Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 4

“Jehofa . . . O na Le Maatla a Magolo”

“Jehofa . . . O na Le Maatla a Magolo”

1, 2. Ke dilo dife tse di gakgamatsang tse Elija a neng a setse a kile a di bona mo botshelong jwa gagwe, mme ke ditiragalo dife tse di gakgamatsang thata tse a ileng a di bona a le fa logageng kwa Thabeng ya Horeba?

 ELIJA o ne a setse a kile a bona dilo tse di gakgamatsang. O ne a bone magakabe a mo leretse dijo gabedi ka letsatsi mo lefelong le a neng a iphitlhile mo go lone. O ne a bone dinkgo tse pedi di ba tlamela ka bupi le leokwane mo lobakeng lo loleele lwa leuba mme di se ke di fela. O ne a bone le thapelo ya gagwe e arabiwa ka gore go fologe molelo go tswa kwa loaping. (1 Dikgosi, dikgaolo 17, 18) Le fa go ntse jalo, Elija o ne a ise a ko a bone sepe se se tshwanang le seno.

2 Fa a ntse a bobile gaufi le kgoro ya logaga mo Thabeng ya Horeba, o ne a bona motseletsele wa ditiragalo tse di gakgamatsang thata. Go ne ga simologa go le phefo. E tshwanetse ya bo e ne e le phefo e e tsubutlang ka modumo o mogolo ka gonne e ne e le maatla jaana mo e neng ya phatlola dithaba ya ba ya thubaganya mafika. Go tswa foo go ne ga latela thoromo ya lefatshe, e e neng ya rora ka maatla a magolo go tswa mo pelong ya lefatshe. Morago ga foo ga runya molelo. Elija o tshwanetse a bo a ile a utlwa mosumo wa mogote wa one o o babolang fa o ntse o laila kgaolo eo.—1 Dikgosi 19:8-12.

3. Elija o ile a bona bosupi jwa nonofo efe ya Modimo, mme re ka bona kae bosupi jwa yone nonofo eno?

3 Ditiragalo tseno tsotlhe tse di farologaneng tse Elija a ileng a di bona di ne di tshwana ka selo se le sengwe—di ne di bontsha maatla a magolo a Jehofa Modimo a nang le one. Ke boammaaruri gore, ga re tlhoke go bona kgakgamatso pele gore re lemoge gore Modimo o na le nonofo eno. E bonala sentle fela. Baebele e re bolelela gore popo e senola ‘maatla a a sa feleng a ga Jehofa le gore ruri ke Modimo.’ (Baroma 1:20) Akanya fela ka lesedi le le boitshegang le modumo o mogolo wa pula ya matlakadibe, go phothosela ka maatla a magolo ga diphororo tsa metsi le bogolo jo bo boitshegang jwa loapi lo lo tletseng dinaledi! A dilo tseno ga di go bontshe maatla a magolo a Modimo a nang le one? Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi mo lefatsheng gompieno ga ba tseye maatla a Modimo tsia tota. Mme e bile, ke ba se kae fela ba ba a lebang ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, go tlhaloganya nonofo eno ya Modimo go re naya mabaka a mantsi a gore re atamalane le Jehofa. Mo karolong eno, re tla ithuta ka botlalo ka maatla a a sa lekaneng le ape a Jehofa a nang le one.

“Jehofa o ne a feta”

Nonofo e e Botlhokwa ya ga Jehofa

4, 5. (a) Leina la ga Jehofa le tlhalosiwa jang? (b) Ke eng fa go tshwanela go bo Jehofa a tlhophile poo go tshwantshetsa maatla a gagwe?

4 Jehofa o na le maatla a a sa tshwaneng le ape. Jeremia 10:6 ya re: “Ga go na ope yo o tshwanang le wena Jehofa. O mogolo, e bile leina la gago le legolo gape le maatla.” Ela tlhoko gore leina la ga Jehofa le tlhalosiwa e le le legolo e bile le le maatla. Gakologelwa, go bonala sentle gore leina leno le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Ke eng se se dirang gore Jehofa a kgone go bopa sengwe le sengwe se a se batlang le go nna sengwe le sengwe se a tlhophang go nna sone? Ga go pelaelo gore o thusiwa ke maatla. Ee, Jehofa o na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go tsaya kgato a diragatsa thato ya gagwe. Maatla ao ke e nngwe ya dinonofo tsa gagwe tse di botlhokwa.

