Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 28

‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’

‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’

1, 2. Ke eng fa go ka twe Kgosi Dafide o ne a itse ditiro tsa go se ikanyege sentle?

 KGOSI DAFIDE o ne a itse ditiro tsa go se ikanyege sentle. Nako nngwe mo pusong ya gagwe e e tletseng dikhuduego batho bangwe mo setšhabeng sa gagwe ba ne ba mo logela leano la boferefere. Mo godimo ga moo, Dafide o ne a epelwa lemena ke batho ba re neng re ka tsaya gore ba ne ba atamalane thata le ene. Akanya ka Mikale, mosadi wa ntlha wa ga Dafide. Kwa tshimologong “o ne a rata Dafide,” mme ga go pelaelo gore o ne a mo ema nôkeng mo ditirong tsa gagwe tsa segosi. Le fa go ntse jalo, moragonyana “o ne a mo nyatsa mo pelong,” e bile o ile a tsaya Dafide “jaaka monna wa seeleele.”—1 Samuele 18:20; 2 Samuele 6:16, 20.

2 Yo mongwe e ne e le mogakolodi wa ga Dafide e bong Ahitofele. Kgakololo ya gagwe e ne e tseelwa kwa godimo jaaka e kete e tswa kwa go Jehofa ka boene. (2 Samuele 16:23) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, mogakolodi yono yo Dafide a neng a mo ikanya o ne a mo tlhanogela mme a inaakanya le batho ba ba neng ba mo tlhanogela. Mme ke mang yo e neng e le motlhotlheletsi wa botlhanogi joo? E ne e le Abesalome, morwa wa ga Dafide ka boene! Leferefere leo le le maano ‘le ne la nna la utswa dipelo tsa batho ba Iseraele,’ la itlhoma go nna kgosi ya moganetsi. Botlhanogi jwa ga Abesalome bo ne jwa gakala thata jaana mo Kgosi Dafide a neng a patelesega go tlhanola direthe go namola botshelo jwa gagwe.—2 Samuele 15:1-6, 12-17.

3. Ke tshepo efe e Dafide a neng a nna le yone?

3 A go ne ga se ka ga nna le ope yo o neng a nna a ikanyega mo go Dafide? Mo nakong eo yotlhe ya matlhotlhapelo a ga Dafide, o ne a itse gore go ne go na le mongwe yo o ikanyegang mo go ene. E ne e le mang? E ne e se ope fa e se Jehofa Modimo. Dafide o ile a bua jaana ka Jehofa: “O ikanyega mo bathong ba ba ikanyegang.” (2 Samuele 22:26) Go ikanyega ke eng, mme Jehofa o re tlhomela sekao se se molemo go gaisa tsotlhe jang sa go ikanyega?

Go Ikanyega ke Eng?

4, 5. (a) “Go ikanyega” ke eng? (b) Go ikanngwa ga dilo tse di sa tsheleng go farologana jang le go ikanyega ga batho?

4 Go ya kafa lereo “go ikanyega” le dirisiwang ka teng mo Dikwalong Tsa Sehebera, ke bopelonomi jo ka ntlha ya lorato bo kgomarelang selo se se rileng bo sa se tlogele go fitlha bo kgona go dira se bo ikaeletseng go se dira ka sone. Motho yo o ikanyegang o lorato. a Go a kgatlha go bona gore mopesalema o ile a bitsa ngwedi a re ke “mosupi yo o ikanyegang mo loaping” ka gonne e tlhaga ka metlha ka nako ya teng fa go le bosigo. (Pesalema 89:37, ntlha e e kwa tlase) Ka tsela eno, ngwedi e a tshepega, e ka ikanngwa. Le fa go ntse jalo, go ka se ka ga twe ngwedi e ikanyega ka tsela e motho a ikanyegang ka yone. Ka ntlha yang? Ka gonne go ikanyega ga motho ke tsela e a bontshang lorato ka yone—selo se dilo tse di sa tsheleng di se nang sone.

