Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Potso 12

Re ka Nna le Tsholofelo Efe ka Baswi?

Re ka Nna le Tsholofelo Efe ka Baswi?

“Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.”

Johane 5:28, 29

“Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”

Ditiro 24:15

“Ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, mme dikwalo tsa momeno tsa bulwa. Mme lokwalo lwa momeno lo longwe lo ne lwa bulwa; ke lokwalo lwa momeno lwa botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tseno tsa momeno go ya ka ditiro tsa bone. Mme lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa bone.”

Tshenolo 20:12, 13