5 E re ka re sa kgone go tlhaloganya maatla a ga Jehofa ka botlalo, o dirisa ditshwantsho go re thusa. Jaaka fa re bone, o dirisa poo go tshwantshetsa maatla a gagwe. (Esekiele 1:4-10) Seo se a tshwanela ka gonne tota le poo e e ruiwang ke sebopiwa se se boitshegang e bile se le maatla. Go ne go se na diphologolo tse dintsi tse di neng di e feta ka maatla tse di neng di itsewe ke batho ba Palesetina mo metlheng ya Baebele. Mme gone ba ne ba itse mofuta mongwe wa poo e e tshabegang—poo ya naga, kana aurochs, e gone jaanong e nyeletseng. (Jobe 39:9-12) Mmusi wa Roma e bong Julius Caesar o kile a bolela gore dipoo tseno di ne di batla di lekana le ditlou. O ne a re: “Di na le nonofo e kgolo e bile di lobelo.” Akanya fela gore o ne o tla ikutlwa o le monnye e bile o le bokoa jang fa o bapile le phologolo e kalo!

6. Ke eng fa e le Jehofa fela yo o bidiwang “Mothatayotlhe”?

6 Motho o monnye e bile o bokoa fela jalo fa a bapisiwa le Modimo yo o maatla, Jehofa. Mo go ene tota le ditšhaba tse di nonofileng di tshwana fela le lerolenyana mo sekaleng. (Isaia 40:15) Jehofa ga a tshwane le setshedi sepe, o na le maatla a a seng kana ka sepe ka gonne ke ene fela yo o bidiwang “Mothatayotlhe.” a (Tshenolo 15:3) Jehofa o na le “maatla a magolo a a boitshegang . . . le nonofo e kgolo.” (Isaia 40:26) Ke Motswedi wa maatla a mantsintsi a a sa feleng. Ga a ikaega ka motswedi ope gore a bone maatla, ka gonne “nonofo ke ya Modimo.” (Pesalema 62:11) Mme gone, Jehofa o dirisa eng go tlhagisa maatla a gagwe?

Kafa Jehofa a Dirisang Maatla a Gagwe ka Teng

7. Moya o o boitshepo wa ga Jehofa ke eng, mme mafoko a dipuo tsa ntlhantlha a a dirisitsweng mo Baebeleng a bolela eng?

7 Jehofa o tlhagisa moya o o boitshepo ka selekanyo se segolo. Ke maatla a Modimo a dirang dilo ka one. Tota e bile, mo go Genesise 1:2, Baebele e o bitsa “maatla a Modimo.” Mafoko a Sehebera le Segerika sa ntlhantlha a a ranolwang e le “moya,” ka dinako tse dingwe a ka ranolwa e le “phefo,” “mohemo” le “go tsubutla.” Go ya ka bakwadi ba dithanodi, mafoko a dipuo tseno tsa ntlhantlha a bolela maatla a a dirang a a sa bonaleng. Fela jaaka re sa bone phefo, ga re kgone go bona moya wa Modimo ka matlho, mme gone re kgona go bona matswela a one.

8. Mo Baebeleng moya wa Modimo o bidiwa eng ka tsela ya tshwantshetso, mme ke eng fa dipapiso tseno di tshwanela?

8 Ka metlha moya o o boitshepo wa Modimo o nna o fetofetoga le maemo. Jehofa a ka o dirisa go diragatsa sengwe le sengwe se a ikaeletseng go se dira. Go a tshwanela he go bo mo Baebeleng moya wa Modimo o bidiwa ka tsela ya tshwantshetso go twe ke “monwana” wa gagwe, “seatla se se nonofileng,” kana “lebogo le le otlolotsweng.” (Luke 11:20; Duteronome 5:15; Pesalema 8:3) Fela jaaka motho a ka dirisa seatla sa gagwe go dira ditiro tse di farologaneng tse di batlang selekanyo se se sa tshwaneng sa nonofo kana botswerere, Modimo le ene a ka dirisa moya wa gagwe go dira sengwe le sengwe se a se ikaeletseng—se se jaaka go dira atomonyana e nnye thata kana go kgaoganya Lewatle le Lehibidu kana go thusa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go bua ka dipuo di sele.

