Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

“Nonofo e Kgolo”

“Nonofo e Kgolo”

Mo karolong eno re tla sekaseka dipego tsa Baebele tse di bontshang gore Jehofa o na le maatla a go bopa, a go nyeletsa, a go sireletsa le a go tsosolosa. Go tlhaloganya kafa Jehofa Modimo, yo ‘o nang le nonofo e kgolo,’ a dirisang ‘maatla a gagwe a magolo’ ka teng go tla dira gore re nne pelokgale e bile re nne le tsholofelo.—Isaia 40:26.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 4

“Jehofa . . . O na Le Maatla a Magolo”

A maatla a Modimo a tshwanetse go dira gore re mmoife? Karabo ke ee, e bile ke nnyaa.

KGAOLO 5

Maatla a go Bopa—“Modiri wa Legodimo le Lefatshe”

Go tloga ka letsatsi le legolo go fitlha ka nonyane e nnye ya hummingbird, popo ya Modimo e re ruta sengwe sa botlhokwa ka ene.

KGAOLO 6

Maatla a go Nyeletsa—“Jehofa ke Motlhabani yo o Maatla”

“Modimo wa Kagiso” a ka kgona jang go lwa ntwa ya gagwe?

KGAOLO 7

Maatla a go Sireletsa—‘Modimo ke Botshabelo Jwa Rona’

Modimo o sireletsa batlhanka ba gagwe ka ditsela tse pedi, mme e nngwe e botlhokwa thata.

KGAOLO 8

Maatla a go Tsosolosa—Jehofa o “Dira Dilo Tsotlhe Disha”

Jehofa o setse a tsosolositse kobamelo e e itshekileng. Ke eng se a tla se tsosolosang mo nakong e e tlang?

KGAOLO 9

“Keresete o Bontsha . . . Gore Modimo O na Le Maatla”

Dikgakgamatso le dithuto tsa ga Jesu di bontsha jang gore Jehofa Modimo o na le maatla?

KGAOLO 10

“Etsang Modimo” ka Tsela e lo Dirisang Maatla ka Yone

O ka tswa o na le maatla go feta kafa o akanyang ka gone. O ka a dirisa jang sentle?