Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Lebana Jang le go Jewa ke Bodutu?

Nka Lebana Jang le go Jewa ke Bodutu?

Kgaolo 9

Nka Lebana Jang le go Jewa ke Bodutu?

Ke letsatsi le le itumedisang mme ga o na se o se dirang. Balekane botlhe ba gago bone ba na le dilo tse ba di dirang. Ba ile go ijesa monate. Mme wena ga o a lalediwa gape! Go kgaphelwa kwa thoko go utlwisa botlhoko tota mme se se ka tswang se kaiwa ke seo sone se utlwisa botlhoko le go feta. O nna le boikutlo jwa gore, ‘gongwe go sengwe se se phoso ka nna. Ke eng fa go se ope yo o batlang go itsalanya le nna?’

GONGWE boemo jo bo tlhalosiwang mo tsebeng e e fetileng bo ile jwa go diragalela makgetlo a le mmalwa. O ka tswa o ikutlwa e kete go na le sekgoreletsi se se dirang gore o katogane le balekane ba gago. Nako le nako fa o leka go simolola motlotlo le bone o itoma diteme. Fa o iphitlhela o le fa gare ga bone o aparelwa ke ditlhong. Ke eng fa selo se se sa reng sepe se se jaaka go tlotla le bone se le boima jaana?

Go na le go ikutlwa o katogane jalo le ba bangwe, go na le dilo tse o ka di dirang. Mma re bone gore dilo tseo ke dife.

Sekgoreletsi sa 1: Go itseela kwa tlase. Basha bangwe ba rata go inyatsa. Ba na le boikutlo jwa gore ga go ope yo o ba ratang le gore ga go sepe se se kgatlhang se ba ka tlotlang ka sone. A ke kafa le wena o ikutlwang ka teng? Fa o na le boikutlo joo, go itseela kwa tlase go tla godisa sekgoreletsi se se go katoganyang le balekane ba gago.

Se o ka se dirang: Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse o nang le tsone. (2 Bakorintha 11:6) Ipotse, ‘Ke na le dinonofo dife tse di molemo?’ Akanya ka bokgoni jo o nang le jone kgotsa dinonofo tse di molemo tse o nang le tsone mme o di kwale fa tlase.

․․․․․

Ke boammaaruri gore o na le makoa mme go molemo go bo o a itse. (1 Bakorintha 10:12) Mme gape o na le dinonofo di le dintsi tse di molemo. Go itse dinonofo tseo tse di molemo tse o nang le tsone go tla go thusa gore o se tlhole o inyatsa.

Sekgoreletsi sa 2: Ditlhong. O ka rata go simolola motlotlo mme fa tshono e tlhaga, o felelwa ke mafoko. Elizabeth wa dingwaga di le 19 a re: “Ke ditlhong thata. Ruri ke thatafalelwa ke go tlotla le batho kwa dipokanong tsa Bokeresete mme batho ba ba kgonang go dira jalo ke ba tswela pelo tota!” Fa o na le bothata jo bo tshwanang le jwa ga Elizabeth o ka nna wa ikutlwa e kete ga o ka ke wa kgona go tlosa sekgoreletsi seo.

Se o ka se dirang: Kgatlhegela batho ba bangwe go tswa pelong. O se ka wa tshwenyega—ga o tlhoke go nna motho yo o buang thata. Simolola pele ka go bontsha kgatlhego mo mothong a le mongwe fela. Mosha mongwe yo o bidiwang Jorge a re: “Go botsa motho gore o tsoga jang kgotsa go mmotsa ka tiro ya gagwe go ka go thusa gore o mo itse botoka.”

Kakantsho ke e: O se ka wa tsalana fela le batho ba dingwaga tsa gago. Batho bangwe ba e neng e le ditsala tse di molemo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Ruthe le Naomi, Dafide le Jonathane, le Timotheo le Paulo ba ne ba fetana thata ka dingwaga. (Ruthe 1:16, 17; 1 Samuele 18:1; 1 Bakorintha 4:17) Gape, se lebale gore puisano e e molemo e tlhoka gore batho ba tlotle mmogo e seng gore go bue a le mongwe fela. Batho ba rata motho yo o ba reetsang ka kelotlhoko. Ka jalo, fa o ikutlwa o le ditlhong se lebale gore fa go tlotlwa, ga o tlhoke gore e bo e le wena fela o buang!

Kwala maina a bagolo ba le babedi ba o ka ratang go ba itse botoka.

․․․․․

Ke eng o sa atamele mongwe wa batho ba o ba kwadileng fa godimo mme o simolole motlotlo le ene? Fa o ntse o leka ka natla go itse “bakaulengwe botlhe” ga o ka ke wa ikutlwa o jewa ke bodutu thata.—1 Petere 2:17.

