Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodumedi Jwa Boammaaruri Bo ka Go Solegela Molemo ka Bosakhutleng!

Bodumedi Jwa Boammaaruri Bo ka Go Solegela Molemo ka Bosakhutleng!

Karolo 9

Bodumedi Jwa Boammaaruri Bo ka Go Solegela Molemo ka Bosakhutleng!

1. Go tla diregang fa re ‘atamela Modimo’?

JEHOFA o rata batho ba ba mo direlang. Fa o obamela Jehofa, o tla go segofatsa gone jaanong le mo isagweng. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

2. Re ka atamela Modimo jang, mme seno se tla ama dithapelo tsa rona jang?

2 Gore o atamele Modimo, o tshwanetse go ithuta Lefoko la gagwe mme o le dirise. Fa o rapela tumalanong le thato ya ga Jehofa, o tla reetsa dithapelo tsa gago e bile o tla di araba. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Johane o ne a kwala jaana: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo [Modimong], gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa. Gape, fa re itse gore o a re utlwa mabapi le sengwe le sengwe se re se kopang, re a itse gore re tla nna le dilo tse re di kopang e re ka re di kopile mo go ene.”—1 Johane 5:14, 15.

3-7. Re ka bona jang botlhale jwa Modimo, mme bo ka re thusa jang?

3 Mo godimo ga moo, fa o atamela Modimo, o tla go naya botlhale jo bo tla go thusang go lebana le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Baebele ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo.”—Jakobe 1:5.

4 Botlhale jwa Modimo bo ka go thusa jang? Bo ka go thusa go itse dilo tse di sa itumediseng Jehofa. Gape o ka kgona go ithuta gore ke ka ntlha yang fa dilo tseo di sa siama le gore ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o di tile. Go itse seno go ka go sireletsa mo mathateng a le mantsi a a utlwisang batho botlhoko. Ka sekai, go ikobela kgakololo ya Modimo ya gore re nne phepa mo boitsholong go sireletsa batho ba Modimo mo dilong tse di tshwanang le go ima mo go sa batlegeng, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, le manyalo a a sa itumelang kgotsa manyalo a a thubegileng.

5 Ke eng se sengwe se botlhale jwa Modimo bo ka go direlang sone? Bo ka go thusa go itumelela botshelo. Bo ka go thusa go dira ditshwetso tse di botlhale mo botshelong, mo dilong tse di tshwanang le go dirisa madi a gago sentle. O tla kgona go latelela mekgele e e molemo le go tlogela mekgele e e se kitlang e go tswela mosola.

6 Gape botlhale jwa Modimo bo ka go thusa mo dikamanong tsa gago le ba bangwe. O ka kgona go nna le botshelo jwa lelapa jo bo itumetseng. O ka kgona go nna le botsalano jo bo nnelang ruri le jwa mmatota le ba bangwe, e bile o ka dira gore ba bangwe ba go tlotle, tota le ba ba sa direleng Modimo.

7 Mo godimo ga moo, fa o na le botlhale jwa Modimo o tla leba botshelo ka tsela e e botoka. Bo tla go thusa go lebana le mathata a botshelo le go lebana le dilo tse di sa go tsamaeleng jaaka o ne o lebeletse. Gape o tla leba isagwe ka tsela e e siameng. Mme go leba dilo ka tsela e e siameng go tla dira gore o nne o itekanetse mo mogopolong le mo mmeleng.—Diane 14:30; Isaia 48:17.

8. Fa o direla Modimo, ke eng se o se kitlang o se boifa?

8 Fa o direla Modimo wa boammaaruri, ga o na go boifa dilo tse ba ba sa mo direleng ba di boifang. Gonne o itse gore baswi ba sule mo mabitleng, ga o na go boifa batho ba ba suleng. Gonne o dumela se Modimo a se solofetsang gore o tla tsosa baswi, ga o na go boifa go swa. Mme ka gonne o itse gore Modimo o nonofile thata, ga o na go boifa boloi.—Johane 8:32.

Basiami ba Tla Rua Lefatshe

9-11. Ke bomang ba ba tla nnang mo Paradaiseng, mme ke bomang ba ba se kitlang ba nna mo go yone?

9 Fa o atamela Modimo, ga o na go boifa isagwe. Jaaka re bone, Baebele e ne ya bolelela pele mathata a le mantsi a re a bonang gompieno mo lefatsheng. Jehofa o re bolelela gore dilo tseno ke tsa nakwana fela; go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla dira lefatshe leno paradaise.—Luke 21:10, 11, 31; 23:43.

10 Ba ba atamelang Jehofa e bile ba mo direla ke bone fela ba ba tla tshelang mo Paradaiseng. Baebele ya re: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

11 Batho ba ba nnang tlhogo e thata ba sa batle go ikobela melao ya Modimo e e siameng ba tla swela ruri. (2 Bathesalonika 1:8, 9) Ga ba kitla ba tlhola ba nna gone. Ba tla latela Satane le madimona a gagwe mo losong lwa bosakhutleng. (Tshenolo 20:10, 14) Mme ba ba ithutang ka Jehofa ba bo ba mo direla ba tla itumela thata mo Paradaiseng e e mo lefatsheng.

Isagwe e e Itumedisang Thata!

12. Baebele ya reng ka isagwe?

12 Jehofa o tlile go direla ba ba mo ratang dilo tse di molemo thata! Bona fela gore Lefoko la gagwe la reng ka botshelo mo lefatsheng la Paradaise:

Go tla nna le dijo di le dintsi: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka [kgotsa dijo] di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

Matlo a a siameng: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one.”—Isaia 65:21.

Tiro e e itumedisang: “Batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo. Ga ba kitla ba direla ka natla lefela.”—Isaia 65:22, 23.

Go se na bolwetse: “Mme ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Go se na bogole: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.”—Isaia 35:5, 6.

Go se na botlhoko, khutsafalo, loso: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:4.

Go se na ntwa: “[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”—Pesalema 46:9.

Botshelo jo bo sa khutleng: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

13. Ke mang fela yo o ka dirang lefatshe leno paradaise, mme ka ntlha yang?

13 Batho ga ba ka ke ba dira dilo tseno, mme Jehofa o na le maatla a go dira se a reng o tla se dira. Ga go na se se ka mo thibelang go dira se a batlang go se dira. Baebele ya re: “Mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.”—Luke 1:37.

14. O ka dira jang gore o tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng?

14 Jehofa o dirisa Basupi ba gagwe go naya batho gongwe le gongwe sebaka sa go ‘tsena ka kgoro e tshesane’ le go tsamaya mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. E kete o ka nna mongwe wa batho ba ba itumetseng ba ba amogelang taletso eo. E kete o ka latela bodumedi jwa boammaaruri mme o itumelele masego a ga Jehofa ka bosakhutleng!—Mathaio 7:13, 14.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe  31]