Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 7

Ke Eng se Baebele e se Bolelelang Pele ka Motlha wa Rona?

Ke Eng se Baebele e se Bolelelang Pele ka Motlha wa Rona?

“Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi . . . Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.”

Mathaio 24:7, 8

“Baporofeti ba le bantsi ba maaka ba tla tsoga ba bo ba timetsa ba le bantsi; mme ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”

Mathaio 24:11, 12

“Fa lo utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa, lo se ka lwa tshoga; dilo tseno di tshwanetse go diragala, mme e be e ise e nne bokhutlo.”

Mareko 13:7

“Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo; mme go tla nna le dipono tse di boifisang le ditshupo tse dikgolo go tswa legodimong.”

Luke 21:11

“Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.”

2 Timotheo 3:1-5