Ngwedi e bidiwa gore ke mosupi yo o ikanyegang, mme gone, batho le baengele ke bone fela ba ba ka bontshang boikanyegi jwa ga Jehofa

5 Go ya ka Dikwalo, go ikanyega go tlhagisa kgopolo ya go nna lorato. Go dirisiwa ga teng ka bogone fela go supa gore go na le kamano ya botsala gareng ga motho yo o bontshiwang nonofo eno le yo a mmontshang yone. Go ikanyegang go go ntseng jalo ga go fetofetoge. Ga go tshwane le makhubu a lewatle a a phepheulwang ke diphefo tse di fetofetogang. Go na le moo, go ikanyega, kana lorato lo lo sa kgaotseng, go tlhomame, go nonofile e bile go kgona go fenya dikgoreletsi le fa di ka tswa di le dikgolo go le kana kang.

6. (a) Batho ba ikanyega go le kana kang, mme Baebele e supa seno jang? (b) Ke tsela efe e e molemo go gaisa tsotlhe ya go ithuta se go ikanyega e leng sone, mme ke eng fa o rialo?

6 Ke boammaaruri gore ke batho ba se kae fela ba ba ikanyegang jalo gompieno. Gangwe le gape batho ba ba atamalaneng ba na le “go direlana bosula.” Gantsi re na le go utlwa go buiwa ka banyalani ba ba phuaganyang balekane ba bone. (Diane 18:24; Malaki 2:14-16) Ditiro tsa boferefere di atile thata jaana mo re ka iphitlhelang re bua mafoko a a tshwanang le ano a ga moporofeti Mika: “Motho yo o ikanyegang o nyeletse mo lefatsheng.” (Mika 7:2) Le fa gantsi batho ba palelwa ke go bontsha boikanyegi, go ikanyega ke nonofo e e kgatlhang e Jehofa a itsegeng thata ka yone. Tota e bile, tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go ithuta se go ikanyega e leng sone ke go sekaseka kafa Jehofa a bontshang karolo eno e e botlhokwa ya lorato lwa gagwe ka gone.

Go Ikanyega ga ga Jehofa Go go Sa Tshwaneng le Gope

7, 8. Ke eng fa go ka twe Jehofa ke ene fela yo o ikanyegang?

7 Baebele e bolela jaana ka Jehofa: “Wena o le esi o [a] ikanyega.” (Tshenolo 15:4) Ke eng fa e rialo? A ka dinako dingwe batho le baengele ga ba a ka ba bontsha nonofo eno ka tsela e e sa tlwaelegang? (Jobe 1:1; Tshenolo 4:8) Mme go tweng ka Jesu Keresete? A ga se ene “yo o ikanyegang” mo Modimong go gaisa botlhe? (Pesalema 16:10) Ka gone, ke eng fa go ka twe ke Jehofa a le nosi yo o ikanyegang?

8 Sa ntlha, se lebale gore go ikanyega ke karolo ya lorato. E re ka ‘Modimo e le lorato’—ene ka boene a tshwantshetsa nonofo eno—a go na le mongwe yo o ka ikanyegang ka botlalo go gaisa Jehofa? (1 Johane 4:8) Ke boammaaruri gore, baengele le batho ba ka bontsha dinonofo tsa Modimo, mme ke Jehofa fela yo o ikanyegang ka tsela e e ka se lekanngweng le epe. E re ka e le “Mogologolo wa Malatsi,” o ile a bontsha boikanyegi ka lobaka lo loleele go feta sebopiwa sepe fela, sa mo lefatsheng kana sa kwa legodimong. (Daniele 7:9) Ka gone, Jehofa ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa go ikanyega. O bontsha nonofo eno ka tsela e go se nang sebopiwa sepe se se ka e bontshang jaaka ene. Akanya ka dikai tseno.

