Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Madumedi Otlhe a Ruta Boammaaruri?

A Madumedi Otlhe a Ruta Boammaaruri?

Karolo 1

A Madumedi Otlhe a Ruta Boammaaruri?

1. Mangwe a madumedi a a leng teng mo Afrika ke afe?

MO E ka nnang mongwe le mongwe mo Afrika o a dumela gore go botlhokwa go obamela Modimo. Le fa go ntse jalo, ga ba dumalane gore o tshwanetse go obamelwa ka tsela efe. Bangwe ba mo obamela kwa lefelong la kobamelo la Mamoselema, fa ba bangwe ba ya kwa lefelong le le boitshepo la kobamelo. Mme ba bangwe bone ba ya kwa kerekeng. Mme go tla bo go le phoso go akanya gore go na le madumedi a le mararo fela mo Afrika. Mo gare ga Mamoselema, go na le melao le ditumelo tse di farologaneng. Madumedi a setso a farologana thata go ya ka mafelo a a leng mo go one. Dikereke tse di ipolelang gore ke tsa Bakeresete tsone di kgaogane le go feta. Kwantle ga dikereke tseno tse dikgolo go na le dikereke tse dingwe tse dintsintsi mo Afrika.

Bodumedi Jwa Rona bo Tshwanetse Jwa bo bo Theilwe mo Boammaaruring

2. (a) Gantsi ke eng se se laolang gore motho e nna wa bodumedi bofe? (b) Ke eng se se sa bontsheng gore bodumedi jwa rona bo itumedisa Modimo?

2 Ke ka ntlha yang fa batho ba obamela ka tsela e ba obamelang ka yone? Batho ba le bantsi ba mo bodumeding jwa batsadi ba bone. Dilo tse di diragetseng bogologolo le tsone di ka ama bodumedi jo batho ba bo latelang. Buka ya The Africans—A Triple Heritage ya re: “Boiselamo bo ne jwa anamela kwa bokone jwa Sahara ka gonne ba ne ba fenya ditšhaba tsa teng, . . . Bokeresete bo ne jwa anamela kwa borwa jwa Sahara ka mokgwa o o tshwanang. Fa Boiselamo bo ne bo dirisa tšhaka go anamela kwa bokone jwa Sahara, Bokeresete bo ne jwa dirisa tlhobolo go anamela kwa borwa jwa Sahara.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba rona re dumela gore bodumedi jwa rona bo itumedisa Modimo. Mme ga se gore bodumedi jwa rona ke jwa boammaaruri fela ka gonne batsadi ba rona ba le mo go jone kgotsa ka gonne puso nngwe e ne ya bo pateletsa bagologolo ba rona.

3-5. Ke setshwantsho sefe se se re thusang go bona gore ga se madumedi otlha a a rutang boammaaruri?

3 Le fa gone madumedi otlhe a bolela gore a kgona go kaela batho sentle gore ba direle Modimo jang, dilo tse ba di buang ga di tshwane. A ruta dilo tse di farologaneng malebana le gore Modimo ke mang le gore ke eng se a batlang gore re se dire. Akanya ka kgang eno: A re re o bone tiro mo khampaning nngwe e kgolo. Fa o tla tirong mo letsatsing la ntlha, o bolelelwa gore mong wa gago o ile malatsing a boikhutso. Ka jalo o botsa badiri bangwe ba bararo gore o dire eng. Modiri wa ntlha o go bolelela gore mong wa gago o batla gore o feele fa fatshe. Wa bobedi a re o pente kago. Wa boraro o go bolelela gore o tsamaise poso.

4 Go tswa foo o botsa badiri bano gore mong wa gago ke motho yo o ntseng jang. Wa ntlha o go bolelela gore mong wa gago o moleele, o sa le mosha, e bile o setlhogo. Wa bobedi a re o mokhutshwane, o tsofetse e bile ke motho yo o siameng. Wa boraro o go bolelela gore tota e bile mong wa gago ga se monna, ke mosadi. Gongwe ga o na go dumela gore badiri ba bararo bano botlhe ba go bolelela boammaaruri. Fa o batla go tswelela o ntse o bereka moo, gongwe o tla tshwanelwa ke gore o batlisise gore tota mong wa gago ke mang le gore o batla gore o dire eng.

5 Go ntse fela jalo le ka bodumedi. E re ka go na le dilo di le dintsi thata tse batho ba di akanyang ka Modimo le ka se a batlang re se dira, re tshwanetse go tlhomamisa gore tsela e re mo obamelang ka yone e dumalana le boammaaruri. Mme re ka ithuta boammaaruri jang ka Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]