Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Ithuta Jang Boammaaruri ka Modimo?

O ka Ithuta Jang Boammaaruri ka Modimo?

Karolo 2

O ka Ithuta Jang Boammaaruri ka Modimo?

1, 2. Ke sekai sefe se se bontshang gore go tlhokega gore go nne le tsela e le nngwe ya go dira tshwetso ka dilo tsa bodumedi?

RE KA itse Modimo jang? A go a tlhokega gore re sekaseke dithuto tsotlhe tse di rutiwang mo madumeding a mantsi a a farologaneng? Seo se ka se kgonege. Tota le fa re ne re ka dira jalo, re ne re tla itse jang gore ke thuto efe e e boammaaruri?

2 Ke boammaaruri gore ka ntlha ya dilo tse di farologaneng tse batho ba di akanyang ka Modimo, re tlhoka tsela e re ka itseng se se boammaaruri ka yone, re tlhoka sengwe se batho botlhe ba ka se dumelang. Ka sekai: A re re batho kwa marekisetsong ba ganetsana ka gore letsela lengwe le boleele bo kae. Morekisi wa lone a re letsela leo le boleele jwa dimmetara di le tharo, mme moreki ene o akanya gore ga le leleele go le kalo. Kgang eno e ka rarabololwa jang? Ka go lekanya letsela leo ka theipi.

3. Ke ka ntlha yang fa Baebele e ile ya kwalwa?

3 A go na le theipi, kgotsa tsela e re ka e dirisang go dira tshwetso ka dilo tsa bodumedi? Ee, ke Baebele. Modimo o dirile gore Baebele e kwalwe gore batho gongwe le gongwe ba ithute boammaaruri ka ene. Go gatisitswe Dibaebele di le diketekete tsa dimilione. E ranoletswe mo dipuong di feta 2 100, e feletse kgotsa dikarolo dingwe tsa yone. Mo e ka nnang motho mongwe le mongwe o kgona go bala boammaaruri ka Modimo a bala ka puo ya gagwe.

4. Baebele e re tlhalosetsa eng?

4 Baebele ke mpho e e molemo thata e e tswang kwa Modimong. E tlhalosa dilo tse re neng re ka se ka ra di itse. E bua ka batho ba ba nnang mo lefelong la moya. E senola dikakanyo tsa Modimo, botho jwa gagwe le maikaelelo a gagwe. E tlhalosa tsela e a neng a dirisana le batho ka yone ka dingwagangwaga. E umaka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Gape e bolela kafa re ka bonang ka teng tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

Lebaka La go Bo o Ka Dumela Baebele

5. Ke sekai sefe se se bontshang gore Baebele e dumalana le saense?

5 Go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore re dumele gore eleruri Baebele ke Lefoko la Modimo. Lebaka lengwe ke gore Baebele e dumalana le saense. Bogologolo batho mo lefatsheng lotlhe ba ne ba akanya gore lefatshe le tshegeditswe ke sengwe. Ka sekai, kwa Afrika Bophirima, batho ba kile ba bo ba dumela gore lefatshe le tshegeditswe ke noga e e ikgarileng, e ikgarile makgetlo a le 3 500 mo godimo ga lefatshe le makgetlo a le 3 500 kafa tlase ga lone. Le fa go ntse jalo, go dumalana le saense, dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, mokwadi mongwe wa Baebele o ne a kwala gore Modimo o ‘lepeleditse lefatshe mo go se nang sepe.’—Jobe 26:7.

6. Ke bosupi bofe jo bogolo thata jo bo bontshang gore Baebele e tswa kwa Modimong?

6 Bosupi jo bogolo thata jo bo bontshang gore ruri Baebele e tswa kwa Modimong ke gore e kgona go bolelela pele isagwe. Go farologana le baporofeti ba batho, Modimo o itse isagwe tota; ka metlha sengwe le sengwe se a se buang se a direga.

