Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 6

Ke Eng se Baebele e se Boleletseng Pele ka ga Mesia?

Ke Eng se Baebele e se Boleletseng Pele ka ga Mesia?

BOPOROFETI

“Wena, Bethelehema Eferatha, . . . go tswa mo go wena go tla tla mo go nna yo o tla nnang mmusi mo Iseraele.”

Mika 5:2

TIRAGATSO

“Fa Jesu a sena go tsalwa kwa Bethelehema wa Judea mo malatsing a ga Herode kgosi, bona! balepadinaledi ba ba tswang kwa dikarolong tsa botlhaba ba tla kwa Jerusalema.”

Mathaio 2:1

BOPOROFETI

“Ba kgaogana diaparo tsa me, mme diaparo tsa me ba di tshelela bola.”

Pesalema 22:18

TIRAGATSO

“E rile masole a sena go bapola Jesu, a tsaya diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle a di kgaoganya dikarolo di le nnè . . . Mme seaparo sa kafa teng se ne se se na moroko, se rarilwe go tswa kwa godimo go ya le boleele jwa sone. Jalo ba raana ba re: ‘A re se se gagoleng, mme a re se tlhomamiseng ka bola gore e tla nna sa ga mang.’”

Johane 19:23, 24

BOPOROFETI

“O disa marapo otlhe a yoo; ga go na lepe la one le le robegileng.”

Pesalema 34:20

TIRAGATSO

“Fa ba tla mo go Jesu, ka ba ne ba bona gore o ne a setse a sule, ba se ka ba roba maoto a gagwe.”

Johane 19:33

BOPOROFETI

“O ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona.”

Isaia 53:5

TIRAGATSO

“Mongwe wa masole a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, ka yone nako eo madi le metsi tsa tswa.”

Johane 19:34

BOPOROFETI

“Ba ntuela tuelo ya me, dipapetla tsa selefera di le masome a mararo.”

Sekarea 11:12, 13

TIRAGATSO

“Foo mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o bidiwang Judase Isekariota, a ya kwa baperesiting ba bagolo mme a re: ‘Lo tla nnaya eng gore ke mo okele mo go lona?’ Ba mo tlhomamisetsa dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo.”

Mathaio 26:14, 15; 27:5