Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?

Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?

Kgaolo 31

Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?

O rata mmino go le kana kang?

□ Nka kgona go tshela ntle le one.

□ Nka swa fa o seyo.

O reetsa mmino leng?

□Fa ke le mo loetong

□ Fa ke ithuta

□ Ka metlha

O rata mofuta ofe wa mmino, mme ka ntlha yang?

ROTLHE re dirilwe re na le keletso ya go rata mmino o o monate. Mme basha ba le bantsi ga ba kgone go tshela kwantle ga one. Amber wa dingwaga di le 21 a re: “Ga ke kgone go tshela kwantle ga mmino. Ke nna fela ke reeditse mmino—tota le fa ke phepafatsa, ke apaya, ke dira ditiro tse dingwe kgotsa ke ithuta.”

Moribo o ka akaretsa fela go boaboeletsa dipalo, mme mmino one o tsenelela kwa teng o ama maikutlo. Fela jaaka “lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo,” pina le yone fa e lediwa ka nako e e tshwanetseng e ka nametsa pelo! (Diane 15:23) Jessica wa dingwaga di le 16 a re: “Ka dinako dingwe o ka akanya gore ga go ope yo o tlhaloganyang kafa o ikutlwang ka gone. Mme fa ke reetsa setlhopha se ke se ratang thata sa mmino, ke kgona go lemoga gore ga se nna fela ke tshwenyegileng thata mo maikutlong.”

A lo Ngangisana ka One Kgotsa lo a Dumalana?

O ka tswa o rata mofuta o o rileng wa mmino mme batsadi ba gago bone ba sa o rate. Mosimane mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome a re: “Papa o a tle a re, ‘Tima selo seo! Se nthuba ditsebe!’” O ka nna wa nna le maikutlo a gore batsadi ba gago ba go omanya go sa tlhokege. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome a re: “Bone ba ne ba ntse jang fa ba sa le bannye? A batsadi ba bone ba ne ba sa tseye mmino wa bone o sa siama?” Ingred wa dingwaga tse 16 o ngongorega jaana: “E kete bagolo ba saletse kwa morago. Go ne go ka nna molemo fa ba ne ba ka lemoga gore mmino wa motlha wa rona le one o monate!”

Ingred o bua boammaaruri. Jaaka fa o itse, go ralala hisitori bagolo le basha ba ile ba se ka ba dumalana ka dilo dingwe tse ba di ratang. Le fa go ntse jalo, go se dumalane jalo ga go reye gore ka metlha ba tshwanetse go ngangisana ka kgang ya mmino. Selo se se ka thusang ke go bona gore a go ka se nne le sengwe se o ka dumalanang le batsadi ba gago ka sone. Fa batsadi ba gago ba tlotla Baebele, o lesego. Ka ntlha yang? Ka gonne Lefoko la Modimo le ka lo thusa go lemoga mmino o o sa amogelesegeng gotlhelele le o o itshiametseng fela. Gore lo kgone go dira jalo, lo tshwanetse go sekaseka dilo tseno tse pedi tse di botlhokwa: (1) molaetsa wa mmino o o o reetsang le (2) gore o o rata go le kana kang. Sa ntlha, a re sekaseke potso e e reng . . . 

Mmino Wa me O na Le Molaetsa Ofe?

Mmino o tshwana le dijo. Dijo tse di siameng di ka solegela motho molemo fa a di ja ka selekanyo se se tshwanetseng. Tse di sa siamang tsone di ka nna kotsi le fa a ka ja go le gonnye fela. Ka maswabi, mmino o o sa siamang ke one o gantsi batho ba o ratang. Mosha mongwe yo o bidiwang Steve o bua jaana ka khutsafalo: “Ke eng fa dipina tsotlhe tse di monate di na le mafoko a a sa siamang?”

