Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bagologolwane ba Rona ba Kae?

Bagologolwane ba Rona ba Kae?

Karolo 4

Bagologolwane ba Rona ba Kae?

1, 2. Ke eng se batho ba bantsi ba se dumelang ka batho ba ba suleng?

BATHO ba le dimilionemilione mo Afrika ga ba dumele gore loso ke go khutla ga botshelo, mme ba dumela gore ke nako ya phetogo fela, go fetela mo botshelong kwa lefelong le lengwe. Ba le bantsi ba dumela gore bagologolwane ba bone ba dule mo lefatsheng le le bonalang mme ba fetetse kwa lefatsheng le le sa bonaleng, ba tswa mo lefatsheng la batho, ba ya lefatsheng la meya.

2 Go dumelwa gore bagologolwane bano, kgotsa meya ya bone e tlhokometse gore ba malapa a bone ba ba mo lefatsheng ba tshela sentle e bile ba itumetse. Go ya ka pono eno, meya ya bagologolwane ke ditsala tse di maatla, tse di kgonang go lere thobo e ntle, tse di dirang gore re itumele, le tse di re sireletsang mo kotsing. Ga twe fa ba tlhokomologilwe kgotsa ba kgopisegile ba tlisa masetlapelo—bolwetse, lehuma le kotsi.

3. Batho bangwe ba obamela bagologolwane jang?

3 Batho ba ba tshelang ba dira dilo dingwe le meetlo mengwe go tlotla meya ya bagologolwane le go dira gore ba nne ba na le kamano e ntle le bone. Mekgwa eno e bonwa gantsi mo meetlong ya phitlho, jaaka tebelelo. Bagologolwane ba obamelwa gape ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, pele ga batho bangwe ba nwa bojalwa, ba tshololela jo bongwe fa fatshe, ba tshololela bagologolwane. Gape, fa dijo di sena go apewa, go tlogelwa dingwe mo pitseng gore fa bagologolwane ba tla ba fitlhele sengwe se ba ka se jang.

4. Ke eng se batho ba bantsi ba se dumelang ka moya?

4 Batho ba bangwe ba dumela gore batho ba ba tshelang ba na le moya o o sa sweng o o tswelelang o tshela fa mmele o sena go swa. Ga twe fa motho a tshela botshelo jo bo siameng, moya wa gagwe o ya legodimong, kgotsa kwa paradaiseng, mme fa a tshela botshelo jo bo sa siamang, ga twe moya wa gagwe o ya diheleng. Gantsi batho ba kopanya kgopolo eno le ditumelo tsa setso. Ka sekai, ka dinako tse dingwe dipego tsa baswi tse di kwalwang mo makwalodikgannyeng tse di itsiseng ka ditirelo tsa phitlho tsa kwa kerekeng tsa re motho o “kgabagantse” kgotsa o “o ile badimong.” Ditumelo tseno tsotlhe di tswa mo kgopolong ya gore moya o tswelela o tshela fa mmele o swa. Baebele ya reng ka seno?

Moya (Soul) le Moya (Spirit)

5, 6. Go ya ka Baebele, moya (soul) ke eng?

5 Baebele e bontsha gore moya (soul) ga se sengwe se se mo teng ga motho; moya (soul) ke motho ka boene. Ka sekai, fa Modimo a ne a bopa Adame, “motho a nna moya [soul] o o tshelang.” (Genesise 2:7) Adame ga a newa moya; e ne e le moya, motho yo o feletseng.

6 Ka gone, re bala gore meya e a tsholwa. (Genesise 46:18) E kgona go ja kgotsa go itima dijo. (Lefitiko 7:20; Pesalema 35:13) E a lela e bile e a koafala. (Jeremia 13:17; Jona 2:7) Meya e ka utswiwa, ya latelelwa, ya golegwa. (Duteronome 24:7; Pesalema 7:5; 105:18) Dibaebele dingwe di ranola lefoko la puo ya ntlhantlha di re “moya” mo ditemaneng tseno, mme tse dingwe di dirisa mafoko “sebopiwa” kgotsa “motho.” Otlhe a raya selo se se tshwanang.

