Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 17

Baebele e ka Thusa Lelapa la Gago Jang?

Baebele e ka Thusa Lelapa la Gago Jang?

BANNA/BORRE

“Ka tsela eno banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela . . . A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.”

Baefeso 5:28, 29, 33

“Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”

Baefeso 6:4

BASADI

“Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”

Baefeso 5:33

“Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e re ka go tshwanela mo Moreneng.”

Bakolosa 3:18

BANA

“Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame: ‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’”

Baefeso 6:1-3

“Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng.”

Bakolosa 3:20