Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amogela Madumedi Otlhe?

A Modimo o Amogela Madumedi Otlhe?

Karolo 6

A Modimo o Amogela Madumedi Otlhe?

1. Go ya ka Lefoko la Modimo, go na le mefuta efe e mebedi fela ya bodumedi?

JESU o ne a re: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) Go ya ka Lefoko la Modimo, go na le mefuta e le mebedi fela ya bodumedi: jwa boammaaruri le jwa maaka; jo bo siameng le jo bo sa siamang; jo bo isang botshelong le jo bo isang tshenyegong.

2. Dikwalo di bontsha jang gore ga se madumedi otlhe a a itumedisang Modimo?

2 Batho bangwe ba akanya gore madumedi otlhe a itumedisa Modimo. Ditemana tse di latelang tsa Baebele di bontsha gore ga go a nna jalo:

● “Bomorwa Iseraele ba boa gape ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba simolola go direla Bobaale le ditshwantsho tsa Ashethorethe le medimo ya Siria le medimo ya Sidona le medimo ya Moabe le medimo ya bomorwa Amona le medimo ya Bafilisitia. Ka jalo ba tlogela Jehofa ba se ka ba mo direla. Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele.” (Baatlhodi 10:6, 7) Fa re obamela ditshwantsho kgotsa modimo ope o mongwe mme re sa obamele Modimo wa boammaaruri, Jehofa ga a na go re amogela.

● “Batho bano ba ntlotla [Modimo] ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le nna. Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.” (Mareko 7:6, 7) Fa batho ba ba bolelang gore ba obamela Modimo ba ruta dikgopolo tsa bone go na le go ruta se se mo Baebeleng, kobamelo ya bone ke ya lefela. Modimo ga a e amogele.

● “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Kobamelo ya rona e tshwanetse go dumalana le boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.

Maungo a Bodumedi Jwa Maaka

3. Tsela nngwe ya go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri mo bodumeding jwa maaka ke efe?

3 Re ka bona jang gore bodumedi bo itumedisa Modimo kgotsa nnyaa? Jesu o ne a re: “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola . . . Ka jalo, ruri lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.” Ka mafoko a mangwe, fa bodumedi bo tswa kwa Modimong, bo tla ungwa maungo a a molemo; mme fa bo tswa kwa go Satane, bo tla ungwa maungo a a bosula.—Mathaio 7:15-20.

4. Baobamedi ba ga Jehofa ba bontsha nonofo efe?

4 Bodumedi jwa boammaaruri bo dira gore batho ba jone ba ratane e bile ba rate le batho ba bangwe. Seo se direga ka gonne Jehofa ka boene e le Modimo yo o lorato. Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” Madumedi a dira jang mo ntlheng eno ya kobamelo ya boammaaruri?—Johane 13:35; Luke 10:27; 1 Johane 4:8.

5. Saetlopedia nngwe e tlhalosa jang go rekisiwa ga makgoba a Afrika?

5 Akanya ka go rekisiwa ga makgoba a Afrika. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Mo gare ga dingwaga tsa 650 le 1905 mo e ka nnang Maafrika a le 18 000 000 a ne a rekisiwa ka kwa ga Sahara ya Boiselamo go fitlha kwa Lewatleng la India. Mo karolong ya bobedi ya lekgolo la bo15 la dingwaga Mayuropa a ne a simolola kgwebo eno mo lobopong lo lo kafa bophirima la Afrika, mme ka 1867 go ne go setse go rometswe Maafrika a le gareng ga 7 000 000 le 10 000 000 ka dikepe e le makgoba kwa Mafatsheng a Bophirima.”

6. Bodumedi bo ne jwa amega jang mo go rekisiweng ga makgoba?

6 Bodumedi bo ne jwa dira eng ka nako eno ya mathata mo Afrika fa banna, basadi le bana ba ne ba tsewa ka dikgoka mo magaeng a bone le mo go ba malapa a bone, ba bofiwa ka dikeetane, ba tshwaiwa ka ditshipi tse di molelo, mme ba rekwa le go rekisiwa jaaka e kete ke dikgomo? Bethwell Ogot o kwala jaana mo lokwalodikgannyeng lwa Daily Nation lwa Nairobi, kwa Kenya: “Bakeresete le Mamoseleme ba ruta gore batho botlhe ba tshwanetse go nna seoposengwe, mme le fa go ntse jalo ke bone ba ba simolotseng go tshwarwa ga makgoba go go tletseng ka go tlhaola batho ka lotso lwa bone. . . . Re tshwanetse go dumela gore Mamoseleme le Bakeresete, batho ba Bophirima le ba Botlhabagare ba molato botlhe, re bo re dumele gore go sa tlhokomele se se siameng le se se sa siamang go dirile gore Maafrika a sotlege ka tsela e e feteletseng ka makgolokgolo a dingwaga.”

Bodumedi le Ntwa

7. Baeteledipele ba bodumedi ba nnile le seabe sefe mo ntweng?

7 Bodumedi jwa maaka bo tlhagisitse maungo a jone a a bodileng ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, le mororo Baebele e re o “rate moagelani wa gago,” baeteledipele ba bodumedi mo lefatsheng lotlhe ba ntse ba ema ntwa nokeng le go e buelela ka tlhoafalo.—Mathaio 22:39.

8. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba rotloetsa jang dipolaano mo dintweng tsa mo Afrika? (b) Moruti mongwe o ne a reng ka baeteledipele ba bodumedi ka ntwa ya selegae ya kwa Nigeria?

8 Ke selo se se itsegeng sentle gore ka 1994, baitlami bangwe le baruti ba nnile le seabe mo go bolaweng ga batho kwa Rwanda. Bodumedi bo nnile le seabe se segolo thata le mo dintweng tse dingwe tsa mo Afrika. Ka sekai, ka ntwa ya selegae e go neng ga tshololwa madi a mantsi thata mo go yone kwa Nigeria, madumedi mo matlhakoreng oomabedi a a neng a lwantshana a ne a kgothaletsa batho ba one go lwa. Fa ntwa eo e ntse e tsweletse, moruti mongwe o ne a re baeteledipele ba dikereke ba ne ba “seegetse kwa thoko tiro e ba e neilweng ke Modimo.” Gape o ne a re: “Rona ba re ipitsang badiredi ba Modimo jaanong re badiredi ba ga Satane.”

9. Baebele ya reng ka badiredi ba ga Satane?

9 Baebele e bua se se tshwanang: “Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi. Jalo ga se sepe se segolo fa badiredi ba gagwe le bone ba nna ba iphetola badiredi ba tshiamo.” (2 Bakorintha 11:14, 15) Fela jaaka fa batho ba bantsi ba ba bosula ba dira jaaka e kete ba siame, Satane le ene o tsietsa batho ka badiredi ba ba bonalang e kete ba siame mme ditiro tsa bone di le bosula e bile ba tlhagisa maungo a a bodileng.

10. Baeteledipele ba bodumedi ba itatotse Modimo jang?

10 Mo lefatsheng lotlhe, baeteledipele ba bodumedi ba ntse ba rera ka lorato, kagiso, le molemo, mme ba tletse letlhoo, ntwa, le bosula. Baebele e ba tlhalosa sentle. Ya re: “Ba bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo, mme ba mo itatola ka ditiro tsa bone.”—Tito 1:16.

Tswang mo go “Babelona o Mogolo”

11. Baebele e tlhalosa jang bodumedi jwa maaka?

11 Re kgona go bona gore Jehofa o ikutlwa jang ka bodumedi jwa maaka fa re bala buka ya Baebele ya Tshenolo. Moo, bodumedi jwa maaka bo tlhalosiwa e le mosadi wa tshwantshetso, “Babelona o Mogolo.” (Tshenolo 17:5) Ela tlhoko kafa Modimo a mo tlhalosang ka teng:

● “Seaka se segolo . . . se dikgosi tsa lefatshe di neng tsa dira kgokafalo le sone.” (Tshenolo 17:1, 2) Mo boemong jwa go ikanyega mo Modimong, bodumedi jwa maaka bo inaakantse le dipolotiki, gantsi bo bolelela dipuso se di tshwanetseng go se dira.

● “Go ne ga fitlhelwa madi a baporofeti le a baitshepi mo go ene le a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) Bodumedi jwa maaka bo bogisitse batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo jwa ba jwa ba bolaya e bile ke jone bo bolaileng dimilionemilione tsa batho mo ntweng.

● ‘O ikgalaleditse a ba a tshelela mo manobonobong a a sa a tlhabelweng ke ditlhong.’ (Tshenolo 18:7) Bodumedi jwa maaka bo na le dikhumo tse dikgolo thata, tse baeteledipele ba jone ba di dirisang go tshela mo manobonobong.

● “Ditšhaba tsotlhe di ne tsa tsiediwa ke go dirisana le meya ga [gagwe].” (Tshenolo 18:23) Ka thuto ya jone ya maaka ya gore moya (soul) ga o swe, bodumedi jwa maaka bo bakile mefuta yotlhe ya go dirisana le meya le boloi e bile bo dirile gore batho ba boife baswi ba bo ba obamele bagologolwane.

12. Baebele e ntsha tlhagiso efe ka bodumedi jwa maaka?

12 Baebele e bua jaana e tlhagisa batho gore ba ikgaoganye le bodumedi jwa maaka: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe.”—Tshenolo 18:4, 5.

13. Go tlile go diregang ka bodumedi jwa maaka le ba ba mo go jone?

13 Go ise go ye kae, Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o tla senngwa gotlhelele. Baebele ya re: “Ke gone ka moo dipetso tsa gagwe di tla tlang ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo, ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.” (Tshenolo 18:8) Fa re sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe, re tshwanetse go tswa gotlhelele mo bodumeding jwa maaka, re sa amane ka gope le ditiro, mekete le ditumelo tse di sa itumediseng Modimo. Go potlakile. Matshelo a rona a mo kotsing!—2 Bakorintha 6:14-18.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe  20, 21]

Bodumedi jwa maaka bo ile jwa amega mo dintweng le mo go rekisiweng ga makgoba

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Blessing troops: Daily Times of Nigeria; slave boat: Schomburg Center for Research in Black Culture/The New York Public Library/Astor, Lenox and Tilden Foundations; starving boy: UN PHOTO 186797/J. Isaac