Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bomang ba ba Latelang Bodumedi Jwa Boammaaruri?

Ke Bomang ba ba Latelang Bodumedi Jwa Boammaaruri?

Karolo 7

Ke Bomang ba ba Latelang Bodumedi Jwa Boammaaruri?

1. Ke eng se re tshwanetseng go se dira go itumedisa Modimo?

GORE re nne le kamano e e lorato le Modimo, ga re a tshwanela go amana ka gope le bodumedi jwa maaka. Re tshwanetse go latela bodumedi jwa boammaaruri. Gompieno batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba dira seo.

2. Basupi ba ga Jehofa ba ka fitlhelwa kae, mme ke eng se ba se dirang?

2 Jaaka Baebele e boleletse pele, baobamedi ba boammaaruri ba dira “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 7:9) Mo dinageng di le 235, Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione ba tlhoafetse go thusa ba bangwe go ithuta ka ditsela tsa ga Jehofa tse di lorato le ka se a se batlang.

Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri

3. Basupi ba obamela mang, mme ba tila mefuta efe ya kobamelo?

3 Basupi ba itse gore Jehofa ke ene fela a tshwanetsweng ke go obamelwa. Ga ba obamele medingwana kgotsa ditshwantsho tsa bodumedi. (1 Johane 5:21) Ga ba sisimoge baswi ka go dira ditebelelo kgotsa ka go dira meletlo e mengwe e e tswang mo ditumelong tsa bodumedi jwa maaka le “dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Le fa go ntse jalo, ba gomotsa ba ba swetsweng ka go ba bolelela ka tsholofetso ya Modimo ya gore baswi ba tla tsosediwa mo lefatsheng la paradaise.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

4. Boemo jwa batho ba Modimo malebana le maselamose ke eng?

4 Basupi ga ba dirise maselamose kgotsa boloi ka gonne ba itse gore dilo tseno di tswa kwa go Diabolo. Ga ba ikanye maselamose gore a ba sireletse—ba ikanya Jehofa.—Diane 18:10.

5. Basupi ba ga Jehofa “ga ba karolo ya lefatshe” ka tsela efe?

5 Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba se na go nna “karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Jesu ka boene o ne a gana go nna le seabe mo dipolotiking tsa motlha wa gagwe. (Johane 6:15) Ka tsela e e tshwanang, Basupi le bone ga ba nne le seabe mo dipolotiking, ga ba na bosetšhaba e bile ga ba tlhaole batho ka maemo jaaka go dirwa mo lefatsheng leno. Le fa go ntse jalo, ba duela makgetho a bone e bile ba ikobela melao ya naga e ba nnang mo go yone.—Johane 15:19; Baroma 13:1, 7.

6. Batlhanka ba Modimo ba latela dikaelo dife malebana le lenyalo le tlhalo?

6 Basupi ba tlhomamisa gore ba kwadisa manyalo a bone kafa molaong, ka gonne ba ikobela molao wa puso. (Tito 3:1) Ba latela kaelo ya Modimo, ka jalo ga ba nyale lefufa. (1 Timotheo 3:2) Mo godimo ga moo, e re ka batlhanka ba Modimo ba latela melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone, ga se gantsi manyalo a bone a ka felelang ka tlhalo.

7. Basupi ba bontshana lorato jang?

7 Basupi ba a ratana. Go bo ba ratana le go bo ba rata Modimo, go ba dira seoposengwe mo bokaulengweng jwa boammaaruri, le fa ba tswa mo ditsong le mo merafeng e mentsi. Fa go na le masetlapelo kgotsa mo dinakong tsa mathata, Basupi ba nna ba ipaakanyeditse go thusana. Basupi ba bontsha lorato ka tsela e ba tshelang ka yone.—Johane 13:35.

8. Ke mekgwa efe e e maswe e batho ba Modimo ba sa e direng?

8 Batho ba ga Jehofa ba leka ka natla go ikanyega le go tshela matshelo a a tlotlegang. Ga ba utswe, ga ba bue maaka, ga ba itshware ka tsela e e sa siamang, ga ba nne matagwa, ga ba tsamaise dikgwebo ka tsela e e sa ikanyegeng. Banna ga ba iteye basadi ba bone. Bangwe ba bone pele ga ba nna Basupi ba ne ba dira dilo tseno, mme ba ne ba di tlogela ka thuso ya ga Jehofa. Ba ‘tlhapisitswe ba nna phepa’ mo matlhong a Modimo.—1 Bakorintha 6:9-11.