9. Jehofa ‘o ikanyega mo dilong tsotlhe tse a di dirang’ ka tsela efe?

9 Jehofa “o a ikanyega mo dilong tsotlhe tse a di dirang.” (Pesalema 145:17) Ka tsela efe? Pesalema ya 136 e a araba. Mo go yone go umakiwa ditsela di le dintsinyana tse Jehofa a ileng a falotsa batho ka tsone, go akaretsa le go golola Baiseraele ka kgakgamatso kwa Lewatleng le Lehibidu. Sengwe se se botlhokwa ke gore, temana nngwe le nngwe ya pesalema eno e felela ka mafoko a a reng: “Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.” Pesalema eno e a akarediwa mo lebokosong la “ Dipotso Tsa go Tlhatlhanya” le le mo tsebeng ya 289. Fa o ntse o bala ditemana tseo, o tla kgatlhiwa thata ke go bona ditsela tse dintsi tse Jehofa a ileng a bontsha batho ba gagwe lorato lo lo sa kgaotseng ka tsone. Ee, Jehofa o bontsha go ikanyega mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang mo go ene ka go ba sekegela tsebe fa ba lela ba mo kopa thuso, le ka go tsaya kgato ka nako e e tshwanetseng. (Pesalema 34:6) Lorato lo lo sa kgaotseng lo Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka lone ga lo ke lo fokotsega fa fela ba nna ba ikanyega mo go ene.

10. Jehofa o bontsha jang gore o a ikanyega mo melaong ya gagwe?

10 Mo godimo ga moo, Jehofa o bontsha go ikanyega mo batlhankeng ba gagwe ka go se fetogele melao ya gagwe. Jehofa ga a fetofetole tsela e a lebang se se siameng le se se sa siamang ka yone, ga a tshwane le batho ba ba sa tlhomamang ba ba nang le go dira dilo ka ntlha ya go tseega maikutlo. Go ralala diketekete tsa dingwaga, tsela e ka yone a lebang tirisabadimo, kobamelo ya medingwana le go bolaya, ga e ise e fetoge. O ne a bua jaana a dirisa moporofeti wa gagwe Isaia: “Ke tla nna ke sa fetoge go fitlha kwa botsofeng jwa lona.” (Isaia 46:4) Ka gone, re ka tshepa gore re tla solegelwa molemo ke go latela kaelo e e tlhamaletseng ya boitsholo e e mo Lefokong la Gagwe.—Isaia 48:17-19.

11. Neela dikai tse di bontshang gore Jehofa o diragatsa se a se solofetsang.

11 Gape Jehofa o bontsha go ikanyega ka go diragatsa dilo tse a di solofetsang. Fa a boleletse pele sengwe, se a direga. Ke gone ka moo Jehofa a ileng a re: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . . ga le kitla le boela mo go nna le sa dira sepe, mme le tla diragatsa sepe fela se ke se itumelelang, e bile le tla atlega mo go se ke le romelang gore le se dire.” (Isaia 55:11) Jehofa o bontsha go ikanyega mo bathong ba gagwe ka go diragatsa se a se ba solofetsang. Ga a dire gore ba nne ba letetse sengwe se a sa ikaelelang go se dira. Jehofa o itsege a se na selabe mo kgannyeng eno mo e leng gore motlhanka wa gagwe Joshua o ne a ka re: “Ga go na tsholofetso epe mo ditsholofetsong tsotlhe tse di molemo tse Jehofa a neng a di solofeditse batho ba Iseraele e e neng ya se ka ya diragala; di ne tsa diragadiwa tsotlhe fela.” (Joshua 21:45) Ka jalo, re ka tshepa gore Jehofa ga a kitla a re swabisa ka gonne ka metlha o diragatsa dilo tse a re solofetsang tsone.—Isaia 49:23; Baroma 5:5.

12, 13. Lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri ka ditsela dife?

12 Jaaka fa go bontshitswe pelenyana, Baebele e re bolelela gore lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng “lo nnela ruri.” (Pesalema 136:1) Ke eng fa e rialo? Selo sengwe ke gore, Jehofa o itshwarela maleo go ya go ile. Jaaka fa go tlhalositswe mo go Kgaolo 26, Jehofa ga a nnele go gopotsa motho maleo a nako e e fetileng a a neng a mo itshwaretse one. E re ka “batho botlhe ba leofile e bile ba paletswe ke go bontsha dinonofo tse dintle tsa Modimo,” mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go lebogela go bo lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng e le lo lo nnelang ruri.—Baroma 3:23.