9. Jehofa o na le maatla a go busa a magolo go le kana kang?

9 Gape Jehofa o dirisa maatla a gagwe go laola e le Molaodimogolo wa Lobopo. A o ka akanya o na le dimilionemilione tsa babusiwa ba ba nang le bokgoni ba ba ratang go go ikobela? Jehofa o na le maatla a a ntseng jalo a go busa. O na le batlhanka ba batho, ba gantsi Dikwalo di ba tshwantshang le lesomo la masole. (Pesalema 68:11; 110:3) Le fa go ntse jalo, motho ke sebopiwa se se bokoa fa a bapisiwa le moengele. Ebu, fa masole a Asiria a ne a tlhasela batho ba Modimo, moengele a le mongwe fela o ne a bolaya masole a bone a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe! (2 Dikgosi 19:35) Baengele ba Modimo “ba maatla.”—Pesalema 103:19, 20.

10. (a) Ke eng fa Mothatayotlhe a bidiwa Jehofa wa masomosomo? (b) Ke mang yo o maatla go gaisa mo dibopiweng tsotlhe tsa ga Jehofa?

10 Go na le baengele ba le kae? Moporofeti Daniele o ne a nna le ponatshegelo ya legodimo e mo go yone a neng a bona baengele ba feta dimilione tse 100 fa pele ga setulo sa ga Jehofa sa bogosi, mme ga go bonale fa a ile a bona baengele botlhe. (Daniele 7:10) Ka gone go ka tswa go na le dimilione di le makgolokgolo tsa baengele. Ke gone ka moo Modimo a bidiwang gore ke Jehofa wa masomosomo. Leina leno le tlhalosa maemo a gagwe a magolo a go nna Molaodi yo o maatla wa palo e kgolo ya baengele ba ba nonofileng ba ba rulagantsweng sentle. O tlhomile Morwawe yo o rategang, yo e leng “leitibolo la popo yotlhe” gore a okamele baengele bano botlhe. (Bakolosa 1:15) E re ka Jesu e le moengele yo mogolo—mookamedi wa baengele botlhe, boserafe le ditšheruba—ke sebopiwa sa ga Jehofa se se maatla go gaisa tsotlhe.

11, 12. (a) Lefoko la Modimo le naya maatla ka ditsela dife? (b) Jesu o ile a bontsha jang gore maatla a ga Jehofa a magolo go le kana kang?

11 Go na le tsela e nngwe gape e Jehofa a dirisang maatla a gagwe ka yone. Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” A o etse tlhoko maatla a magolo a lefoko la Modimo kana molaetsa o o tlhotlheleditsweng ke moya wa gagwe o le jaanong o ntseng o le teng mo Baebeleng? O ka re nonotsha, wa re aga tumelo le go re thusa go dira diphetogo tse dikgolo. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa badumedi ka ene ka batho ba ba inaakantseng le botshelo jwa boitsholo jo bo maswe. Go tswa foo o ile a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo.” (1 Bakorintha 6:9-11) Ee, “lefoko la Modimo” le ne le dirisitse maatla a lone mo go bone mme la ba thusa go fetoga.

12 Maatla a ga Jehofa a magolo thata e bile ditsela tse a a dirisang ka tsone di atlega thata jaana mo e leng gore ga go sepe se se ka mo kgoreletsang. Jesu o ile a re: “Mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Mathaio 19:26) Jehofa o diragatsa maikaelelo afe ka maatla a gagwe?

Maatla a a Laolwang ka Boikaelelo

13, 14. (a) Ke eng fa re ka re Jehofa ga se motswedi o o se nang maikutlo wa maatla? (b) Jehofa o dirisa maatla a gagwe ka ditsela dife?

