Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gana Bodumedi Jwa Maaka; Latela Bodumedi Jwa Boammaaruri

Gana Bodumedi Jwa Maaka; Latela Bodumedi Jwa Boammaaruri

Karolo 8

Gana Bodumedi Jwa Maaka; Latela Bodumedi Jwa Boammaaruri

1. Malebana le kobamelo, ke eng se batho ba tshwanetseng go se tlhopha gompieno?

JESU o ne a re: “Yo o seng mo letlhakoreng la me o kgatlhanong le nna.” (Mathaio 12:30) Re tshwanetse go nna kafa letlhakoreng la ga Jehofa kgotsa kafa letlhakoreng la ga Satane. Batho ba le bantsi ba akanya gore ba direla Modimo ka tsela e a e amogelang, mme Baebele ya re Satane o ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9) Batho ba le dimilione ba akanya gore ba obamela Modimo, mme tota ba direla Satane Diabolo! Gompieno batho ba tshwanetse go tlhopha: Ba tshwanetse go tlhopha go direla Jehofa, “Modimo wa boammaaruri,” kgotsa go direla Satane, “ramaaka.”—Pesalema 31:5; Johane 8:44.

Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka

2. Tsela nngwe e Satane a e dirisang go leka go kgoreletsa batho go obamela Jehofa ke efe?

2 Fa motho a kgetha go direla Jehofa, o a bo a kgethile ka botlhale, a kgethile selo se se tla dirang gore Modimo a mo amogele. Mme Satane ga a itumedisiwe ke motho le fa e le ofe yo o direlang Modimo; o bakela ba ba dirang jalo mathata. Tsela e nngwe e a dirang jalo ka yone ke ka go dira gore ba bangwe ba re sotle kgotsa ba re ganetse, tota le ditsala le ba malapa a rona. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Eleruri, baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.”—Mathaio 10:36.

3. Fa ba lelapa kgotsa ditsala ba go ganetsa go obamela Modimo, o ne o tla dirang?

3 Fa seo se go diragalela, o tla itshwara jang? Batho ba le bantsi ba a itse gore tsela e ba obamelang ka yone e phoso, le fa go ntse jalo ba okaoka go e tlogela. Ba akanya gore fa ba ka e tlogela ba tla bo ba sa ikanyege mo go ba malapa a bone. A seo se a utlwala? Fa o ne o ka utlwa gore ba losika ba ba tsalanang thata le wena ba dirisa diokobatsi tse di kotsi, a o ne o se kitla o ba tlhagisa gore diokobatsi tseo di tla ba gobatsa? O ne o se kitla o kopanela le bone mo go diriseng diokobatsi tseo, ga kere?

4. Ke eng se Joshua a neng a se bolelela Baiseraele malebana le kobamelo mo motlheng wa gagwe?

4 Joshua o ne a kgothaletsa Baiseraele gore ba tlogele ditlwaelo le mekgwa ya bodumedi e e sa siamang ya borraabonemogologolwane. O ne a re: “Jaanong boifang Jehofa lo mo direle ka go tlhoka molato le ka boammaaruri, mme lo ntshe medimo e borraalonamogologolwane ba neng ba e direla ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka le kwa Egepeto, mme lo direle Jehofa.” (Joshua 24:14) Joshua o ne a ikanyega mo Modimong, mme Jehofa o ne a mo segofatsa. Fa re ikanyega mo go Jehofa, le rona o tla re segofatsa.—2 Samuele 22:26.

Latlha Dilo Tse di Dirisiwang mo Kobamelong ya Maaka

5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latlha dilo tsa maselamose?

5 Fa re batla go tswa mo bodumeding jwa maaka gape re tshwanetse go senya dilo le fa e le dife tsa maselamose tse re ka tswang re na le tsone, tse di jaaka dipheko, dipalamonwana le maseka a maselamose, le dilo tse di tshwanang le tseo. Seno se botlhokwa ka gonne se bontsha gore re ikanya Jehofa ka botlalo.

6. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirang ka dibuka tsa bone tsa maselamose?

6 Akanya ka se Bakeresete bangwe ba bogologolo ba neng ba se dira fa ba ne ba kgetha go latela bodumedi jwa boammaaruri. Baebele ya re: “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.”—Ditiro 19:19.

7. Re ka dirang fa madimona a re tlhasela?

7 Bangwe ba ba simolotseng go direla Jehofa mme ba kile ba dirisa boloi kgotsa maselamose ba ka nna ba tlhaselwa ke madimona. Fa seno se ka go diragalela, kopa thuso ya ga Jehofa ka thapelo, o dirisa leina la gagwe. O tla go thusa.—Diane 18:10; Jakobe 4:7.

