Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao ya Baebele?

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao ya Baebele?

Kgaolo 34

Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao ya Baebele?

Ke nako ya dijo tsa motshegare, o na le basetsana ba babedi ba o tsenang sekolo le bone mme lo bona mosimane mongwe yo mosha mo sekolong.

Mosetsana wa ntlha a re: “Ruri Boitshoko o a go rata. Ke bona kafa a go lebang ka gone. O nna fela a go tlhomile matlho!”

Mosetsana wa bobedi o sekamela mo go wena a bo a seba a re: “Kana e bile ga a na kgarebe!”

Mme gone e sa le o ntse o belaela. Malobanyana fa, Boitshoko o ne a go laletsa gore o tle phathing kwa gagabo. O ne wa gana, le fa gone o ne o ipotsa gore go ne go tla direga eng fa o ne o ka ya.

Fa o sa ntse o akanya jalo mosetsana wa ntlha o bua sengwe.

A re: “Ka maswabi, nna ke setse ke na le motho wa me. Fa go ne go sa nna jalo, ke ne ke tla intsha le Boitshoko ka ponyo ya leitlho.”

Go tswa foo, o go leba a gamaregile. O setse o itse gore o tlile go reng jaanong.

O botsa jaana: “Ija, go tla jang gore o bo o se na motho yo o ratanang le ene?”

Ga o rate go bodiwa potso eo! Boammaaruri ke gore o ka rata go nna le lekau. Mme o boleletswe gore o tshwanetse go leta go fitlha o lekane go nyalwa pele o ka simolola go intsha le mongwe. Fa fela e ne e se ka . . .

Mosetsana wa bobedi a re: “Ke ka ntlha ya bodumedi jwa gago gakere?”

O akanya jaana, ‘E kete o ntse a bona se ke se akanyang.’

O a go sotla: “Sengwe le sengwe fela ke Baebele. Ke eng fa ka dinako dingwe o sa ijese monate go se kae?”

A O KILE wa sotliwa ka gonne o leka go tshela ka melao ya Baebele? Fa go le jalo, gongwe o ne wa ipotsa gore a tota go tshela ka melao ya Baebele ga go dire gore o fetwe ke menate. Mosha mongwe yo o bidiwang Deborah o ne a ikutlwa jalo. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke gateletswe ke melao ya Baebele. Ke ne ke rata botshelo jo bo se nang dithibelo tse dintsi jwa ditsala tsa me tsa kwa sekolong.”

Go Sekaseka se Tota e Leng Boammaaruri

Ga se ka metlha go leng molemo go ithuta ka diphoso. Tota e bile, go molemo go ithuta ka diphoso tsa ba bangwe jaaka mopesalema Asafe a ile a dira, e bile Dikwalo di a go letla. Go ne ga feta nako Asafe a na le maikutlo a gore melao ya Modimo e thata. Mme go sekaseka se se neng sa direga ka batho ba ba neng ba tlhokomologa ditsela tsa Modimo go ne ga mo thusa go bona se tota e leng boammaaruri. Moragonyana Asafe o ne a swetsa ka gore batho bao ba ne ba le mo “lefelong le le boreledi.”—Pesalema 73:18.

O ntse o akantse ka seo, ela tlhoko dikakgelo tse di latelang tsa basha ba ba neng ba tlhokomologa melao ya Baebele mme ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.

Ke eng se se neng se tlhotlheletsa tsela e o neng o akanya ka yone le se o neng o se dira?

Deborah: “Fa ke sa ntse ke tsena sekolo, ke ne ke bona mongwe le mongwe a na le lekau kgotsa kgarebe mme ba ne ba lebega ba itumetse. Fa ke na le bone, ke ne ke ba bona ba atlana le go tlamparelana mme ke ne ke ikutlwa ke le lefufa e bile ke jewa ke bodutu. Gantsi ke ne ke itetla go fetsa diura di le dintsi ke akanya ka mosimane mongwe yo ke neng ke mo rata. Mme seno se ne sa gakatsa keletso ya gore ke batle go ratana le ene.”

Mike: “Ke ne ke bala dibuka le go leba dithulaganyo tse di tlotlomatsang tlhakanelodikobo. Go bua le ditsala tsa me ka tlhakanelodikobo go ne ga dira gore ke batle go itse thata ka yone. Mme fa ke ne ke na le mosetsana kwa thoko, ke ne ke a tle ke akanye gore re ka kgona go bontshana lorato re sa tlhakanele dikobo, le gore nka kgona go emisa pele ga re ya kgakala.”

Andrew: “Ke ne ke itlwaeditse go leba ditshwantsho tse di hepisang mo Internet. Ke ne ka simolola go nwa bojalwa bobe. Mme ke ne ke setse ke ya diphathing le basha ba ba neng ba sa tlotle melao ya Baebele ya boitsholo.”

Tracy: “Ke ne ke itse gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go phoso, mme ke ne ke sa go tlhoa. Ke ne ke sa ikaelela go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, mme gone ke ne ka fekeediwa ke maikutlo. Ke ne ka swa segakolodi ka nakwana, ke sa ikutlwe ke le molato.”

A tsela e o neng o tshela ka yone e ne e go itumedisa?

