Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Motho Yono o Ntshiametse?

A Motho Yono o Ntshiametse?

Kgaolo 3

A Motho Yono o Ntshiametse?

Iphe nako ya go araba dipotso tse di latelang: Ke dinonofo dife tse gone jaanong o di tsayang di le botlhokwa thata mo mothong yo o ka batlang go nyalana le ene? Mo lenaaneng le le fa tlase fano, tshwaya ka gaufi le dinonofo tse nnè tse o di tsayang di le botlhokwa thata.

□ Ditebego □ Go rata dilo tsa semoya

□ Botsalano □ Go ikanyega

□ Go tuma □ Maitsholo a mantle

□ Go rata metlae □ Go rata go ipeela mekgele

Fa o ne o le monnye, a o kile wa ikutlwa o kgatlhegela mongwe? Mo lenaaneng le le fa godimo fano, tshwaya ka × gaufi le nonofo e ka nako eo o neng o e rata thata ka motho yoo.

GA GO sepe se se phoso ka epe fela ya dinonofo tse di fa godimo. Nngwe le nngwe ya tsone e kgatlha ka tsela ya yone. A ga go boammaaruri gore fa o sa ntse o le mosha o fekeediwa ke lorato lwa go tseega maikutlo, o nna le tshekamelo ya go rata dinonofo tse di seng botlhokwa go le kalo, tse di jaaka tse di mo kholomong e e ka fa molemeng?

Le fa go ntse jalo, fa o ntse o gola, o simolola go dirisa maatla a gago a go akanya go lemoga dilo tse di botlhokwa, tse di jaaka tse di leng mo kholomong e e ka fa mojeng. Ka sekai, o simolola go lemoga gore mosetsana yo montle go ba gaisa botlhe mo lefelong la lona a ka nna a bo sa ikanyege kgotsa mosimane yo o tumileng go ba gaisa botlhe mo tlelaseng a ka nna a bo a se na maitsholo a mantle. Fa o fetile nako ya bosha, go ka direga gore ga o tlhole o leba fela dinonofo tse di seng botlhokwa go le kalo fa o araba potso e e reng, “A motho yono o ntshiametse?”

Ikitse Pele

Pele o ka akanyetsa gore ke mang yo o go siametseng, o tshwanetse go ikitse pele. Go araba dipotso tse di latelang go ka go thusa go ikitse botoka:

Dinonofo tse di molemo tse ke nang le tsone ke dife? ․․․․․

Ke na le makoa afe? ․․․․․

Ke dilo dife tse ke di tlhokang mo maikutlong le semoyeng? ․․․․․

Go ikitse ga se kgetsi e potlana, mme gone dipotso tse di jaaka tse di fa godimo di ka go thusa. Fa o itlhaloganya botoka, ke gone o ka kgonang go bona motho yo o tla go thusang go godisa dinonofo tsa gago tse di molemo e seng makoa a gago. * Mme go tweng fa o akanya gore o setse o bone motho yoo?

A Mongwe le Mongwe Fela o Siame?

“A re ka itsane botoka?” Potso eo e ka dira gore o tsitsibane mmele kgotsa o tlale boitumelo—go ikaegile ka gore o e bodiwa ke mang. A re re o a dumela. Fa nako e ntse e ya, o ka itse jang gore motho yono o go siametse?

A re re o batla go reka ditlhako tse disha. O ya kwa lebenkeleng mme o bona ditlhako tse o di ratang. O a di itekanya—ka maswabi—di a go gamutlha. O tla dira eng? A o tla di reka fela? Kgotsa a o tla batla tse dingwe? Ga go pelaelo gore go botoka go di tlogela o bo o batla tse dingwe. Ruri e tla bo e le boeleele go tsamaya o rwele ditlhako tse di sa go lekaneng!