Fa o rata pina e e rileng, a o tshwanetse go tshwenyega ka mafoko a yone? Gore o kgone go araba potso eno, ipotse jaana: ‘Fa mongwe a batla gore ke nwe botlhole, o ne a ka dira eng gore ke feleletse ke bo nole? A o ne a tla bo tswakanya le aseine kgotsa le sengwe se se botshe?’ Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ile a botsa jaana: “A tsebe ka boyone ga e leke mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?” (Jobe 12:11) Ka jalo, go na le gore o reetse pina fela ka gonne o rata moribo wa yone—o re ka o tshwantshang le motswako o o botshe—‘leka mafoko’ ka go sekaseka setlhogo sa yone le mafoko a yone. Ka ntlha yang? Ka gonne mafoko a pina a tla ama tsela e o akanyang ka yone le mekgwa ya gago.

Ka maswabi, bontsi jwa mmino wa gompieno o o ratwang thata o tletse ka mafoko a a rotloetsang thobalano, thubakanyo le go se dirise diokobatsi sentle. Fa o akanya gore o ka se amiwe ke go reetsa mafoko ao, go raya gore o setse o amiwa ke “botlhole” jwa one.

O se Ka wa Ya le Mogoro

Balekane ba gago ba ka go gatelela thata gore o reetse mmino o o leswe. Gape o ka gatelelwa le ke barekisi ba mmino. Ka ntlha ya radio, Internet le thelebishene, mmino e setse e le kgwebo e e dirang dimilionemilione tsa diranta. Go thapiwa barekisi ba ba nang le bokgoni gore ba go tlhotlheletse go rata mmino o o rileng.

Mme fa o letla balekane ba gago kgotsa metswedi ya phasalatso go nna yone e go tlhophelang mmino o o o reetsang, o a bo o itetla go ya le mogoro. O nna lekgoba le le sa kgoneng go ikakanyetsa. (Baroma 6:16) Baebele e go kgothaletsa go se itetle go tlhotlhelediwa ke lefatshe mo dilong tse di ntseng jalo. (Baroma 12:2) Ka jalo, go ka nna molemo gore o thapise ‘bokgoni jwa gago jwa go lemoga gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) O ka dirisa bokgoni jwa gago jwa go lemoga jang fa o tlhopha mmino? Akanyetsa dikakantsho tse di latelang:

Sekaseka khabara. Gantsi go leba khabara fela kgotsa mafoko a a bapatsang pina go ka go thusa go itse diteng tsa yone. O tshwanetse go nna kelotlhoko fa o bona ditshwantsho tsa thubakanyo, tsa thobalano kgotsa tsa boloi. Go ka direga gore mmino wa teng ga o a siama.

Sekaseka mafoko. E bua ka eng? A ruri o ka rata go reetsa kgotsa go boaboeletsa megopolo ya pina eo? A megopolo ya yone e dumalana le melaometheo ya Bokeresete le dilo tse o di dumelang?—Baefeso 5:3-5.

Ela tlhoko kafa e go amang ka gone. Mosha mongwe yo o bidiwang Philip a re: “Ke ne ka lemoga gore bontsi jwa mafoko a dipina tse ke neng ke di reetsa a ne a dira gore ke hutsafale.” Ke boammaaruri gore mmino o ka ama batho ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mme gone, mmino o o o ratang o dira gore o nne le maikutlo afe? Ipotse jaana: ‘A ke iphitlhela ke na le dikakanyo tse di maswe fa ke sena go reetsa mmino oo? A ke na le go dirisa mafoko a setsotsi a a dirisiwang mo mminong oo?’—1 Bakorintha 15:33.

Akanyetsa batho ba bangwe. Batsadi ba gago ba ikutlwa jang ka mmino o o o reetsang? Ba botse. Akanya le ka Bakeresetekawena. A bangwe ba tla kgopisiwa ke mmino oo? O tla bo o bontsha gore o godile sentle fa o fetola tsela e o dirang dilo ka yone ka go bo o akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe.—Baroma 15:1, 2.

Fa o ka ipotsa dipotso tse di fa godimo, o tla kgona go tlhopha mmino o o go itumedisang mme o sa senye kamano ya gago le Modimo. Mme go na le sengwe gape se o tshwanetseng go se akanyetsa.

A ke O Rata go Feta Selekanyo?