8. Bakeresete ba leba jang medingwana le ditshwantsho tse di dirisiwang mo kobamelong ya maaka?

8 Ba ba ratang go direla Jehofa ga ba a tshwanela go nna le medingwana epe le ditshwantsho dipe tse di amanang le kobamelo ya maaka e bile ga ba a tshwanela go di dirisa. Bakeresete ba boammaaruri ba “tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.” (2 Bakorintha 5:7) Ba tlotla molao wa Modimo o o thibelang go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong.—Ekesodo 20:4, 5.

Ikopanye le Batho ba ga Jehofa

9. Baebele e re naya kgakololo efe ka go nna botlhale?

9 Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20) Fa re batla go nna botlhale, re tshwanetse go tsamaya, kgotsa go ikopanya le Basupi ba ga Jehofa. Ke bone ba ba tsamayang mo tseleng e e isang botshelong.—Mathaio 7:14.

10. Basupi ba ga Jehofa ba ka go thusa jang go direla Modimo?

10 Eleruri Basupi ba kgathalela batho. Tiro ya bone ke go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go tlhaloganya dithuto tsa Baebele tse di isang botshelong jo bo sa khutleng. Ba ka kgona go go thusa ka go ithuta Baebele le wena, mahala. Ba tla araba dipotso tsa gago ba bo ba go bontshe gore o ka dirisa jang se o se ithutileng mo Baebeleng mo botshelong jwa gago.—Johane 17:3.

11. Dipokano tsa Bokeresete di tla go thusa jang?

11 O tla ithuta go le gontsi ka ditsela tsa ga Jehofa kwa dipokanong tsa bone tse gantsi di tshwarelwang kwa Holong ya Bogosi. Keletso ya gago ya go batla go latela bodumedi jwa boammaaruri e tla gola. Gape o tla rutiwa gore o thuse ba bangwe jang go ithuta boammaaruri jwa Baebele.—Bahebera 10:24, 25.

12. Thapelo e ka go thusa jang go direla Modimo?

12 Fa o ntse o ithuta thato ya ga Jehofa le maikaelelo a gagwe, seno se tla dira gore o tlhaloganye ditsela tsa gagwe tse di lorato. Gape keletso ya gago ya go batla go mo itumedisa le go tila se se mo kgopisang e tshwanetse go gola. Gakologelwa gore o ka atamela Jehofa ka thapelo mme o mo kope gore a go thuse go dira se se siameng le go tila se se sa siamang.—1 Bakorintha 6:9, 10; Bafilipi 4:6.

13. O ka itumedisa pelo ya ga Jehofa jang?

13 Fa nako e ntse e tsamaya, o ntse o gola semoyeng, ga go na pelaelo gore o tla bona go tlhokega go nna Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng. Fa o ikopanya le batho ba ga Jehofa, o tla itumedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) O tla nna gareng ga batho ba ba itumetseng ba Modimo a buang jaana ka bone: “Ke tla aga mo gare ga bone ke bo ke tsamaya mo gare ga bone, mme ke tla nna Modimo wa bone, le bone ba tla nna batho ba me.”—2 Bakorintha 6:16.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  25]

Dithuto Tsa Bodumedi—Tsa Boammaaruri le Tsa Maaka

Tharonngwe: Madumedi a le mantsi a ruta gore Modimo ke Tharonngwe. A re “Rara ke Modimo, Morwa [Jesu] ke Modimo, le Moya o o Boitshepo ke Modimo, mme go ntse go le jalo ga se Medimo e le meraro, ke Modimo a le mongwe fela.”

Ga go na gope fa Baebele e umakang lefoko “Tharonngwe” teng, e bile ga e rute gore Jehofa ke batho ba le bararo mo go a le mongwe. Jehofa ke ene fela Modimo. Bakorintha wa Ntlha 8:6 ya re: “Mo go rona go na le Modimo a le mongwe e bong Rara.” Jehofa ke Yo Mogolo Thata. Jesu ga se Modimo, mme ke “Morwa Modimo.” (1 Johane 4:15) Ka tsela e e tshwanang, moya o o boitshepo ga se Modimo. E bile moya o o boitshepo ga se motho. Ke maatla a Modimo a a dirang.—Ditiro 1:8; Baefeso 5:18.

Moya (Soul): Madumedi a le mantsi a ruta gore moya ono ke sengwe se se sa sweng se se mo teng ga motho. Baebele e ruta gore moya ke motho ka boene, mme e bile motho o a swa.—Genesise 2:7; Esekiele 18:4.