Go ntse jalo le ka go tlhopha molekane wa lenyalo. Fa nako e ntse e ya, o ka nna wa kgatlhwa ke batho ba se kae ba bong bo sele. Mme ga se mongwe le mongwe yo o tla go siamelang. Boammaaruri ke gore, o batla mongwe yo o go tshwanelang—yo botho jwa gagwe le mekgele ya gagwe e tsamaelanang le ya gago. (Genesise 2:18; Mathaio 19:4-6) A o setse o bone motho yoo? Fa go ntse jalo, o ka itse jang gore o go siametse?

Leba Dilo Tsa Botlhokwa

Go araba potso eo ya bofelo, sekaseka motho yoo sentle. Mme gone nna kelotlhoko! O ka nna le tshekamelo ya go bona fela se o batlang go se bona. Ka jalo o se ka wa potlakela dilo. Leka go lemoga tsela e tota a leng ka yone. Seo se tla go tlhoka matsapa a magolo. Mme gone ga go gakgamatse. Ka sekai: A re re o batla go reka koloi. O tla batlisisa go le kana kang ka yone? A o tla kgotsofalela fela tsela e e lebegang ka yone? A go ne go ka se nne botlhale go e sekaseka ka kelotlhoko—gongwe o batlisisa ka botlalo ka boemo jwa enjene ya yone?

Go senka molekane ke kgang e e masisi go feta go senka koloi. Mme gone, bontsi jwa batho ba ba intshang ga ba lebe dilo tse di botlhokwa. Go na le moo, ba itlhaganelela go tlhoma matlho thata mo dilong tse ba tshwanang ka tsone: ‘Re rata mmino o o tshwanang.’ ‘Re rata go dira dilo tse di tshwanang.’ ‘Re dumalana ka sengwe le sengwe fela!’ Le fa go ntse jalo, fela jaaka go bontshitswe pelenyana, fa ruri o fetile nako ya bosha, o leba dilo tsa botlhokwa. O bona botlhokwa jwa go itse “motho wa sephiri wa pelo.”—1 Petere 3:4; Baefeso 3:16.

Ka sekai, go na le gore o tlhome matlho fela mo dilong tse lo dumalanang ka tsone, o ka ithuta go le gontsi ka motho yoo ka go ela tlhoko gore o itshwara jang fa lo sa dumalane. Ka mafoko a mangwe, motho yono o itshwara jang fa lo sa dumalane ka sengwe—a o gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, gongwe a ineelela go “phatloga ka bogale” kgotsa “puo ya go kgoba”? (Bagalatia 5:19, 20; Bakolosa 3:8) Kgotsa a o bontsha go nna tekatekano—a iketleeleditse go ineela gore dilo di dirwe go ya ka megopolo ya ba bangwe gore go nne le kagiso, fa seno se se kitla se dira gore go tlolwe melaometheo ya se se siameng le se se sa siamang?—Jakobe 3:17.

Ntlha e nngwe e o tshwanetseng go e ela tlholo ke e: A ke motho yo o ratang go laola batho kgotsa yo o lefufa? A ke motho yo o batlang go itse sengwe le sengwe se o se dirang? Nicole a re: “Ke na le go utlwalela gore batho bangwe ba ba intshang mmogo ba na le go lwa fela ka gonne yo mongwe a sa ‘founele yo mongwe go mo itsise kwa a leng teng.’ Ke akanya gore seno ke letshwao la mathata.”—1 Bakorintha 13:4.

Dilo tse re buileng ka tsone fa godimo di amana thata le botho le maitsholo a motho. Le fa go ntse jalo, go ithuta sengwe ka tsela e tsala ya gago e itsegeng ka yone le gone go botlhokwa. Batho ba bangwe ba mo itse e le motho yo o ntseng jang? O ka nna wa bua le bangwe ba ba nang le lobaka ba itse motho yono, ba ba jaaka batho ba ba godileng semoyeng mo phuthegong. Ka tsela eo o tla itse fa e le gore motho yono ‘o bolelwa molemo.’—Ditiro 16:1, 2.

Go ka nna molemo gore o kwale se o se lemogileng ka tsala eno ya gago le go bona gore e dira jang mo dilong tse re setseng re tlotlile ka tsone go fitlha fano.