7. Ke ditemana dife tsa Baebele tse di bontshang gore moya o a swa?

7 E re ka moya e le motho, fa motho a swa, moya o a swa. Esekiele 18:4 ya re: “Moya o o leofang—go tla swa one.” Gape Ditiro 3:23 ya re: “Eleruri, moya [kgotsa motho] le fa e le ofe o o sa reetseng Moporofeti yoo o tla senngwa mo go feletseng mo bathong.” Ka jalo moya ga se sengwe se se tswelelang se tshela fa mmele o sena go swa.

8. Moya (spirit) o o mo bathong ke eng?

8 Moya (spirit) ga o tshwane le moya (soul). Mo bathong, moya (spirit) ke maatla a botshelo a a dirang gore ba kgone go dira. Moya (spirit) o tshwana le motlakase. Motlakase o kgona go dira gore sefetlhamowa kgotsa setsidifatsi se bereke mme one ka boone o ka se fetlhe mowa e bile o ka se tsidifatse dilo. Ka tsela e e tshwanang, moya wa rona o dira gore re kgone go bona, go utlwa le go akanya. Mme moya ono ka boone ga o ka ke wa dira sepe sa dilo tseno fa matlho, ditsebe kgotsa boboko di seyo. Ke gone ka moo Baebele e buang jaana ka motho: “Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”—Pesalema 146:4.

9. Ke eng se moya (soul) le moya (spirit) di sa se direng?

9 Ka jalo, go ya ka Baebele, moya (spirit) le moya (soul) ga di tswe mo mmeleng di bo di tswelela di tshela kwa lefelong la moya fa motho a swa.

Boemo Jwa Baswi

10. Baebele ya reng ka boemo jwa baswi?

10 Boemo jwa baswi ke bofe? E re ka Jehofa e le ene a bopileng batho, gape o itse gore go diragalang ka rona fa re swa. Lefoko la Gagwe le re ruta gore baswi ga ba tshele, ga ba kgone go utlwa, go bona, go bua, kgotsa go akanya. Baebele ya re:

● “Baswi . . . ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5.

● “Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse.”—Moreri 9:6.

● “Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa [lebitleng], lefelo le o yang kwa go lone.”—Moreri 9:10.

11. Fa Adame a sena go leofa, Jehofa o ne a mo raya a reng?

11 Akanya ka se Baebele e se buang ka mogologolwane wa rona wa ntlha, Adame. Jehofa o ne a bopa Adame “ka lorole lo lo tswang mo mmung.” (Genesise 2:7) Fa Adame a ne a utlwile molao wa ga Jehofa, o ka bo a ne a tshelela ruri ka boitumelo mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, Adame o ne a se ka a utlwa molao wa ga Jehofa, mme o ne a otlhaiwa ka loso. Adame o ne a ya kae fa a sena go swa? Modimo o ne a mo raya a re: “O [tla] boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.

12. Go ile ga diragalang ka Adame fa a swa?

12 Adame o ne a le kae pele ga Jehofa a mmopa ka lorole lwa mmu? O ne a seyo. O ne a sa tshele. Ka jalo fa Jehofa a ne a re Adame o tla “boela mo mmung,” O ne a raya gore Adame o ne a tla boela mo boemong jwa go sa tshele, jaaka lorole lwa mmu. Adame ga a ka a tswelela a tshela mo lefatsheng la moya. Ga a ka a ‘kgabaganyetsa’ kwa lefelong la meya ya badimo. Ga a ka a ya kwa legodimong kgotsa kwa diheleng. O ne a boela mo boemong jwa go sa tshele; o ne a sa tlhole a le teng.

13. Go diragalang ka batho le diphologolo fa di swa?

13 A batho ba diragalelwa ke se se tshwanang? Ee. Baebele e a tlhalosa: “[Batho le diphologolo] di ya lefelong le le lengwe. Tsotlhe di nnile gone di tswa mo loroleng, mme tsotlhe di boela mo loroleng.”—Moreri 3:19, 20.