Deborah: “Kwa tshimologong ke ne ke ikutlwa ke gololesegile e bile ke itumeletse gore jaanong ke amogelwa ke balekane ba me. Mme go ise go ye kae, ke fa maikutlo ao a fedile. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke le leswe, ke amogilwe boitsheko jwa me, ke se motho wa sepe. Ke ne ke ikwatlhaya tota go bo ke latlhegetswe ke bokgarebe jwa me ka tsela e e tlhabisang ditlhong jalo.”

Andrew: “Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga nna motlhofo go dira dilo tse di sa siamang. Mme gone, ke ne ke ikutlwa ke le molato e bile ke swabile ka ntlha ya se ke neng ke se dira.”

Tracy: “Boitsholo jo bo sa siamang bo ne jwa senya bosha jwa me. Ke ne ke akantse gore nna le lekau la me re tlile go ijesa monate. Mme ga go a ka ga nna jalo. Re ne ra feleletsa re utlwisane botlhoko le go bakelana mahutsana. Bosigo bongwe le bongwe ke ne ke lela ke sa kgaotse ke eletsa e kete nkabo ke dirile dilo ka tsela e Jehofa a e batlang.”

Mike: “Ke ne ka simolola go ikutlwa e kete karolo nngwe mo go nna e sule. Ke ne ka leka go itlhokomolosa kafa matswela a se ke neng ke se dirile a neng a ama ba bangwe ka gone, mme ke ne ke sa kgone. Ke ne ka utlwisiwa botlhoko thata ke go lemoga kafa go batla go ijesa monate ga me, go neng ga utlwisa ba bangwe botlhoko ka gone.”

Ke kgakololo efe e o ka e nayang basha ba ba akanyang gore melao ya Modimo ya boitsholo e thata?

Tracy: “Tshela ka melao ya ga Jehofa mme o itsalanye le batho ba le bone ba tshelang ka yone. Fa o dira jalo, o tla itumela tota.”

Deborah: “Se o se dirang ga se ame wena fela. Se tla ama le ba bangwe. Mme fa o itlhokomolosa kgakololo ya Modimo, o itshenyetsa botshelo.”

Andrew: “Fa o se na maitemogelo, o akanya gore botshelo jwa balekane ba gago bo monate. O tla tlhotlhelediwa ke tsela e ba itshwarang ka yone. Ka jalo, tlhopha ditsala ka botlhale. Ikanye Jehofa, mme ga o na go ikwatlhaya.”

Mike: “Dilo dingwe tsa botlhokwatlhokwa tse Jehofa a go neileng tsone ke, seriti le boitsheko. Go latlha dimpho tseo gonne fela o sa kgone go itshwara ke go itlontlolola. Bolelela batsadi ba gago le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng ka mathata a gago. Fa o dirile phoso, bolelela mongwe mme o baakanye seemo. Fa o dira dilo ka tsela ya ga Jehofa, o tla nna le kagiso ya mmatota ya mogopolo.”

Melao ya Baebele—A e A Kgoreletsa Kgotsa e a Sireletsa?

Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” mme o batla gore le wena o itumele. (1 Timotheo 1:11; Moreri 11:9) Melao e e mo Baebeleng e diretswe go go solegela molemo. Ke boammaaruri gore o ka nna wa e tsaya e le sekgoreletsi e bile e go tima kgololesego. Mme gone, melao ya boitsholo e e mo Baebeleng e tshwana le lebanta la pabalesego le le sireletsang bapagami mo koloing gore ba se ka ba gobala.

Ruri o ka ikanya Baebele. Fa o tlhopha go tshela ka melao ya yone, o tla itumedisa Jehofa o bo o solegelwe molemo.—Isaia 48:17.

MO KGAOLONG E E LATELANG

O ka kgona go nna tsala ya Modimo. Bona gore o ka dira seo jang.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.Isaia 48:17.

KAKANTSHO

Akanya gore o ne o tla bontsha monnao jang kafa melao ya Baebele e leng molemo ka gone. Go bua ka dilo tse o di dumelang ke tsela e e molemo ya go dira gore di nnele ruri mo pelong ya gago.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

O ka senya kamano ya gago le Jehofa ka ponyo ya leitlho, mme go ka go tsaya dingwagangwaga gore o baakanye seo.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke kgone go tlhaloganya kafa melao ya Baebele e leng molemo ka gone, ke tla ․․․․․

Fa ke simolola go tswela pelo batho ba ba tshelang ka tsela ya lefatshe, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Fa o akanya ka matswela a go se ikobele melao ya Modimo, ke eng fa go ithuta ka diphoso tsa gago go se molemo?

● O ithuta eng mo go se se builweng ke Deborah, Mike, Andrew le Tracy?

● Ke eng fa batho ba bangwe ba tsaya gore melao ya Baebele e a kgoreletsa, mme ke eng fa go akanya jalo go se botlhale?

[Mafoko a a mo go tsebe 285]

“Go ngomoga pelo mo o go utlwang fa o sena go kgalemelelwa phoso nngwe e o e dirileng, ga se sepe fa go bapisiwa le botlhoko jo o bo utlwang fa o leka go e fitlha.’’—Donna

[Ditshwantsho mo go tsebe 288]

Melao ya Baebele ga e go kgoreletse go itumela; e a go sireletsa