Botho jwa gagwe ․․․․

Maitsholo a gagwe ․․․․

Tsela e a itsegeng ka yone ․․․․

O tla solegelwa molemo ke go leba  lebokoso le le reng, “A e Tla Nna Monna yo o Molemo?” mo go tsebe 39 kgotsa le le reng,   “A e Tla Nna Mosadi yo o Molemo?” mo go tsebe 40. Dipotso tse di bodiwang moo, di tla go thusa go bona gore a tsala ya gago e tla nna molekane yo o tshwanetseng wa lenyalo.

Go tweng fa o swetsa ka gore motho yono ga a ne a tshwanela go nna molekane wa gago wa lenyalo morago ga gore o sekaseke kgang eno? Fa go ntse jalo, o tla bo o lebane le potso e e masisi:

A re Kgaogane?

Ka dinako dingwe go molemo gore batho ba kgaogane. Akanya ka se se diragaletseng Jill. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke itumelela gore lekau la me le ne le tshwenyega ka gore ke kwa kae, ke dira eng le gore ke na le mang. Mme go ne ga fitlha mo ke neng ke sa kgone go etela batho ba bangwe fa e se ene fela. O ne a fufega tota le fa ke ne ke ipha nako le ba lelapa la gaetsho—segolobogolo rre. Fa ke sena go kgaogana le ene ke ne ka ikutlwa ke imologile tota!”

Sarah le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. O ne a simolola go lemoga gore John, lekawana le a neng a intsha le lone, le ne le rata go sotla ka mafoko, le sa kgotsofale e bile le se na maitseo. Sarah a re: “Nako nngwe o ne a tla kwa lapeng a le thari ka diura di le tharo! O ne a itlhokomolosa mmè fa a bula kgoro a bo a re: ‘A re tsamaye. Re thari.’ O ne a re, ‘re thari’ e seng ‘ke thari.’ A ka bo a ikopile maitshwarelo kgotsa a tlhalositse gore ke eng fa a le thari. Sa botlhokwa le go feta, a ka bo a bontshitse go tlotla mmè!” Gone ke boammaaruri gore tiragalo e le nngwe e e swabisang ga e reye gore kamano ya lona e ka se atlege. (Pesalema 130:3) Le fa go ntse jalo, fa Sarah a sena go lemoga gore tota John ga a na maitseo, se a se dirileng e ne e se phoso ya nako eo fela, o ile a swetsa ka gore ba kgaogane.

Jaaka Jill le Sarah, go tweng fa o lemoga gore motho yo o intshang le ene ga a ne a tshwanela go nna molekane wa gago wa lenyalo? Fa go le jalo, o se ka wa tlhokomologa maikutlo a gago! Le fa go le thata go amogela seo, go ka nna molemo go kgaogana le ene. Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” Ka sekai, fa e le gore tsala ya gago e na le lengwe la matshwao a a sa siamang a a fitlhelwang mo go tsebe 39 le 40, go ka nna botoka gore lo kgaogane—gongwe go fitlha bothata joo bo baakanngwa. Ke boammaaruri gore go kgaogana go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Mme gone, lenyalo ke kgolagano ya botshelo jotlhe. Go botoka go utlwa botlhoko ka nakwana gone jaanong, go na le gore moragonyana o ikwatlhaye botshelo jotlhe!

Go Phunya Sekaku

O ka mmolelela jang gore o batla lo kgaogane? Sa ntlha, tlhopha maemo a a siameng a lo ka buang kgang eno mo go one. Maemo ao e ka nna afe? Akanya kafa wena o neng o ka rata go tshwarwa ka teng mo maemong a a ntseng jalo. (Mathaio 7:12) A o ne o ka rata go bolelelwa kgang eo mo pele ga batho? Ga se gantsi o ka ratang seo. Kwantle ga fa maemo a go pateletsa go dira jalo, go tla bo go sa siama go mmolelela ka motšhine o o arabang founo, go mo romelela molaetsa ka founo ya selula kgotsa ka khomputara. Go na le moo, tlhopha nako le lefelo le le siametseng go tlotla ka kgang eno e e masisi.

