Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ketapele

Ketapele

Ketapele

MODIMO MOTHATAYOTLHE ke Mong wa lobopo. Matshelo a rona, gone jaanong le mo nakong e e tlang, a ikaegile ka ene. O na le maatla a go duela le maatla a go otlhaya. O na le maatla a go naya botshelo le maatla a go bo tsaya. Fa a re amogela, dilo di tla re tsamaela sentle; fa a sa re amogele, dilo ga di na di re tsamaela sentle. Go botlhokwa thata gore a amogele kobamelo ya rona!

Batho ba obamela ka ditsela di le dintsi. Fa e le gore bodumedi bo tshwana le tsela, a Modimo o amogela ditsela tsotlhe tsa bodumedi? Nnyaa, e seng tsotlhe. Jesu, moporofeti wa Modimo, o ne a bontsha gore go na le ditsela di le pedi fela. O ne a re: “Tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.”—Mathaio 7:13, 14.

Go na le mefuta e le mebedi fela ya bodumedi: jo bo isang botshelong le jo bo isang tshenyegong. Boikaelelo jwa boroutšhara jono ke go go thusa go bona tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.