Dihele: Madumedi a maaka a ruta gore meya ya batho ba ba bosula e bogisediwa ruri kwa diheleng. Baebele e bolela gore baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Gape Baebele e ruta gore “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jehofa, Modimo yo o lorato ga a ka ke a bogisa batho ka molelo.

[Potso ya Thuto]

Lebokose: Ke eng se Baebele e se rutang ka Tharonngwe, moya (soul), le dihele?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  28]

Ke ne Ka Gololesega mo Madimoneng

Bosigo bongwe fa ke ne ke robetse le monna wa me, ke ne ka utlwa lentswe le bitsa leina la me gararo. Mme ka bona siling e bulega, mme ke ne ka welwa ke sengwe se se kgolokwe se se fisang mo dimpeng. Gone mme, monna wa me o ne a sa kgone go bona dilo tseno tsotlhe. Le fa go ntse jalo, ka dikgwedi di le mmalwa ke ne ke utlwa mogote fela o o gakgamatsang.

Morago ga dikgwedi di le thataro, lentswe lele le ne la mpitsa gape. Ka yone nako eo e ne e kete ntlo yotlhe e mo bodibeng jo bogolo jwa metsi. Tlhware e kgolo e ne ya tswa mo metsing ano mme ya ithathelela mo letsogong la me. Ke ne ka leka go e tlhotlhora mo letsogong la me mme ga se ka ga thusa sepe. Ke ne ke tshogile thata. Morago ga moo metsi le noga tsa nyelela, mme ka itaagana fa fatshe. Ke ne ka idibala diura di le mmalwa. Go tswa foo lentswe leno le ne la mpolelela gore ke boele kwa tempeleng ya meya ya go alafa e e mo motseng. E ne ya re fa ke botsa moya ono gore leina la one ke mang, o ne wa nthaya wa re o bidiwa ka leina le le kayang “yo o nang le dikhumo mme a se na ngwana.” O ne wa ntsholofetsa gore o tla nkhumisa ka go nnaya maatla a go fodisa.

Batho ba ba lwalang ba ne ba tla mo go nna ba tswa kwa mafelong a a gaufi le a a kgakala. Ke ne ke kgona go ba bona mo seiponeng sa me se se kgethegileng, pele ga ba tla mo ntlong ya me. Mme e ne e re fa motho a goroga, ke ne ke mo itaya legofi ka legofi la me, mme ka nako eo ke bo ke senolelwa bolwetse jwa gagwe kgotsa bothata jo a nang le jone le tsela ya go bo alafa. Moya ono gape o ne o mpolelela gore batho ba tshwanetse go ntuela bokae.

Ke ne ke bona madi a mantsi le dimpho tse dintsi ka gonne kalafi ya me e ne e bereka. Ke ne ka nna “yo o nang le dikhumo,” mme gape ke ne ka lemoga gore “a se na ngwana” o kayang. Nako le nako fa ke tshola ngwana, ngwana yo o tshotsweng pele ga gagwe o ne a swa. Seno se ne se nkutlwisa botlhoko thata. Mo dingwageng di le 12 tse ke neng ke direla moya ono ka tsone, ke ne ka swela ke bana ba le barataro.

Ke ne ka simolola go rapela Modimo gore a nthuse. Ke ne ka rapela ka tlhoafalo. Letsatsi lengwe Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela kwa ga me. Le fa ke ne ke tlhola ke ba leleka, ka letsatsi leo ke ne ka ba reetsa. Mo makgetlong a a latelang fa re ntse re tlotla, ke ne ka lemoga gore ke ne ke direla ledimona! Ke ne ka swetsa gore ke tlogele go dirisana le meya.

E ne ya re fa ke bolelela moya ono tshwetso eo ya me, o ne wa ntlhagisa gore ke se ka ka dira jalo. Le fa go ntse jalo ke ne ka o raya ka re: “Go fedile ka nna le wena.”

Ke ne ka fisa dilo tsotlhe tse ke neng ke di dirisa go alafa. Ke ne ka ithuta Baebele le Basupi, ka nna motlhanka wa ga Jehofa, mme ka kolobediwa ka 1973. Gone jaanong ke na le bana ba le batlhano ba ba itekanetseng sentle. Monna wa me le ene o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng.—Jaaka go boletse Josephine Ikezu.

[Potso ya Thuto]

Lebokose: Mosadi mongwe o ne a gololesega jang mo madimoneng?

[Ditshwantsho mo go tsebe  26]

O ka latela jang kobamelo ya boammaaruri?