Ba ba Dirang Thato ya Modimo

9. Buka nngwe e ne ya reng ka dikereke tsa semoya tsa Afrika?

9 Gone ke boammaaruri gore madumedi a le mantsi a bolela gore a na le boammaaruri. Ba ka bontsha ditiro tsa bone tse dikgolo go tshegetsa se ba se buang. Ka sekai, fa buka nngwe e bua ka dikereke tse go tweng ke tsa semoya mo Afrika, ya re: “[Ditlhopha tse disha tsa Bokeresete] di tsere tiro ya motho yo o dirang maselamose kgotsa ngaka. . . . Di bolela gore di kgona go porofeta le go dira dikgakgamatso. Baporofeti ba tsone ba dira gore batho ba bone dipono e bile ba tlhalosa ditoro. Ba dirisa metsi a a boitshepo, leokwane le le boitshepo, melora, dikerese le maswalo go alafa le go thibela malwetse.”

10, 11. Ke ka ntlha yang fa dilo tse go tweng ke dikgakgamatso gompieno di sa bontshe gore bodumedi bo tswa kwa Modimong?

10 Batho ba madumedi ano ba bolela gore dikgakgamatso di bontsha gore Modimo o segofatsa bodumedi jwa bone. Mme dilo tseno tse go tweng ke dikgakgamatso ga di bontshe gore Jehofa o amogela bodumedi joo. Satane o naya baobamedi ba maaka maatla a go dira ‘ditiro tse di maatla.’ (2 Bathesalonika 2:9) Mo godimo ga moo, Baebele e ne ya bolelela pele gore dimpho tsa dikgakgamatso tse di tswang kwa Modimong tse di tshwanang le go porofeta, go bua ka diteme, le kitso e e kgethegileng, di ne di tla “nyelediwa.”—1 Bakorintha 13:8.

11 Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena. Ba le bantsi ba tla nthaya mo letsatsing leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse di maatla ka leina la gago?’ Mme le fa go ntse jalo foo ke tla ba bolelela ke re: Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.”—Mathaio 7:21-23.

12. Ke bomang ba ba tla tsenang mo Bogosing jwa magodimo?

12 Mme gone, ke bomang ba ba tla tsenang mo Bogosing jwa magodimo? Ke ba ba dirang thato ya ga Jehofa.

Bareri ba Bogosi Jwa Modimo

13. Ke tiro efe e Modimo a kaelang batho ba gagwe go e dira gompieno, mme ke bomang ba ba e dirang?

13 Ke eng se Modimo a batlang batho ba gagwe ba se dira gompieno? Jesu o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Eno ke yone tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang ka tlhoafalo.

14. Bogosi jwa Modimo ke eng, mme ke bomang ba ba tla busang mo Bogosing joo?

14 Mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni,” Basupi ba ga Jehofa ba bolela gore Bogosi jwa Modimo ke puso ya selegodimo e e tla busang lefatshe lotlhe ka tshiamo. Ba ruta gore Jehofa o tlhomile Keresete Jesu go nna Kgosi ya Bogosi joo mmogo le ba ba 144 000 ba ba tla busang le ene ba ba tlhophilweng mo bathong.—Daniele 7:14, 18; Tshenolo 14:1, 4.

15. Ke eng se Bogosi bo tla se senyang?

15 Basupi ba dirisa Baebele go bontsha batho gore Bogosi jwa Modimo bo tla senya tsamaiso yotlhe ya ga Satane. Bodumedi jwa maaka bo tla bo bo sa tlhole bo le teng le dithuto tsa jone tse di tlontlololang Modimo mme di galaletsa Diabolo! (Tshenolo 18:8) Dipuso tsotlhe tsa batho tse di ganetsanang le Modimo le tsone di tla bo di seyo!—Daniele 2:44.

16. Ke bomang ba ba tla busiwang ke Keresete Jesu, mme ba tla tshela kae?

16 Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba itsise gore Keresete Jesu o tla tlisetsa botlhe ba ba dirang se Modimo a se batlang melemo e e itumedisang. Ba tla bo ba busiwa ke ene mo lefatsheng. Baebele e solofetsa jaana: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.”—Pesalema 72:12, 13.

17. Ke bomang fela ba ba bolelelang batho ka Bogosi jwa Modimo?

17 Ga go na batho bape ba bangwe ba ba dirang thato ya Modimo ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba itsiseng ka Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe  23]

Basupi ba ga Jehofa ba seoposengwe mo bokaulengweng jwa lefatshe lotlhe