7. Boporofeti bongwe jwa Baebele jo bo neng jwa diragadiwa mo nakong e e fetileng ke bofe?

7 Bogologolo go ne ga diragadiwa boporofeti jo bontsi jwa Baebele. Ka sekai, Baebele e ne ya bua boammaaruri dingwaga di le 700 go sa le pele gore Jesu o ne a tla tsholelwa kwa motseng wa Bethelehema, mme go ne ga direga fela jalo. (Mika 5:2; Mathaio 2:3-9) Mo godimo ga boporofeti jo bongwe jo bontsi jo bo neng bo bua ka Jesu, gape Baebele e ne ya bolelela pele gore o ne a tla tsholwa ke lekgarebana le gore la bofelo o ne a tla rekisiwa ka dipapetlana di le 30 tsa selefera. Boporofeti joo le jone bo ne jwa diragala. Eleruri ga go na motho ope yo o neng a ka kgona go bolelela pele dilo tseno!—Isaia 7:14; Sekarea 11:12, 13; Mathaio 1:22, 23; 27:3-5.

8. Ke boporofeti bofe jwa Baebele jo bo diragadiwang gompieno, mme bo supa eng?

8 Boporofeti jo bontsi jwa Baebele bo a diragadiwa gompieno. Bongwe jwa bone ke jono:

● “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba [ka ntwa], le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo.”—Luke 21:10, 11.

● ‘Go tlhoka molao go tla oketsega.’—Mathaio 24:12.

● “Mo metlheng ya bofelo . . . batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa utlweng batsadi, . . . ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, . . . ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-5.

A ga o dumele gore dilo tseno di a diragala gone jaanong? Boammaaruri le go tlhomama ga boporofeti jwa Baebele di bontsha gore Baebele ga se buka fela e e tlwaelegileng. Ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng!—2 Timotheo 3:16.

A Baebele e Fetotswe?

9, 10. Ke eng se se bontshang gore Modimo ga a letlelela batho go fetola Baebele?

9 A re re gongwe o ne o na le feketiri mme o ne o diretse badiri ba gago lenaane la melao e ba tshwanetseng go e latela. Fa mmaba mongwe a ne a ka fetola se o se kwadileng, o ne o tla dirang? A o ne o se kitla o baakanya se a se fetotseng? Ka tsela e e tshwanang Modimo ga a letlelele batho go fetola boammaaruri jwa Lefoko la gagwe, Baebele.

10 Ba ba lekileng go fetola dithuto tsa Lefoko la Modimo ga ba atlega. Fa re bapisa Baebele e re nang le yone gompieno le Dibaebele tsa bogologolo tala, di a tshwana. Seno se bontsha gore Baebele ga e a fetoga fa dingwaga di ntse di feta.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe  7]

A Ngwao e e Fetisiwang ka Molomo e ka Ikanngwa?

Bodumedi jwa setso jwa Seafrika ga bo na dibuka tsa bogologolo tala tse di boitshepo. Dingwao, meetlo, le dilo tse batho ba di akanyang ka Modimo di fetisiwa ka molomo go tswa kokomaneng e nngwe go ya kokomaneng e nngwe. Buka ya West African Traditional Religion ya re: “Tshedimosetso e e fetisiwang ka molomo e ka nna ya tswa e se boammaaruri go le kalo. Gantsi se se buiwang ka molomo se ka nna sa okediwa, sa fokodiwa, sa fetolwa, sa sokamisiwa, sa fetelediwa mme sa tlhakanya tlhogo, mo e leng gore gantsi go nna thata go bona boammaaruri mo go se se seng boammaaruri.”

[Potso ya Thuto]

Lebokose: Ke eng se buka nngwe e se buang ka go ikanyega ga ngwao e e fetisiwang ka molomo?

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe  6]

Drought victims: UN PHOTO 164671/JOHN ISAAC; soldier: United Nations/Photo by Yutaka Nagata