Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 16

O ka Lepalepana Jang le go Tlhobaela?

O ka Lepalepana Jang le go Tlhobaela?

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”

Pesalema 55:22

“Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.”

Diane 21:5

“O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa [tlhobaela], gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”

Isaia 41:10

“Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?”

Mathaio 6:27

“Jalo, lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.”

Mathaio 6:34

“Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”

Bafilipi 1:10

“Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”

Bafilipi 4:6, 7