Fa nako ya gore o phunye sekaku e fitlha o tla baya mafoko jang? Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete gore ba “bue boammaaruri” mongwe go yo mongwe. (Baefeso 4:25) Ka gone, tsela e e molemo ke go bua ka tsela e e akanyetsang mme gone o sa etsaetsege. Tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore ke eng fa o akanya gore kamano ya lona e ka se atlege. Ga o tlhoke go mmolelela diphoso tsa gagwe tse dintsintsi kgotsa go mo latofatsa. Tota e bile go na le go re, “Ga o” dire seno kgotsa “Ga o keo dira jaana, go ka nna botoka gore o dirise mafoko a a tlhalosang tsela e o ikutlwang ka yone—“Ke batla motho yo o . . . ” kgotsa “Ke akanya gore re tshwanetse go kgaogana ka gonne . . . ”

Eno ga se nako ya go etsaetsega kgotsa go letla mongwe a go fetola maikutlo. Se lebale gore o dirile tshwetso ya go kgaogana le ene ka mabaka a a utlwalang. Ka jalo, nna kelotlhoko fa motho yono a batla go dira gore o fetole mogopolo ka go dirisa tsela e e bofitlha ya go go laola. Lekgarebe le le bidiwang Lori la re: “Fa re sena go kgaogana, lekau la me le ne la simolola go dira e kete le tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke akanya gore o ne a dira jalo fela gore ke mo tlhomogele pelo. Gone ke ne ka mo tlhomogela pelo. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka letla gore tsela e a neng a itshwara ka yone e fetole tshwetso ya me.” Jaaka Lori, itse se o se batlang. Ngaparela tshwetso ya gago. A nnyaa ya gago e nne nnyaa.Jakobe 5:12.

Ditlamorago Tsa go Kgaogana

O se ka wa gakgamala fa ka nakwana o utlwa botlhoko thata morago ga gore lo kgaogane. O ka nna wa bo wa ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a re: “Ke tlhakatlhakane, ke ikobile mo go feteletseng; ke tsamatsamaile ke utlwile botlhoko letsatsi lotlhe.” (Pesalema 38:6) Ditsala tse di nang le maitlhomo a a siameng di ka nna tsa go tlhotlheletsa gore lo leke gape. Nna kelotlhoko! Ke wena yo o tla lebanang le matswela a tshwetso ya gago botshelo jotlhe—e seng ditsala tseo. Ka jalo, o se ka wa tshaba go nna o nitame—le fa o ka tswa o utlwisiwa botlhoko ke se se diregileng.

Tlhomamisega gore fa nako e ntse e ya kutlobotlhoko ya gago e tla fela. Ke eng fa o sa dirise nako eo go tsaya dikgato tse di molemo tse di latelang?

Bolelela mongwe yo o mo tshepang maikutlo a gago. * (Diane 15:22) Itsise Jehofa kgang eno ka thapelo. (Pesalema 55:22) Nna o tshwaregile. (1 Bakorintha 15:58) O se ka wa itlhaola mo go ba bangwe! (Diane 18:1) Itsalanye le setlhopha sa batho ba ba tla go agang. Lwela go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo.—Bafilipi 4:8.

Fa nako e ya, o ka nna wa bona tsala e nngwe. Ga go pelaelo gore mo lekgetlong leo o tla nna kelotlhoko le go feta. Gongwe ka nako eo o tla kgona go araba potso e e reng, “A motho yono o ntshiametse?” ka ee!

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 31

MO KGAOLONG E E LATELANG

Fa o setse o intsha le mongwe, lo ka itlhomela melelwane efe e e ka lo thusang go bontshana lorato ka tsela e e siameng?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 44 Batsadi ba gago kgotsa bagolo ba bangwe, ba ba jaaka bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa. O ka fitlhela gore le bone ba fetile mo maemong a a ntseng jalo a a botlhoko fa ba sa le basha.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

Mosimane o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.Diane 20:11.

