang go fenya maikutlo a a ngomolang pelo, bala Dikgaolo 13 le 14 tsa buka eno.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego, . . . ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo.”—2 Timotheo 3:1-3.
KAKANTSHO
Fa e le gore o ile wa sotliwa ka tlhakanelodikobo, nna le lenaane la ditemana tse di ka go gomotsang. Ditemana tseno di ka akaretsa Pesalema 37:28; 46:1; 118:5-9; Diane 17:17; le Bafilipi 4:6, 7.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Kwa United States, diperesente tse di fetang 90 tsa basha ba ba sotliwang ka tlhakanelodikobo, ba itse batho ba ba ba tlhasetseng.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke ikutlwa molato ka se se diragetseng ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Melemo ya go bolelela mongwe gore o sotlilwe ka tlhakanelodikobo ke efe?
● Ke eng se se ka diregang—ka wena le ka ba bangwe—fa o didimala fela?
[Mafoko a a mo go tsebe 232]
“Go thata tota go bolelela mongwe gore o sotlilwe ka tlhakanelodikobo, mme gone go bua go tla go solegela molemo. Go bua go go thusa go fenya khutsafalo le kgalefo e bile go ka go thusa go nna le maatla gape.’’—Natalie
[Lebokoso mo go tsebe 230]
“Fa o Nthata . . . ”
Ka dinako tse dingwe batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ga ba pateletse basetsana go tlhakanela dikobo le bone mme ba ba tsietsa ka botlhale gore ba dire jalo. Jang? Ka go bua dilo tse di jaaka, “Batho botlhe ba tlhakanela dikobo,” “Ga go na ope yo o tla itseng” kgotsa jaaka go tlhalositswe mo Kgaolo 24 ya buka eno, “Fa o nthata, o tla dira seno.” O se ka wa tsiediwa ke mosimane yo o lekang go dira gore o dumele gore fa o rata motho o tshwanetse go tlhakanela dikobo le ene. Boammaaruri ke gore mongwe le mongwe yo o akanyang jalo o a bo a batla fela go ikgotsofatsa. Ga a go akanyetse e bile ga a na sepe gore o ikutlwa jang. Go farologana le seo, monna wa mmatota o tla baya dilo tse di go amang kwa pele ga tsa gagwe e bile o tla supa gore o na le nonofo ya go boloka melao ya Modimo ya boitsholo. (1 Bakorintha 10:24) Monna wa mmatota ga a ka ke a tshwara basetsana e kete ke didirisiwa tsa tlhakanelodikobo. Go na le moo, o tla tsaya ‘makgarebana jaaka bokgaitsadie ka boitsheko jotlhe.’—1 Timotheo 5:1, 2.
[Setshwantsho mo go tsebe 233]
Maikutlo a a nnang teng fa o sena go sotliwa a boima tota mo o ka se kang wa kgona go a rwala o le nosi. Ke eng fa o sa batle thuso ka go bua le mongwe?