Sekgoreletsi sa 3: Go itshwara ka tsela e e sa rategeng. Ka metlha bomaitsegotlhe ba nna ba ipaakanyeditse go tlhaba ba bangwe ka mafoko, go ba sotla ka mafoko kgotsa go ba nyenyefatsa. Mme batho bangwe bone ba rata go nna manganga le go pateletsa mongwe le mongwe gore a dumalane le bone. E re ka ba itsaya ba ‘siame ka tsela e e feteletseng,’ ba bonako go atlhola mongwe le mongwe fela yo o sa direng dilo ka tsela ya bone. (Moreri 7:16) Le wena o ka tswa o sa rate go tsalana le batho ba ba ntseng jalo! A e ka tswa e le gore batho ba bangwe ba a go katoga ka gonne le wena o itshwara ka tsela e e ntseng jalo? Baebele ya re: “Seeleele se bua mafoko a mantsi,” gape ya re “ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi.”—Moreri 10:14; Diane 10:19.

Se o ka se dirang: Bontsha “go utlwela ba bangwe botlhoko.” (1 Petere 3:8) Le fa o sa dumalane le se motho yo mongwe a se buang, nna pelotelele mme o mo letle go ntsha maikutlo a gagwe. Dira gore lo bue ka dilo tse lo dumalanang ka tsone. Fa o ikutlwa o batla go ntsha maikutlo a gago ka se lo sa dumalaneng ka sone, dira jalo ka bonolo le ka tsela e e bontshang go akanyetsa.

Bua le batho ba bangwe ka tsela e o ka ratang ba bua le wena ka yone. Baebele e re gakolola gore re ‘nne re dire dilo tsotlhe go se na dingongorego le manganga.’ (Bafilipi 2:14) Go nna manganga go sa tlhokege kgotsa go sotla ba bangwe le go ba tlhaba ka mafoko kgotsa go rata go ba tshwayatshwaya diphoso, go dira gore ba go katoge. Ba tla go rata thata fa ‘ka metlha puo ya gago e le ya bopelontle.’—Bakolosa 4:6.

A o Tshwanetse go Dira Sengwe le Sengwe Fela Gore o Nne O na Le Ditsala?

Fa o sena go itshekatsheka gongwe o bona ditsela dingwe tse di ka go thusang go tlosa sekgoreletsi se se ka tswang se le teng fa gare ga gago le batho ba bangwe. Mme gone o tshwanetse go leba dilo sentle. O se ka wa lebelela gore o ratiwe ke mongwe le mongwe. Jesu o ne a re bangwe ba ne ba tla tlhoa le batho ba ba dirang se se siameng. (Johane 15:19) Ka jalo ga go thuse go leka go dira sengwe le sengwe fela gore o nne o na le ditsala.

Le fa go ntse jalo, o ka leka ka natla go nna motho yo o molemo mme gone o sa tlhokomologe melaometheo e o ipeetseng yone e e dumalanang le Baebele. Samuele wa mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele o ne a ititeile sehuba go dira se se neng se tla itumedisa Modimo. Seo se ne sa mo solegela molemo jang? O ne a nna ‘a ratega thata mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.’ (1 Samuele 2:26) Le wena go ka nna jalo ka wena fa o dira maiteko!

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 8

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba DVD ya “Young People Ask—How Can I Make Real Friends?” E gone ka dipuo tse di fetang 40

MO KGAOLONG E E LATELANG

Tsala ya gago e kgolo e fetoga mmaba wa gago yo mogolo. O ka dirang ka gone?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.” —Diane 11:25.

KAKANTSHO

Dira gore motlotlo o tswelele. Ka sekai, fa mongwe a go botsa gore a o nnile le mafelobeke a a itumedisang, o se ka wa araba fela ka ee. Tlhalosa gore ke eng se se dirileng gore o a itumelele. Go tswa foo o bo o mmotsa gore ene o ne a dira eng ka mafelobeke.

A O NE O ITSE GORE . . .  ?

Baebele e bontsha gore Moshe, Jeremia le Timotheo ba ka tswa ba ne ba na le bothata jwa go nna ditlhong.—Ekesodo 3:11, 13; 4:1, 10; Jeremia 1:6-8; 1 Timotheo 4:12; 2 Timotheo 1:6-8.

SE KE SE IKAELETSENG!

Selo se segolo se se nkgoreletsang go dira ditsala ke ․․․․․

Ke tla leka ka natla go fenya sekgoreletsi seno ka go ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa Bakeresete bangwe ba ka jewa ke bodutu?

● Ke eng se se ka go thusang go iteba ka tsela e e siameng go na le go itseela kwa tlase?

● O ka gomotsa jang monnao yo o nang le bothata jwa go jewa ke bodutu?

[Mafoko a a mo go tsebe 88]

“Kgaitsadi mongwe o ne a leka go itsalanya le nna, mme ke ne ka fetsa lobaka lo loleele ke mo tlhokomologa. E ne ya re fa kgabagare ke swetsa gore ke nne tsala ya gagwe, ka ikutlwa e kete ke seeleele! O ne a nna mongwe wa ditsala tse di molemo go gaisa tse nkileng ka nna le tsone le mororo a ne a mpheta ka dingwaga di le 25!’’—Marie

[Setshwantsho mo go tsebe 87]

O ka kgona go tlosa sekgoreletsi se se go katoganyang le balekane ba gago