13 Moya wa ga Jehofa o gaisa maatla ape fela a tlholego kgakala; mme Jehofa ga se maatla fela a a se nang maikutlo, ga se motswedi fela wa maatla. Ke Modimo yo o nang le maikutlo yo o kgonang go laola maatla a gagwe. Mme gone, ke eng se se mo tlhotlheletsang go a dirisa?

14 Jaaka fa re tla bona, Modimo o dirisa maatla go bopa, go nyeletsa, go sireletsa, le go tsosolosa—ka bokhutshwane re ka re, o a dirisetsa sengwe le sengwe fela se se tshwanelang maikaelelo a gagwe a a molemo. (Isaia 46:10) Ka dinako tse dingwe, Jehofa o dirisa maatla a gagwe go senola dikarolo tse di botlhokwa tsa botho jwa gagwe le ditekanyetso. Mo godimo ga tsotlhe, o kaela maatla a gagwe go diragatsa thato ya gagwe, e leng go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo a dirisa Bogosi jwa ga Mesia, e le go bontsha gore tsela e a busang ka yone ke e e di gaisang tsotlhe. Ga go na sepe se se ka thibelang boikaelelo joo.

15. Jehofa o dirisa maatla a gagwe ka boikaelelo bofe malebana le batlhanka ba gagwe, mme o ne a bontsha seno jang mo kgannyeng ya ga Elija?

15 Jehofa o dirisa maatla a gagwe le ka tsela e e ka solegelang mongwe le mongwe wa rona molemo. Ela tlhoko se 2 Ditiragalo 16:9 e se buang: “Matlho a ga Jehofa a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe maatla a gagwe ka go thusa batho ba ba mo direlang ka pelo yotlhe.” Sekai sa seno ke tiragalo e e neng ya diragalela Elija, e e umakilweng kwa tshimologong. Ke eng fa Jehofa a ile a dira gore a bone tiragalo eo e e gakgamatsang e e bontshang maatla a Modimo? Ebu, Kgosigadi Jesebele yo o boikepo o ne a ikanne gore o tla dira gore Elija a bolawe. Moporofeti yono o ne a tshabile gore a iphalotse. O ne a ikutlwa a latlhegile, a tshogile e bile a kgobegile marapo—jaaka e kete matsapa otlhe a gagwe e ne e le a lefela. Jehofa o ne a gomotsa Elija yo o hutsafetseng ka go mo gopotsa kafa Modimo a leng maatla ka teng. Phefo, thoromo ya lefatshe le molelo di ne di bontsha gore Yo o maatla go feta botlhe mo lobopong o ne a na le Elija. O ne a ka tshaba eng mo go Jesebele fa Modimo Mothatayotlhe a mo eme nokeng?—1 Dikgosi 19:1-12. b

16. Ke eng fa re ka gomodiwa ke go akanya ka maatla a magolo a ga Jehofa?

16 Le fa gone jaanong e se nako ya gore a dire dikgakgamatso, Jehofa o sa ntse a tshwana le mo motlheng wa ga Elija. (1 Bakorintha 13:8) Le gompieno o sa ntse a tlhagafaletse go dirisa maatla a gagwe go thusa batho ba ba mo ratang. Ke boammaaruri gore o nna kwa lefelong la semoya la maemo a a kwa godimo, mme gone ga a kgakala le rona. O na le maatla a a seng kana ka sepe, ka jalo a ka se ka a kgorelediwa ke bokgakala. Go na le moo, “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang.” (Pesalema 145:18) Nako nngwe fa moporofeti Daniele a ne a rapela Jehofa a kopa thuso, moengele o ne a tla kwa go ene le pele a fetsa go rapela! (Daniele 9:20-23) Ga go sepe se se ka thibelang Jehofa go thusa batho ba a ba ratang le go ba nonotsha.—Pesalema 118:6.

A Maatla a Modimo a Dira Gore A se ka A Atamelesega?

