Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Bong Bo Sele

Ba Bong Bo Sele

Karolo 1

Ba Bong Bo Sele

O bona mosimane le mosetsana ba tshwarane ka diatla fa ba ntse ba tsamaya ka bonya mo phashiting ba tswa kwa tlelaseng e nngwe ba ya kwa go e nngwe. O ikutlwa jang ka seo?

□Ga o kgathale

□O fufega go se kae

□ O tswa pelo tota

O kwa baesekopong le ditsala tsa gago mme o lemoga gore mongwe le mongwe o na le motho wa gagwe—mme ke wena fela o se nang motho! O ikutlwa jang?

□ Ga o na bothata

□ O a swaba

□ O tswa pelo

Tsala ya gago e kgolo e simolotse go kgatlhegela mongwe e bile ba setse ba intsha mmogo. O ikutlwa jang ka gone?

□ O itumetse

□ O fufega go se kae

□O a kgopisega

Mongwe le mongwe o na le motho yo a ratanang le ene. O ba bona gongwe le gongwe—kwa sekolong, mo mebileng, kwa mmolong. Nako le nako fa o ba bona o eletsa e kete le wena o ka nna le mongwe yo o ratanang le ene. Mme gone a o setse o siametse go intsha le mongwe? Fa e le gore go jalo, o ka bona jang mongwe yo o go tshwanelang? Fa o setse o mmone, o ka boloka jang thatano ya lona e le phepa? Dikgaolo 1-5 di tla go thusa go araba dipotso tseo.

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 12, 13]