Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Bahebera ba Bararo

Sekao se se Molemo—Bahebera ba Bararo

Sekao se se Molemo—Bahebera ba Bararo

Hanania, Mishaele le Asaria ba eme fa dipoeng tsa Dura gaufi le Babelona. Ba dikologilwe ke batho ba ba obameng fa pele ga setshwantsho se segolo. Le fa ba gatelelwa ke balekane ba bone le go tshosediwa ke kgosi, makawana ano ga a ineele. Ba bolelela Nebukadenesare ka tlotlo ba tlhomame gore ga ba ka ke ba fetola tshwetso ya bone ya go direla Jehofa.—Daniele 1:6; 3:17, 18.

Banna bano ba ne ba sa ntse ba le basha fa ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Tsela e ba neng ba ikanyega ka yone fa ba sa ntse ba le basha—ba gana go ja dijo tse di neng di ilediwa ke Molao wa Modimo—e ne ya ba thusa go ipaakanyetsa diteko tse di boima tse ba neng ba tla lebana le tsone moragonyana mo botshelong. (Daniele 1:6-20) Ba ne ba itse go ya ka se se neng se ba diragaletse gore go ikobela Jehofa go solegela molemo. A le wena o ikemiseditse go kgomarela melao ya Modimo le fa balekane ba gago ba ka go gatelela? Fa o ka ithuta go ikobela Jehofa mo dilong tse di ka lebegang di le dinnye fa o sa ntse o le mosha, seno se tla go thusa gore o kgone go nna o ikanyega fa o lebana le diteko tse dikgolo moragonyana mo botshelong.—Diane 3:5, 6; Luke 16:10.