14. Go na le tsholofelo efe ka baswi?

14 Baebele e solofetsa gore Modimo o tla tsosa baswi go tshela mo lefatsheng la paradaise. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Mme nako eo e sa ntse e tla. Gone jaanong ba robetse mo losong. (Johane 11:11-14) Ga re a tshwanela go ba boifa kgotsa go ba obamela, ka gonne ga ba ka ke ba re thusa le fa e le go re gobatsa.

15, 16. Satane o leka jang go dira gore batho ba dumele gore baswi tota ga ba a swa?

15 Kgopolo ya gore tota ga re swe ke maaka a a anamisiwang ke Satane Diabolo. Ene le madimona a gagwe ba dira gore batho ba dumele maaka ano ka go dira gore ba akanye gore bolwetse le mathata a mangwe a bakiwa ke meya ya baswi. Gone ke boammaaruri gore mathata mangwe a bakiwa ke madimona ka boone. Mme gone mathata a mangwe ga a bakiwe ke maatla a a fetang a tlholego. Le fa go ntse jalo, ga go boammaaruri gore batho ba ba robetseng mo losong ba ka re gobatsa.

16 Go na le tsela e nngwe gape e madimona a dirang gore batho ba akanye gore se Baebele e se buang ka loso se phoso. Ba tsietsa batho ka go dira gore ba akanye gore ba bone baswi kgotsa ba buile le bone. Madimona a dira seno ka dipono, ditoro, batho ba ba buang le meya, kgotsa ka ditsela tse dingwe. Le fa go ntse jalo, batho ga ba ikgolaganye le baswi mme ba ikgolaganya le madimona a a itirang e kete ke batho ba ba suleng. Ke gone ka moo Jehofa a kgalang thata batho ba ba buang le meya le ba ba botsang baswi.—Duteronome 18:10-12; Sekarea 10:2.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  14]

Baswi ga ba Kgone go re Thusa

Kgosi nngwe e itsegeng ya kwa Afrika Bophirima e ne ya swa ka 1990. O ne a na le basadi ba batlhano le bana ba bantsi. O ne a na le dikgwebo tse pedi tse di neng di mo direla madi a mantsi.

Fa kgosi eo e sena go swa, ba lelapa la gagwe ba ne ba dira meetlo e ba neng ba akanya gore e ne e tla tlotla moya wa gagwe. Basadi ba gagwe ba ne ba apara bontsho, ba tlhakatlhakanya meriri ya bone, ba ja go le gonnye, e bile ba ne ba sa tlhape. Morago ga phitlho ba ne ba lela malatsi a le supa. Morago ga moo, go ya ka ngwao ya mo lefelong leo, lelapa lotlhe le ne la kopana le ba losika go dira mokete o o konelang meetlo ya phitlho—mokete wa dijo le dino, e bile go binwa.

Eleruri fa kgosi e ne e kgona, e ka bo e ne ya segofatsa thata lelapa la yone le le lorato! Mme ga ya ka ya dira jalo. Dikgwebo tsa gagwe di ne tsa wa. Ba lelapa la gagwe ba ne ba ngangisana ka boswa mme morago ga moo ba kgaogana. Jaanong go ne go setse batho ba le mmalwa fela mo kgotleng e kgolo ya kgosi e pele e neng e na le batho ba le bantsi.

Baswi Ba ka Se re Gobatse

Kwa motseng mongwe kwa Nigeria, monna mongwe o ne a swa mme a fitlhwa. Morago ga moo, mosadi wa monna yoo o ne a dumela toro e a neng a e lora e e neng e re monna wa gagwe o batla sesupanako sa gagwe. Ka jalo o ne a tsaya sesupanako seo mme a se fitlha go bapa le mmele wa monna wa gagwe.

Lekawana le le bidiwang Dunikan le ne la epolola sesupanako seo mme la se dirisa ka dingwaga tse dintsi go fitlha se onala. Ga a ka a diragalelwa ke kotsi epe. Fa e le gore monna yo o suleng o ne a na le bokgoni jwa go ama matshelo a batho ba ba tshelang, ruri o ne a tla otlhaya legodu le le neng le utswile sesupanako sa gagwe mo lebitleng la gagwe!

[Potso ya Thuto]

Lebokose: Ke maitemogelo afe a a bontshang gore baswi ba ka se kgone go re thusa le fa e le go re gobatsa?