Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?

Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?

Karolo 3

Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?

1. Bodumedi jwa setso bo tshwantshiwa jang le thaba?

DITUMELO tsa setso tsa Seafrika di ka tshwantshiwa le thaba. Kwa setlhoeng ke Modimo, yo o nang le maatla a magolo thata a semoya. Go latele medimo ya maemo a a kwa tlasenyana, kgotsa meya, e e leng batlhanka ba Modimo. Gaufi le bone go na le bagologolwane, ba ba gakologelwang ba malapa a bone ba ba mo lefatsheng e bile ba ba tlhokomela. Kwa tlasetlase ke maatla a semoya a maemo a a kwa tlasenyana: maselamose, go laola ka bola le boloi.

2. Polelo nngwe ya Seafrika e bontsha jang gore ditumelo tsa setso di ama bodumedi?

2 Ditumelo tseno tsa setso di amile madumedi a mangwe thata mo Afrika. Polelo nngwe ya Seafrika e bua jaana: “Go nna Modumedi (Mokeresete kgotsa Momoselema) ga go re thibele go obamela medimo ya segarona.”

3. Re ka ithuta kae boammaaruri ka ba ba nnang kwa lefelong la moya?

3 Ditumelo tsa setso tsa Seafrika di boammaaruri go le kana kang? Baebele e re bolelela boammaaruri ka ba ba nnang kwa lefelong la moya.

Jehofa, Modimo wa Boammaaruri

4. Madumedi a magolo a Afrika a dumalana mo go eng?

4 Madumedi a mararo a magolo a Afrika a dumela gore Modimo o teng le gore o mogolo thata. Baebele e mo tlhalosa e re ke “Modimo wa medimo le Morena wa barena, Modimo yo mogolo, yo o thata le yo o boitshegang.” (Duteronome 10:17) Mamoselema le bone ba dumela mo Modimong o le mongwe o mogolo thata. Porofesa Geoffrey Parrinder o bolela jaana fa a bua ka madumedi a setso a Seafrika: “Maafrika a le mantsi a dumela mo Modimong o mogolo thata, rara wa medimo le batho, mmopi wa lobopo.”

5. Mangwe a maina a Modimo a bidiwang ka one ke afe?

5 Le fa go ntse jalo, le fa batho ba le bantsi ba dumela mo Modimong, ba bantsi ga ba tlhaloganye sentle gore Modimo ke mang. Gore o itse motho o tshwanetse gore pele o itse leina la gagwe. Madumedi ga a dumalane ka gore leina la Modimo ke mang. Mo go Labokeresete go tlwaelegile gore o bidiwa Modimo, e leng sereto se se rayang “Yo o Maatla.” Mamoselema bone ba mmitsa Allah. Mo madumeding a setso maina a a dirisediwang go bitsa Yo Mogolo Thata ga a tshwane mo dipuong tse di farologaneng. John S. Mbiti mo bukeng ya gagwe Concepts of God in Africa, o dirile lenaane la maina le direto tse di fetang 500 tsa Seafrika tse Modimo a bidiwang ka tsone. Ka sekai, mo puong ya Seyoruba (Nigeria), Modimo o bidiwa Olodumare; ka Sekikuyu (Kenya) o bidiwa Ngai; mme ka Sezulu (Afrika Borwa), ke uNkulunkulu.

6, 7. Leina la Modimo ke mang, mme re itse seo jang?

6 Modimo ene a reng ka leina la gagwe? Fa Modimo a ne a laela Moshe gore a ntshe Baiseraele kwa Egepeto, Moshe o ne a botsa jaana: “A re tseye gore jaanong ke gorogile mo go bomorwa Iseraele mme ke ba raya ke re, ‘Modimo wa borraalonamogologolwane o nthomile kwa go lona,’ mme ba bo ba nthaya ba re, ‘Leina la gagwe ke mang?’ Ke tla ba raya ke reng?”—Ekesodo 3:13.

