Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekao se se Molemo—Dafide

Sekao se se Molemo—Dafide

Sekao se se Molemo—Dafide

Dafide o rata mmino. Ke rammino yo o nang le bokgoni e bile ke motlhami wa dipina yo o setswerere. O kgona le go itirela diletswa tsa mmino. (2 Ditiragalo 7:6) Ka tsela e a leng setswerere ka yone, kgosi ya Iseraele e mo kopa gore a tle go mo leletsa dipina kwa lelapeng la segosi. (1 Samuele 16:15-23) Dafide o a dumela. Mme gone ga a nne mabela, e bile ga a letle mmino o laola botshelo jwa gagwe. Go na le moo, o dirisa bokgoni jwa gagwe go baka Jehofa.

A o rata mmino? O ka tswa o se setswerere sa mmino, mme gone o sa ntse o ka nna wa etsa sekao sa ga Dafide. Ka tsela efe? Ka go se letle mmino o laola botshelo jwa gago kgotsa o dira gore o akanye le go dira dilo ka tsela e e sa itumediseng Modimo. Go na le moo, dirisa mmino go natetsha botshelo jwa gago. Bokgoni jwa go tlhama mmino le go o itumelela ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Jakobe 1:17) Dafide o ne a dirisa mpho eno ka ditsela tse di neng di itumedisa Jehofa. A le wena o tla dira jalo?