Mmino o o siameng o ka solegela motho molemo fela jaaka dijo tse di siameng. Le fa go ntse jalo, seane se se molemo se tlhagisa jaana: “A o bone tswina ya dinotshe? Ja e e go lekaneng, gore o se ka wa ja e ntsi mme wa tla wa tshwanelwa ke go e tlhatsa.” (Diane 25:16) Tswina ya dinotshe e itsege thata ka go kgona go alafa malwetse. Le fa go ntse jalo, tota le selo se se molemo fa se fetelediwa se ka nna kotsi. Re ithuta eng mo go seno? Re tshwanetse go itumelela dilo tse di molemo ka selekanyo se se tshwanetseng.

Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba letla mmino o laola botshelo jwa bone. Ka sekai, Jessica yo o umakilweng pelenyana, a re: “Ke nna fela ke reeditse mmino—tota le fa ke ithuta Baebele. Ke raya batsadi ba me ke re o nthusa go tlhoma mogopolo. Mme ga ba ntumele.” A le wena o ikutlwa jaaka Jessica?

O ka bona ka eng gore o setse o rata mmino ka tsela e e feteletseng? Ipotse dipotso tse di latelang:

Ke fetsa nako e kana kang letsatsi le letsatsi ke reeditse mmino? ․․․․․

Ke dirisa madi a a kana kang kgwedi le kgwedi go reka mmino oo? ․․․․․

A mmino o ke o reetsang o baka dikgotlhang mo lapeng? Fa go le jalo, kwala fa tlase fano gore o ka tokafatsa jang seemo seo ․․․․․

Fetola Tsela E o O Reetsang ka Yone

Fa mmino o go jela nako e ntsi, go ka nna molemo gore o fetole tsela e o o reetsang ka yone le go ela tlhoko gore o o reetsa go le kana kang. Ka sekai, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlogela go tlhola o tsentse di-headphone letsatsi lotlhe kgotsa gore fa o fitlha fela kwa gae o bo o setse o bulela mmino.

Tota e bile, ke eng fa o sa ithute go ipha nako ya go nna fela o sa bulela mmino? Seo se ka go thusa go tokafatsa dithuto tsa gago. Steve yo o umakilweng pelenyana, a re: “O tla kgona go ithuta go le gontsi fa o timile mmino.” Leka go ithuta o sa bulela mmino, mme o bone gore a o ka se kgone go tokafatsa tsela e o tlhomang mogopolo ka yone.

Gape go ka nna molemo go ipha nako ya go bala le go ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Ka dinako dingwe Jesu Keresete o ne a ipha nako ya go ya kwa lefelong le le didimetseng gore a kgone go rapela le go tlhatlhanya. (Mareko 1:35) A lefelo le o ithutelang mo go lone le didimetse e bile ga go sepe se se go itayang tsebe? Fa go se jalo, o ka tswa o kgoreletsa go gola ga gago semoyeng.

Tlhopha Sentle

Ruri mmino ke mpho e e tswang kwa Modimong, mme o tshwanetse go nna kelotlhoko gore o e dirise sentle. O se ka wa tshwana le mosetsana mongwe yo o bidiwang Marlene yo o neng a re: “Ke na le mmino o ke itseng gore ke tshwanetse go o latlha. Le fa go ntse jalo, o monate.” Akanya fela kafa a senyang mogopolo le pelo ya gagwe ka gone ka go reetsa mmino o o sa siamang! Tila serai seo. Se letle mmino o go senya kgotsa o laola botshelo jwa gago. Dirisa melaometheo ya maemo a a kwa godimo ya Bokeresete fa o tlhopha mmino. Kopa Modimo ka thapelo gore a go kaele le go go thusa. Senka ditsala tse di lebang dilo ka tsela e e tshwanang le ya gago.

Mmino o ka go thusa go iketla le go repa. O ka go thusa go leleka bodutu. Mme fa mmino o didimala, mathata a gago a tla bo a sa ntse a le teng. Dipina di ka se tseye maemo a ditsala tsa mmatota. Ka jalo, o se letle mmino go nna selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa gago. O itumelele, mme gone o lekanyetse.