7 Modimo o ne a mo araba a re: “O tla raya bomorwa Iseraele o re, ‘Jehofa Modimo wa borraalonamogologolwane . . . o nthomile kwa go lona.’ Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” (Ekesodo 3:15) Leina leno la Modimo le tlhaga makgetlo a a fetang 7 000 mo Baebeleng, le fa baranodi bangwe ba Baebele ba le emiseditse ka direto “Modimo” kgotsa “Morena.”

8. Jehofa o ntse jang, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re batla gore a re amogele?

8 Jehofa o ntse jang tota? Ke moya, mothatayotlhe, o a galalela. O mogolo thata, ga a ka ke a bapisiwa le ope, ga a lekane le ope. (Duteronome 6:4; Isaia 44:6) Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Nna Jehofa Modimo wa gago ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.” Ka mafoko a mangwe, fa re batla gore Jehofa a re amogele re tshwanetse go obamela ene fela. Ga a batle gore re obamele sepe se sele kgotsa motho ope o sele.—Ekesodo 20:3-5.

Jesu Keresete, Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo

9. Ke eng fa re ka re Jesu ga a lekane le Jehofa?

9 Gompieno batho ba bantsi ga ba tlhaloganye gore Jesu ke mang. Ba le bantsi mo go Labokeresete ba dumela gore Jesu ke karolo ya Tharonngwe e e “Boitshepo.” Mme Baebele ga e rute gore Modimo ke batho ba le bararo mo go a le mongwe. E bile ga e rute gore Jesu o lekana le Jehofa. Jesu o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.”—Johane 14:28.

10. Jesu o ne a nna kae pele ga a tla mo lefatsheng?

10 Baebele e ruta gore pele ga Jesu a tshela mo lefatsheng jaaka motho, o ne a nna kwa legodimong e le sebopiwa se se maatla sa moya. Fela jaaka Jehofa a ne a bopa Adame le Efa mo lefatsheng, gape O ne a bopa batho ba moya kwa legodimong. Jesu e ne e le ene motho wa ntlha wa moya yo Jehofa a mmopileng.—Johane 17:5; Bakolosa 1:15.

11. Go tlile jang gore Jesu a tsholwe e le motho?

11 Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Jehofa o ne a fetisetsa botshelo jwa sebopiwa seno sa moya mo popelong ya lekgarebana le le bidiwang Marea. Moengele Gabariele o ne a mo raya a re: “O tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu. Mme o tla busa . . . e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31, 33. *

12. Lebaka lengwe la go bo Jesu a ne a tla mo lefatsheng ke lefe?

12 Ka jalo Jesu o ne a tsholwa, a gola a nna monna, mme a ruta batho thato ya ga Jehofa le maikaelelo a gagwe. O ne a raya molaodi wa Roma a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, go re ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Fa re sekaseka se Jesu a se rutileng, re ka kgona go ithuta boammaaruri ka thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe. Re ka ithuta kafa re ka amogelwang ke Modimo ka teng.

13. Lebaka la bobedi la go bo Jesu a ne a tla mo lefatsheng ke lefe?

13 Lebaka la bobedi la go bo Jesu a ne a tla mo lefatsheng e ne e le gore a ntshetse batho botshelo jwa gagwe setlhabelo. (Mathaio 20:28) O ne a dira seno gore re gololwe mo boleong jo re bo ruileng mo go rraaronamogolo Adame. Mme seno se tla dira gore re kgone go tshelela ruri. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

14. (a) Go ne ga diregang ka Jesu morago ga loso lwa gagwe? (b) Jesu o mo boemong bofe gone jaanong kwa legodimong?

14 Morago ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a tsosediwa kwa legodimong, kwa a neng a simolola gape go tshela jaaka sebopiwa sa moya se se maatla. (Ditiro 2:32, 33) Morago moo, Jehofa o ne a mo naya “bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Daniele 7:13, 14) Jesu o tlhomilwe go nna Kgosi e e maatla; ke Kgosi ya puso ya ga Jehofa ya selegodimo. Go ise go ye kae maatla a gagwe a tla bonwa mo lefatsheng lotlhe.