17. Maatla a ga Jehofa a dira gore re mmoife ka tsela efe, mme gone ga a dire gore re mmoife ka tsela efe?

17 A maatla a Modimo a tshwanetse a dira gore re mmoife? Re tshwanetse ra araba ka ee le nnyaa. Re araba ka ee ka gonne nonofo eno ya gagwe e re naya mabaka a mantsi a gore re nne le poifo ya bomodimo, poifo ya go mo tlotla e re tlotlileng go se kae ka yone mo kgaolong e e fetileng. Baebele e re bolelela gore poifo e e ntseng jalo ke “tshimologo ya botlhale.” (Pesalema 111:10) Le fa go ntse jalo, gape re araba ka nnyaa ka gonne maatla a Modimo ga a dire gore re nne le poifo ya go mo tshoga kana go tshaba go mo atamela.

18. (a) Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa tshepe batho ba ba nang le maatla? (b) Re itse jang gore Jehofa a ka se ka a senngwa ke maatla a o nang le one?

18 “Go nna le maatla go tle go senye; mme go nna le maatla a a feletseng gone go senya ka tsela e e feteletseng.” Go ne ga rialo motlotlegi wa Moesemane e bong Lord Acton ka 1887. Mafoko ano a gagwe a ile a boaboelediwa gantsi thata, gongwe e le ka gonne batho ba le bantsi ba bona kafa a leng boammaaruri ka teng. Gantsi batho ba ba sa itekanelang ga ba dirise maatla sentle, jaaka fa hisitori e ile ya supa gangwe le gape. (Moreri 4:1; 8:9) Ka ntlha ya seno batho ba le bantsi ga ba tshepe batho ba ba nang le maatla mme ba ikgogona mo go bone. Jehofa ene o na le maatla a a feletseng. A maatla ano a mo sentse ka tsela nngwe? Legoka! Jaaka fa re bone, o boitshepo, ga go ka ke ga direga gore a nne bosula ka tsela epe fela. Jehofa ga a tshwane le banna le basadi ba ba sa itekanelang ba ba nang le maatla ba lefatshe leno le le bosula. Ga a ise a ko a dirise maatla a gagwe ka tsela e e sa siamang, e bile ga a kitla a tsamaya a dira jalo.

19, 20. (a) Ka metlha Jehofa o dirisa maatla a gagwe go tsamaisana le dinonofo dife tsa gagwe, mme ke eng fa seno se re kgothatsa? (b) O ka tshwantsha jang tsela e Jehofa a kgonang go ithiba ka yone, mme ke eng fa e go kgatlha?

19 Se lebale gore maatla ga se one fela nonofo e Jehofa a nang le yone. Re sa ntse re tla ithuta ka tshiamiso, botlhale le lorato lwa gagwe. Mme gone ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o dirisa dinonofo tseno tsa gagwe ka tsela e e gagametseng a di dirisa ka tlhatlhamano ya tsone, jaaka e kete o dirisa nonofo e le nngwe fela ka nako. Go na le moo, re tla bona mo dikgaolong tse di latelang gore ka metlha Jehofa o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e tsamaelanang le tshiamiso, botlhale le lorato lwa gagwe. Akanya ka nonofo e nngwe e Modimo a nang le yone, nonofo e bontsi jwa babusi ba lefatshe ba se nang yone—go ithiba.

20 Akanya fela o kopana le serintlha sa motho e bile a le maatla mo e bileng o mmoifa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya o lemoga gore o lebega a le bonolo. O nna a iketleeleditse go dirisa maatla a gagwe go thusa batho le go ba sireletsa, segolobogolo batho ba ba bokoa le ba ba ka tlhaselwang motlhofo. Ga a ke a dirisa nonofo ya gagwe ka tsela e e sa tshwanelang. O bona a senngwa leina kwantle ga lebaka, le fa go le jalo, o nna a tlhomame mme gone a ritibetse, ka seriti, a le pelonomi. O iphitlhela o setse o ipotsa gore a le wena o ne o ka nna pelonomi jalo le go kgona go ithiba, segolobogolo fa le wena o ka bo o nonofile jaaka ene! Fa o ntse o tlwaela motho yono, a o ne o ka se ikutlwe o atamalana le ene? Re na le mabaka a mantsi go feta ao a gore re atamalane le Jehofa mothatayotlhe. Akanya ka seele se se feletseng se temana ya setlhogo sa kgaolo eno se theilweng mo go sone: “Jehofa ga a galefe ka bonako e bile o na le maatla a magolo.” (Nahume 1:3) Jehofa ga a bonako go dirisa maatla a gagwe mo bathong, tota le ba ba boikepo. O bonolo e bile o pelonomi. O itshupile gore “ga a galefe ka bonako” ka makgetlo a mantsi fa a ne a galefisiwa.—Pesalema 78:37-41.