MO KGAOLONG E E LATELANG

O tlhoka go iketla ka dinako dingwe. Melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang go solegelwa molemo ka botlalo ke nako eo ya go iketla?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“A tsebe ka boyone ga e leke mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?”—Jobe 12:11.

KAKANTSHO

Fa o batla gore batsadi ba gago ba tlhaloganye gore ke eng fa o rata pina kgotsa setlhopha se se rileng sa mmino, ithute go rata mmino mongwe o le bone ba o ratang.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fa o sa batle gore batsadi ba gago ba utlwe mmino o o o reetsang, gongwe seo se bontsha gore go na le sengwe se se phoso ka one.

SE KE SE IKAELETSENG!

Nka laola tsela e ke reetsang mmino ka yone ka go

Fa balekane ba me ba nkgatelela gore ke reetse mmino o o leswe, ke tla re

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore

O AKANYANG?

Ke eng fa go le botlhokwa gore o tlhopha mmino ofe?

O ka itse jang gore a pina e siame kgotsa ga e a siama?

O ka dira eng go ithuta go rata mefuta e mengwe ya mmino?

[Mafoko a a mo go tsebe 259]

“Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 259]

Ka dinako tse dingwe ke iphitlhela ke reeditse pina e ke itseng gore ga e a siama. Ke e tima ka yone nako eo. Fa ke sa dire jalo, ke iphitlhela ke ipeela diipato tsa go e reetsa.’’—Cameron

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 258]

Ithute go Rata Mefuta e Mengwe ya Mmino

A gone jaanong o rata mefuta e e farologaneng ya dijo go feta fa o ne o na le dingwaga di le tlhano? Fa go le jalo, seo ke ka gonne o ile wa ithuta go rata mefuta e mengwe ya dijo e o sa e tlwaelang. Go ntse fela jalo le ka mmino. O se ka wa rata mofuta o o rileng fela wa mmino. Ithute go rata mefuta e mengwe.

Tsela e nngwe ya go dira jalo ke ka go ithuta go tshameka seletswa sengwe sa mmino. Go dira jalo ga go kitla go nna thata fela le go go kgotsofatsa mme gape go ka go naya tshono ya go itse mefuta e mengwe ya mmino e seng fela e e buelelwang ke barekisi ba mmino. O ka bona kae nako ya go ithuta? O ka dirisa nako e o lebelelang thelebishene kgotsa e o tshamekang metshameko ya ileketeroniki ka yone. Ela tlhoko se basha bano ba se buang.

“Go tshameka seletswa sa mmino go monate e bile go ka go naya tshono ya go itlhalosa maikutlo. Go ithuta go tshameka dipina tse disha go nthutile go rata mefuta e e farologaneng ya mmino.”—Brian, 18, o tshameka katara, meropa le piano.

“O tshwanetse go ithapisa gore o kgone go tshameka seletswa sa mmino sentle. Mme ga se ka metlha go leng monate. Mme gone, fa o setse o kgona go tshameka pina nngwe jaaka setswerere, o ikutlwa o kgotsofetse e bile o itumetse.”—Jade, 13, o tshameka seletswa se se bidiwang “viola.”

“Fa ke nnile le letsatsi le le sa itumediseng, ke ikutlwa botoka fa ke tshameka katara ya me. Go monate tota go letsa mmino o o lapolosang le o o nametsang pelo.”—Vanessa, 20, o tshameka katara, piano le “clarinet.”

“Ke ne ke a tle ke nne le kakanyo ya gore, ‘ga ke na ke tsamaya ke nna kgeleke jaaka semangmang.’ Ke ne ka itshokela go ithuta, mme jaanong ke ikutlwa ke kgotsofetse fa ke kgona go letsa pina e e rileng. Gape ke ithutile go anaanela bokgoni jwa baletsi ba bangwe ba mmino.”—Jacob, 20, o tshameka katara.

[Setshwantsho mo go tsebe 255]

Mmino o tshwana le dijo. Dijo tse di siameng di ka go solegela molemo fa o di ja ka selekanyo se se tshwanetseng. Tse di sa siamang tsone di ka nna kotsi le fa o ka di ja go le gonnye fela