13 Mme gone, lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri ka kgopolo e nngwe gape. Lefoko la gagwe le bolela gore mosiami “o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, setlhare se se ntshang maungo ka paka ya sone, se matlhare a sone a sa swabeng. Mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pesalema 1:3) Akanya fela ka setlhare se se ungwang thata se matlhare a sone a se keng a swaba! Le rona fa re itumelela Lefoko la Modimo, re tla nna le botshelo jo boleele, jo bo nang le kagiso le jo bo itumedisang. Masego a Jehofa a a abelang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ke a a nnelang ruri. Ke boammaaruri gore, mo lefatsheng le lesha la tshiamo le Jehofa a tla le tlisang, batho ba ba kutlo ba tla itumelela lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng ka bosakhutleng.—Tshenolo 21:3, 4.

Jehofa “Ga a Kitla a Latlha Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang”

14. Jehofa o bontsha jang gore o anaanela go ikanyega ga batlhanka ba gagwe?

14 Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ile a bontsha ka makgetlo a le mantsi gore o a ikanyega. E re ka Jehofa a tlhomame ka botlalo, tsela e a ikanyegang ka yone mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang ga e ke e fokotsega. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Nkile ka bo ke le monnye mme jaanong ke tsofetse, le fa go ntse jalo, ga ke ise ke bone ope yo o siameng a latlhilwe, kgotsa bana ba gagwe ba tlhoka dijo. Gonne Jehofa o rata tshiamiso, mme ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Pesalema 37:25, 28) Ke boammaaruri gore, e re ka Jehofa e le Mmopi, o tshwanelwa ke gore re mo obamele. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa a ikanyega, o anaanela boikanyegi jwa rona.—Malaki 3:16, 17.

15. Tlhalosa gore tsela e Jehofa a neng a dirisana le Iseraele ka yone e bontsha jang gore o a ikanyega.

15 E re ka Jehofa a na le lorato lo lo sa kgaotseng, gangwe le gape o thusa batho ba gagwe fa ba le mo mathateng. Mopesalema o re bolelela jaana: “O sireleditse botshelo jwa batho ba gagwe ba ba ikanyegang; o ba golola mo seatleng sa batho ba ba bosula.” (Pesalema 97:10) Akanya kafa a ileng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka gone. Fa Baiseraele ba sena go gololwa ka kgakgamatso kwa Lewatleng le Lehibidu, ba ile ba opelela Jehofa jaana: “Ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng, o ne wa etelela pele batho ba o ba golotseng.” (Ekesodo 15:13) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a bontsha lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng fa a ne a ba golola kwa Lewatleng le Lehibidu. Ka gone, Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana: “E ne e se ka gonne lo ne lo le bantsi thata go feta ditšhaba tsotlhe go bo Jehofa a ile a lo rata a bo a lo tlhopha, gonne lo ne lo le babotlana thata mo ditšhabeng tsotlhe. Go na le moo, e ne e le ka gonne Jehofa a ne a lo rata le ka gonne a ne a diragatsa maikano a a neng a a ikanela borraalonamogolo; ke gone ka moo Jehofa a neng a lo ntsha ka seatla se se nonofileng, gore a lo golole kwa lefatsheng la bokgoba, mo maatleng a ga Faro kgosi ya Egepeto.”—Duteronome 7:7, 8.

16, 17. (a) Baiseraele ba ne ba bontsha jang go tlhoka kanaanelo go go feteletseng, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba bontsha kutlwelobotlhoko jang? (b) Bontsi jwa Baiseraele ba ile ba bontsha jang gore ba ne ba ka ‘se tlhole ba kgona go fodisiwa,’ mme ke tlhagiso efe e re ithutang yone fano?

