Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 10

Baebele e Solofetsa Eng ka Isagwe?

Baebele e Solofetsa Eng ka Isagwe?

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”

Pesalema 37:29

“Lefatshe le eme ka bosakhutleng.”

Moreri 1:4

“O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”

Isaia 25:8

“Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo. Gonne metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e e phothoselang mo lebaleng le le sekaka.”

Isaia 35:5, 6

“O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Tshenolo 21:4

“Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”

Isaia 65:21, 22