Baengele, Badiredi ba Modimo

15. Baengele ba bopilwe leng, le gone kae?

15 Jehofa le Jesu ga se bone fela ba ba nnang mo lefelong la moya. Jehofa o bopile dibopiwa tse dingwe tsa semoya, e bong baengele. Gabariele, yo o neng a bua le Marea, ke mongwe wa bone. Baengele ga ba a simolola botshelo jwa bone e le batho mo lefatsheng. Ba bopilwe kwa legodimong bogologolo pele ga batho ba bopiwa mo lefatsheng. (Jobe 38:4-7) Go na le baengele ba le dimilionemilione.—Daniele 7:10.

16. Ke ka ntlha yang fa batho ba sa tshwanela go obamela baengele?

16 Baengele ba ba ikanyegang ga ba batle re ba obamela. Mo makgetlong a mabedi fa moaposetoloi Johane a ne a leka go obamela baengele, ba ne ba mo kgalema ba re: “O tlhokomele! O se ka wa dira jalo! . . . Obamela Modimo.”—Tshenolo 19:10; 22:8, 9.

17. Ke eng se se bontshang gore baengele ba ka kgona go sireletsa batlhanka ba Modimo, mme ke ka ntlha yang fa seno se gomotsa?

17 Baengele ga ba tlhole ba bonala mo bathong ba Modimo mo lefatsheng, jaaka fa ba ne ba dira fa ba ne ba golola baaposetoloi ba ga Jesu mo kgolegelong. (Ditiro 5:18, 19) Le fa go ntse jalo, fa re obamela Jehofa go ya ka Lefoko la gagwe, Baebele, re ka tlhomamisega gore mephato e e maatla ya baengele ba ba sa bonaleng ba Modimo e tla re sireletsa. Baebele ya re: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” (Pesalema 34:7; 91:11) Ke ka ntlha yang fa seno se re gomotsa? Ka gonne go na le baba ba ba kotsi mo lefelong la moya ba ba batlang go re senya!

Satane, Mmaba wa Modimo

18. (a) Ke ka ntlha yang fa moengele mongwe a ne a tsuologela Modimo? (b) Moengele yono wa motsuolodi o ne a tewa maina afe?

18 Ga se baengele botlhe ba Modimo ba ba neng ba nna ba ikanyega mo Modimong. Bangwe ba ne ba mo tsuologela. Ba ne ba itira baba ba Modimo le ba batho ba ba mo lefatsheng. Seno se ne sa direga jang? Dibopiwa tsotlhe tsa baengele tse Jehofa a neng a di bopa di ne di siame e bile di le molemo. Le fa go ntse jalo, mongwe wa barwa bano ba ba itekanetseng ba semoya o ne a batla gore batho ba mo obamele mme a dira gore keletso eno ya gagwe e e bosula e diragale. Sebopiwa seo sa semoya se ne sa tewa leina go twe Satane, leo le rayang “Moganetsi [wa Modimo].” Gape o bidiwa Diabolo, mo go rayang “Mopateletsi,” ka gonne o bua maaka a a bosula thata ka Jehofa.

19. Ke ka ntlha yang fa Satane a ne a bogisa Jobe, mme o ne a mmogisa jang?

19 Satane o pateletsa batho gore ba tsuologele Modimo jaaka ene. Akanya ka se a neng a se dira motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang e bong Jobe. Jobe e ne e le monna yo o humileng thata. O ne a na le dinku di le 7 000, dikamela di le 3 000, dikgomo le dipoo di le 1 000, le diesele tse di namagadi di le 500. Gape o ne a na le bana ba le lesome le batlhanka ba le bantsi. Satane o ne a simolola pele ka go bolaya diruiwa le batlhanka ba ga Jobe. Morago ga moo o ne a dira gore “phefo e kgolo” e senye ntlo, mme bana botlhe ba ga Jobe ba swa. Morago ga moo, Satane o ne a bogisa Jobe ka “ditlhagala tse di kotsi go simolola kwa patong ya lonao lwa gagwe go fitlha kwa phogong ya tlhogo ya gagwe.”—Jobe 1:3-19; 2:7.

20. (a) Jobe o ne a duelwa jang ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe? (b) Le mororo Jobe a ne a ikanyega mo Modimong, Satane o kgonne go dira eng mo bathong ba bangwe ba bantsintsi?