16 Ke boammaaruri gore setšhaba sa Iseraele se ne sa se ka sa bontsha go anaanela lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng, ka gonne fa ba sena go gololwa “ba ne ba tswelela ba [leofela Jehofa] ka go tlhanogela Mogodimodimo.” (Pesalema 78:17) Go ralala makgolokgolo a dingwaga, ba ne ba tlhanogela Jehofa gangwe le gape, ba mo latlha mme ba direla medimo ya maaka le go dira ditiro tsa boheitane tse di neng tsa ba leswafatsa. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a a ka a senya kgolagano ya gagwe le bone. Go na le moo, Jehofa o ne a kopa batho ba gagwe jaana a dirisa moporofeti Jeremia: “Boa wena Iseraele wa motlhanogi . . . ga nkitla ke lo galefela, ka gonne ke a ikanyega.” (Jeremia 3:12) Le fa go ntse jalo, jaaka go boletswe mo go Kgaolo 25, bontsi jwa Baiseraele bo ne jwa se ka jwa tlhotlheletsega go fetoga. “Ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri, mme ba ne ba nyatsa mafoko a gagwe e bile ba kgoba baporofeti ba gagwe.” Go ne ga felela ka eng? Kgabagare ‘bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tlela batho ba gagwe, go fitlha ba sa kgone go fodisiwa.’—2 Ditiragalo 36:15, 16.

17 Re ithuta eng mo go seno? Gore go ikanyega ga ga Jehofa ga go bolele gore ga a bone kana gore a ka tsiediwa. Ke boammaaruri gore Jehofa o na le “lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng” e bile o itumelela go nna kutlwelobotlhoko fa go na le lebaka la gore a dire jalo. Mme go tweng fa modirabosula a tswelela a le tlhogoethata? Mo kgannyeng e e ntseng jalo, Jehofa o diragatsa melao ya gagwe e e siameng a bo a atlhola motho yoo ka katlholo e e botlhoko. Jaaka fa Moshe a ile a bolelelwa, ‘le ka motlha Jehofa ga a kitla a tlogela ba ba molato ba sa otlhaiwa.’—Ekesodo 34:6, 7.

18, 19. (a) Fa Jehofa a otlhaya badirabosula, o a bo a bontsha jang gore o a ikanyega? (b) Jehofa o tla bontsha jang gore o ikanyega mo batlhankeng ba gagwe ba ba ileng ba bogisiwa go fitlha ba swa?

18 Fa Jehofa a otlhaya badirabosula, o a bo a bontsha gore o a ikanyega. Jang? Sekai sengwe re se bona mo bukeng ya Tshenolo mo ditaelong tseno tse Jehofa a neng a di neela baengele ba le supa: “Tsamayang lo ye go tshololela dikotlele tse supa tsa bogale jwa Modimo kwa lefatsheng.” Fa moengele wa boraro a tshololela mogopo wa gagwe “mo dinokeng le mo metsweding ya metsi,” di ne tsa fetoga madi. Go tswa foo moengele o raya Jehofa a re: “O Modimo yo o ikanyegang, Ene yo o gone le yo o neng a le gone. O siame, ka ntlha ya gore o ntshitse dikatlholo tseno, ka gonne ba ne ba tsholola madi a ba ba boitshepo le a baporofeti, mme jaanong o ba neile madi gore ba a nwe; seo se a ba tshwanela.”—Tshenolo 16:1-6.

19 Ela tlhoko gore fa moengele yono a ntse a bolela molaetsa oo wa katlholo o bitsa Jehofa a re ke “Modimo yo o ikanyegang.” Ka ntlha yang? Ka gonne fa Jehofa a nyeletsa badirabosula o bontsha go ikanyega mo batlhankeng ba gagwe ba bontsi jwa bone ba neng ba bogisiwa go fitlha ba swa. Ka boikanyegi Jehofa o boloka batho bao ba ba ikanyegang mo mogopolong wa gagwe jaaka e kete ba a tshela. O tlhologelelwa go bona gape batho bano ba gagwe ba ba ikanyegang, mme Baebele e tlhomamisa gore o ikaeletse go ba duela ka go ba tsosa mo baswing. (Jobe 14:14, 15) Jehofa ga a lebale batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang fela ka gonne ba sa tlhole ba tshela. Go na le moo, “botlhe ba a tshela mo go ene.” (Luke 20:37, 38) Boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go dira gore botlhe ba ba mo mogopolong wa gagwe ba boe ba tshele gape, ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore o a ikanyega.

