Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 2

O ka Ithuta ka Modimo Jang?

O ka Ithuta ka Modimo Jang?

“Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.”

Joshua 1:8

“Ba tswelela ba balela buka kwa godimo, molao wa Modimo wa boammaaruri, o tlhalosiwa ka botlalo, gape o dirwa gore o nne le bokao; mme ba tswelela ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.”

Nehemia 8:8

“Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi . . . , mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”

Pesalema 1:1-3

“Filipo a taboga go bapa le yone mme a mo utlwa a balela moporofeti Isaia kwa godimo, mme a re: ‘A tota o itse se o se balang?’ A re: ‘Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?’”

Ditiro 8:30, 31

“Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato.”

Baroma 1:20

“Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”

1 Timotheo 4:15

“A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.”

Bahebera 10:24, 25

“Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.”

Jakobe 1:5