20 Le fa Jobe a ne a lekwa botlhoko jalo, o ne a nna a ikanyega mo Modimong. Ka jalo, Jehofa o ne a mo fodisa a ba a “simolola go naya Jobe dilo tsotlhe mo godimo ga tse a neng a na le tsone, di menagane sebedi.” (Jobe 42:10) Satane o ne a palelwa ke go dira gore Jobe a se ka a ikanyega, mme gone o kgonne go dira gore batho ba bangwe ba le bantsi ba fularele Modimo. Baebele ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

21. (a) Satane o ne a bontsha jang gore o batla go obamelwa? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a gana go obamela Satane?

21 Satane o batla gore re mo obamele. Seno se ne sa bonala sentle fa a ne a raela Jesu mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Baebele e bega jaana: “Diabolo a . . . tsaya [Jesu] a ya le ene kwa thabeng e e kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one, mme a mo raya a re: ‘Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.’” Jesu a gana, a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” (Mathaio 4:8-10) Jesu o ne a itse molao wa ga Jehofa sentle, mme ga a ka a dira se Satane a neng a se batla.

Madimona, Meya e e Bosula

22. Madimona a dirile batho eng?

22 Go na le baengele ba bangwe ba ba neng ba na le Satane mo go tsuologeleng Modimo. Baengele bano ba madimona ke baba ba batho mo lefatsheng. Ba setlhogo thata. Mo nakong e e fetileng ba ne ba dira batho dimumu le difofu. (Mathaio 9:32, 33; 12:22) Ba ne ba lwatsa ba bangwe kgotsa ba dira gore ba itshware jaaka ditsenwa. (Mathaio 17:15, 18; Mareko 5:2-5) E bile ba ne ba bogisa le bana.—Luke 9:42.

23. (a) Ke eng se meya e e bosula e se batlang mo bathong? (b) Ke eng se Satane le madimona a gagwe ba tsieditseng batho gore ba se dire?

23 Meya eno e e bosula e batla go obamelwa, fela jaaka Satane. Go na le gore ba gane go obamelwa ke batho—ka gonne ba itse gore ke Jehofa fela yo o tshwanetseng go obamelwa—ba a go eletsa, ba a go batla, e bile ba a go kgothaletsa. Satane le madimona ba dirile gore batho ba ba obamele, ka go ba tsietsa, ka go bua maaka le ka go dira gore batho ba ba boife. Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ga ba itse gore ba obamela Satane le madimona a gagwe. Batho ba le bantsi ba tla tshoga fa ba ka itse gore bodumedi jwa bone bo tlotlomatsa Satane. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa jaana: “Dilo tse ditšhaba di di isang setlhabelo di di isetsa madimona setlhabelo, mme e seng Modimo.”—1 Bakorintha 10:20.

24. Ke maano afe a Satane a a dirisang go timetsa batho?

24 Tsela nngwe e Satane le madimona a gagwe ba timetsang batho ka yone gore ba ba obamele ke ka go anamisa dithuto tsa maaka malebana le batho ba ba suleng. A re boneng gore ke eng se Baebele e se rutang ka seno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Koran e bua ka go tsalwa ka kgakgamatso ga ga Jesu mo go Surah 19 (Marea). Ya re: “Re rometse moya wa Rona [kwa go Marea] o le mo sebopegong sa monna yo o godileng sentle. Mme e rile [Marea] a mmona a re: ‘E kete Yo o Kutlwelobotlhoko o ka ntshireletsa mo go wena! Fa o boifa Morena, ntlogele o tsamaye.’ Monna yono a re: ‘Ke morongwa wa Morena wa gago, mme ke tlile go go naya ngwana yo o boitshepo.’ [Marea] a re: ‘Nka tshola jang ngwana, ke le lekgarebana le le sa itseng monna?’ Monna yono a re: ‘Eo ke thato ya Morena wa gago. Ga se selo se se thata mo go Ene. Morena o rile: “E tla nna sesupo mo bathong, le tshegofatso e e tswang mo go Rona. Eno ke taelo ya Rona.”’”

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe  10]

Baengele ba ba ikanyegang ba gana go obamelwa