E re ka Jehofa a ikanyega, o tla gakologelwa batho ba ba ileng ba ikanyega mo go ene go fitlha ba swa a bo a ba tsosa

Bernard Luimes (fa godimo) le Wolfgang Kusserow (fa gare) ba ne ba bolawa ke Banasi

Moses Nyamussua o ne a bolawa ka go tlhabiwa ka lerumo ke lekoko la dipolotiki

Lorato Lwa ga Jehofa Lo lo Sa Kgaotseng lo Bula Tsela ya go Bona Poloko

20. Ke bomang ba e leng ‘dijana tse di tshwanelwang ke go utlwelwa botlhoko,’ mme Jehofa o bontsha jang gore o ikanyega mo go bone?

20 Go ralala hisitori, Jehofa o ile a bontsha go ikanyega ka tsela e e gakgamatsang mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang. Tota e bile, Jehofa o feditse diketekete tsa dingwaga ‘a le pelotelele le batho ba ba tshwanelwang ke go atlholwa le ba ba tshwanang le dijana tse di tshwanelwang ke go senngwa.’ Ka ntlha yang? “O ne a dira seno gore a bontshe batho ba ba tshwanelwang ke gore a ba utlwele botlhoko kgalalelo ya gagwe mme ba ne ba tshwana le dijana tse a neng a di baakantse go sa le pele gore di galalediwe.” (Baroma 9:22, 23) ‘Dijana tseno di tshwanelwang ke go utlwelwa botlhoko’ ke batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo gore ba nne baruaboswa le Keresete mo Bogosing jwa gagwe. (Mathaio 19:28) Fa Jehofa a ne a bulela dijana tseno di tshwanelwang ke go utlwelwa botlhoko tsela ya go bona poloko, o ne a bontsha gore o ikanyega mo go Aborahame, yo a neng a dira kgolagano eno ya tsholofetso le ene: “Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka gonne o reeditse lentswe la me.”—Genesise 22:18.

E re ka Jehofa a ikanyega, batlhanka ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang ba na le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe

21. (a) Jehofa o bontsha jang gore o ikanyega mo go ba “boidiidi jo bogolo” ba ba nang le tsholofelo ya go falola “pitlagano e kgolo”? (b) Go ikanyega ga ga Jehofa go go tlhotlheletsa go dira eng?

21 Jehofa o ikanyega ka tsela e e tshwanang le mo go ba “boidiidi jo bogolo” ba ba nang le tsholofelo ya go falola “pitlagano e kgolo” le ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 7:9, 10, 14) Le fa batlhanka bano ba gagwe ba sa itekanela, Jehofa ka boikanyegi o ba naya tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. O dira seno jang? Ka go dirisa thekololo—tsela e kgolo go gaisa tsotlhe e Jehofa a bontshitseng go ikanyega ka yone. (Johane 3:16; Baroma 5:8) Go ikanyega ga ga Jehofa go gogela batho ba dipelo tsa bone di nyoretsweng tshiamo. (Jeremia 31:3) A ga o ikutlwe o atamalane thata le Jehofa ka ntlha ya go ikanyega go gogolo go a go bontshitseng le go a sa ntseng a tla go bontsha? E re ka re batla go atamalana le Modimo, e kete re ka bontsha go anaanela lorato lwa gagwe ka go nonotsha tshwetso ya rona ya go mo direla ka boikanyegi.

a Selo se se kgatlhang ke gore lefoko le le ranotsweng e le “go ikanyega” mo go 2 Samuele 22:26 mo ditemaneng tse dingwe le ranotswe e le “lorato lo lo sa kgaotseng.”