Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 1

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

“Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”

Pesalema 83:18

“Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona.”

Pesalema 100:3

“Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me, le fa e le ditshwantsho tse di betlilweng pako ya me.”

Isaia 42:8

“Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”

Baroma 10:13

“Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”

Bahebera 3:4

“Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”

Isaia 40:26