21. Ke eng fa Jehofa a sa pateletse batho go dira thato ya gagwe, mme seno se re ruta eng ka ene?

21 A ko o akanyetse go ithiba ga ga Jehofa ka tsela e nngwe. Fa o ka bo o na le maatla a a se nang selekanyo, a o akanya gore ka dinako tse dingwe o ne o ka pateletsa batho go dira dilo ka tsela e wena o batlang ka yone? Le fa Jehofa a na le maatla a magolo, ga a pateletse batho go mo direla. Le fa go direla Modimo e le yone fela tsela e re ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka yone, Jehofa ga a re pateletse go mo direla jalo. Go na le moo, ka bopelonomi o tlotla mongwe le mongwe wa rona ka go mo naya kgololesego ya go itlhophela. O re itsise matswela a go dira ditshwetso tse di phoso le melemo ya go dira ditshwetso tse di molemo. Mme kgang ya go dira tshwetso yone o e tlogelela rona. (Duteronome 30:19, 20) Jehofa ga a batle gore re mo direle ka go bo re ikutlwa re patelesega kana ka go bo re boifa maatla a gagwe a magolo. O batla batho ba ba mo direlang ka bogabone, ka go bo ba mo rata.—2 Bakorintha 9:7.

22, 23. (a) Ke eng se se bontshang gore Jehofa o itumelela go abela ba bangwe maatla? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong e e latelang?

22 A re sekaseke lebaka la bofelo la go bo re sa tshwanela go tshaba Modimo Mothatayotlhe lebaibai. Batho ba ba nang le dithata ba na le go tshaba go abela batho ba bangwe dithata. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o itumelela go abela baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang maatla a gagwe. O abela batho ba bangwe—ba ba jaaka Morwawe—bontlhanngwe jwa taolo e a nang le yone. (Mathaio 28:18) Gape Jehofa o abela batlhanka ba gagwe maatla ka tsela e nngwe gape. Baebele e tlhalosa jaana: “Bogolo le maatla le bontle le kgalalelo le tlotlomalo ke tsa gago Jehofa, ka gonne sengwe le sengwe se se kwa magodimong le se se mo lefatsheng ke sa gago. . . . Mo seatleng sa gago go na le maatla le nonofo, gape seatla sa gago se kgona go godisa botlhe le go ba naya nonofo.”—1 Ditiragalo 29:11, 12.

23 Ee, Jehofa o tla itumelela go go abela nonofo. Tota e bile batho ba ba batlang go mo direla o ba naya “maatla a a sa tlwaelegang.” (2 Bakorintha 4:7) A ga o ikutlwe o batla go atamalana le Modimo yono yo o maatla, yo o dirisang maatla a gagwe ka bopelonomi le ka ditsela tse di molemo jaana? Mo kgaolong e e latelang re tla sekaseka kafa Jehofa a dirisang maatla a gagwe a go bopa ka teng.

a Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “Mothatayotlhe” totatota le kaya “Mmusi wa Tsotlhe; Yo o Nang le Maatla Otlhe.”

b Baebele e bolela gore “Jehofa o ne a se mo phefong . . . , mo thoromong ya lefatshe . . . , mo molelong.” Batlhanka ba ga Jehofa ga ba mo senke mo dilong tsa maatla a tlholego jaaka baobamedi ba medimo ya ditlhamane ya dilo tsa tlholego. O mogolo thata mo a ka se kang a lekana go nna mo go sepe fela sa dilo tse a di bopileng.—1 Dikgosi 8:27.