KAKANTSHO

Dirang mmogo ditiro tse di tla senolang dinonofo tse lo nang le tsone:

● Ithuteng Lefoko la Modimo mmogo.

● Lebang ka kelotlhoko kafa mongwe le mongwe wa lona a nnang le seabe ka gone mo dipokanong tsa phuthego le mo bodireding.

● Nnang le seabe mo go phepafatseng Holo ya Bogosi le mo diporojekeng tsa kago.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba nyalanang e le ba bodumedi jo bo sa tshwaneng, gantsi ba feleletsa ba tlhalane.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa ke kgatlhegela motho yo e seng modumedi ka nna, ke tla ․․․․․

Gore ke itse gore motho yo ke intshang le ene o itsege jang, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno, ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

Ke dinonofo dife tse di molemo tse o ka di bontshang mo lenyalong?

Ke dinonofo dife tse di botlhokwa tse o ka di ratang mo molekaneng wa lenyalo?

Ke mathata afe a magolo a a ka nnang teng fa o ne o ka nyalana le motho yo o seng mo bodumeding jwa gago?

O ka ithuta jang botho jwa motho yo o intshang le ene, mekgwa ya gagwe le tsela e a itsegeng ka yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 37]

“Tsela e tsala ya gago e tshwarang ba lelapa la gagwe ka yone ke tsela e a tlileng go go tshwara ka yone.’’—Tony

[Lebokoso mo go tsebe 34]

“Lo se Ka lwa Pataganela Jokwe”

“Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng.” O tshwanetse wa bo o tlhaloganya sentle molaomotheo ono wa Baebele o o fitlhelwang mo go 2 Bakorintha 6:14. Le fa go ntse jalo, o ka iphitlhela o kgatlhegela motho yo e seng modumedi ka wena. Ka ntlha yang? Ka dinako dingwe o kgatlhwa fela ke ditebego tsa gagwe. Mosimane mongwe yo o bidiwang Mark a re: “Ke ne ke tle ke bone mosetsana yono kwa tlelaseng ya go ikatisa. O ne a ka dira sengwe le sengwe fela gore a kgone go bua le nna. Go ne ga nna motlhofo gore re nne ditsala.”

Fa o ikitse sentle e bile o ikanya melaometheo ya dikwalo—le fa o godile sentle mo o sa laolweng ke maikutlo—o tla itse se o tshwanetseng go se dira. Ruri motho yono—go sa kgathalesege gore o montle go le kana kang, o ratega go le kana kang kgotsa o bonala a tlotlega go le kana kang—a ka se nonotshe botsala jwa gago le Modimo.—Jakobe 4:4.

Ke boammaaruri gore, fa lo setse lo ratana ga go motlhofo go kgaogana—e leng sengwe se mosetsana mongwe yo o bidiwang Cindy a neng a se lemoga. A re: “Ke ne ke lela letsatsi le letsatsi. Ke ne ke akanya ka mosimane yono ka metlha, tota le ka nako ya dipokano tsa phuthego. Ke ne ke mo rata tota mo ke neng ke utlwa gore bogolo nka swa go na le gore ke kgaogane le ene.” Go ise go ye kae Cindy o ne a bona botlhokwa jwa kgakololo ya ga mmaagwe ya gore a se ka a intsha le motho yo e seng modumedi ka ene. A re: “Ke dirile sentle go bo ke ile ka kgaogana le ene. Ga ke na pelaelo gore Jehofa o tla nnaya se ke se tlhokang.”

A le wena o na le bothata jo bo tshwanang le jwa ga Cindy? Fa go ntse jalo, ga o tlhoke go lebana le jone o le nosi! O ka bua le batsadi ba gago. Ke se Jim a neng a se dira fa a ne a iphitlhela a gapilwe maikutlo ke mosetsana mongwe kwa sekolong. A re: “Ke ne ka feleletsa ke kopile thuso mo batsading ba me. Seo ke sone se se neng sa nthusa thata go fenya maikutlo ao.” Bagolwane ba phuthego le bone ba ka go thusa. Ke eng fa o sa bolelele mongwe wa bone bothata jwa gago?—Isaia 32:1, 2.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 39]

Tsebe ya go Kwalela Dintlha

 A e Tla Nna Monna yo o Molemo?

Dilo Tsa Botlhokwa

□ O dirisa taolo e a nang le yone jang? —Mathaio 20:25, 26.

□ Mekgele ya gagwe ke efe?—1 Timotheo 4:15.

□ A gone jaanong o leka ka natla go fitlhelela mekgele eo?—1 Bakorintha 9:26, 27.

□ O dirisana jang le ba lelapa la gaabo?—Ekesodo 20:12.

□ Ditsala tsa gagwe ke bomang?—Diane 13:20.

□ O rata go bua ka eng?—Luke 6:45.

□ O na le boikutlo bofe ka madi?—Bahebera 13:5, 6.

□ O rata mofuta ofe wa boitlosobodutu?—Pesalema 97:10.

□ O bontsha jang gore o rata Jehofa?—1 Johane 5:3.

Dinonofo Tsa Botlhokwa

□ A o dira ka natla?—Diane 6:9-11.

□ A o dirisa madi sentle?—Luke 14:28.

□ A o buiwa molemo ke ba bangwe?—Ditiro 16:1, 2.

□ A o akanyetsa ba bangwe?—Bafilipi 2:4.

Matshwao a a Supang Bothata

□ A o rata go galefa?—Diane 22:24.

□ A o leka go go gogela mo boitsholong jo bo sa siamang?—Bagalatia 5:19.

□ A o rata go itaya kgotsa go kgoba ka mafoko? —Baefeso 4:31.

□ A o rata go itlosa bodutu ka go nwa bojalwa?—Diane 20:1.

□ A o lefufa e bile o bogagapa?—1 Bakorintha 13:4, 5.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 40]

Tsebe ya go Kwalela Dintlha

 A e Tla Nna Mosadi yo o Molemo?

Dilo Tsa Botlhokwa

□ O bontsha jang gore o boikokobetso, mo lelapeng le mo phuthegong?—Baefeso 5:21, 22.

□ O dirisana jang le ba lelapa la gaabo? —Ekesodo 20:12.

□ Ditsala tsa gagwe ke bomang?—Diane 13:20.

□ O rata go bua ka eng?—Luke 6:45.

□ O na le boikutlo bofe ka madi?—1 Johane 2:15-17.

□ Mekgele ya gagwe ke efe?—1 Timotheo 4:15.

□ A gone jaanong o leka ka natla go fitlhelela mekgele eo?—1 Bakorintha 9:26, 27.

□ O rata mofuta ofe wa boitlosobodutu?—Pesalema 97:10.

□ O bontsha jang gore o rata Jehofa?—1 Johane 5:3.

Dinonofo Tsa Botlhokwa

□ A o dira ka natla?—Diane 31:17, 19, 21, 22, 27.

□ A o dirisa madi sentle?—Diane 31:16, 18.

□ A o buiwa molemo ke ba bangwe?—Ruthe 3:11.

□ A o akanyetsa ba bangwe?—Diane 31:20.

Matshwao a a Supang Bothata

□ A o manganga?—Diane 21:19.

□ A o leka go go gogela mo boitsholong jo bo sa siamang?—Bagalatia 5:19.

□ A o rata go itaya kgotsa go kgoba ka mafoko? —Baefeso 4:31.

□ A o rata go itlosa bodutu ka go nwa bojalwa?—Diane 20:1.

□ A o lefufa e bile o bogagapa?—1 Bakorintha 13:4, 5.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ga se setlhako sengwe le sengwe se se ka go lekanang; ka tsela e e tshwanang ga se mongwe le mongwe yo e ka nnang molekane yo o go tshwanelang

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

A o akanya gore go botlhokwa gore o se lebe fela tsela e koloi e lebegang ka yone fa o batla go e reka? Seo se botlhokwa le e leng go feta fa o tlhopha molekane wa lenyalo!