Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 8

Maatla a go Tsosolosa—Jehofa o “Dira Dilo Tsotlhe Disha”

Maatla a go Tsosolosa—Jehofa o “Dira Dilo Tsotlhe Disha”

1, 2. Batho ba latlhegelwa ke dilo dife gompieno, mme seno se re ama jang?

 NGWANA o latlhegelwa ke setshamekisi se a se ratang kana se a senyega a bo a thubega ka selelo. Selelo seo se tlhomola pelo tota! Le fa go le jalo, a o kile wa bona kafa ngwana a itumelang ka teng fa motsadi a mmusetsa se se neng se mo latlhegetse? Mo motsading go ka nna motlhofo fela go mmatlela setshamekisi kana go se baakanya. Mme mo ngwaneng e nna boitumelo jo bogolo le kgakgamalo. Se go neng go lebega se etse ruri se buseditswe!

2 Jehofa, Motsadi yo o gaisang botlhe, o na le maatla a go busetsa seo bana ba gagwe ba mo lefatsheng ba ka se tsayang se etse ruri. Ke boammaaruri gore, ga re bue ka ditshamekisi tse e seng tsa sepe. Mo ‘dinakong tseno tse di thata e bile di le kotsi,’ re latlhegelwa ke dilo tse di botlhokwa thata go gaisa setshamekisi. (2 Timotheo 3:1-5) Bontsi jwa dilo tse batho ba di tsayang di le botlhokwa thata di bonala di le mo kotsing—legae, dithoto, tiro, tota le boitekanelo. Gape re ka ikutlwa re kgobega marapo tota fa re akanya ka tsela e tikologo e senngwang ka yone mo go dirang gore bontsi jwa mefuta ya ditshedi e nyelele. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se hutsafatsang thata go feta go swelwa ke motho yo o mo ratang. Motho a ka ikutlwa a fekeediwa ke go ikutlwa a latlhegetswe e bile a tlaletswe.—2 Samuele 18:33.

3. Ke tsholofelo efe e e gomotsang e e tlhalosiwang mo go Ditiro 3:21, mme Jehofa o tla dirisa eng go e diragatsa?

3 Ka gone, a bo go gomotsa jang ruri go ithuta ka maatla a ga Jehofa a go tsosolosa! Jaaka fa re tla bona, go na le dilo di le dintsi tota tse Modimo a tla di busetsang bana ba gagwe ba mo lefatsheng. Tota e bile, Baebele e bontsha gore Jehofa o tlhomile nako ya “go dira dilo tsotlhe disha [kgotsa go di tsosolosa].” (Ditiro 3:21) Jehofa o tla dira jalo a dirisa Bogosi jwa Bomesia jo bo busiwang ke Morwawe, Jesu Keresete. Bosupi bo bontsha gore Bogosi jono bo simolotse go busa kwa legodimong ka 1914. a (Mathaio 24:3-14) Go tla tsosolosiwa eng? A re sekaseke dingwe tsa ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa tsa go tsosolosa. Nngwe ya tsone re setse re kgona go e bona. Tse dingwe di tla direga ka tsela e kgolwane mo nakong e e tlang.

Go Tsosolosa Kobamelo e e Itshekileng

4, 5. Batho ba Modimo ba ne ba diragalelwa ke eng ka 607 B.C.E., mme Jehofa o ne a ba solofetsa eng?

4 Sengwe se Jehofa a setseng a se tsosolositse ke kobamelo e e itshekileng. Gore re tlhaloganye bokao jwa seno sentle, mma re sekaseke ka bokhutshwane hisitori ya bogosi jwa Juda. Go dira jalo go tla re thusa go lemoga ka tsela e e kgatlhang kafa Jehofa a ileng a dirisa maatla a gagwe a go tsosolosa ka teng.—Baroma 15:4.

5 Akanya fela kafa Bajuda ba ba ikanyegang ba ileng ba ikutlwa ka teng ka 607 B.C.E. fa Jerusalema e ne e senngwa. Motse wa bone o o rategang o ne wa ripitlwa, dipota tsa one tsa thubiwa. Se se maswe le go feta, tempele e ntlentle e Solomone a neng a e agile, e e neng e le yone fela boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, e ne ya sala e le marope. (Pesalema 79:1) Bafalodi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona, ba tlogela nageng ya bone e swafetse e nniwa ke diphologolo tsa naga. (Jeremia 9:11) Go ya ka pono ya batho, go ne go bonala go se na tsholofelo. (Pesalema 137:1) Mme gone, Jehofa yo o neng a sa bolo go bolelela pele go senngwa gono, o ne a solofetsa gore go ne go tlile go nna le nako ya go tsosolosa.

6-8. (a) Ke kgang efe e e boaboelediwang mo dikwalong tsa baporofeti ba Bahebera, mme dipolelelopele tseo di ile tsa diragadiwa jang la ntlha? (b) Mo metlheng ya segompieno, dipolelelopele tse dintsi tse di malebana le go tsosolosa di ile tsa diragadiwa jang mo bathong ba Modimo?

6 Tota e bile, baporofeti ba Bahebera ba ne ba boaboeletsa kgang eno ya go tsosolosa mo dikwalong tsa bone. b Jehofa o ne a dirisa bone go solofetsa gore naga ya bone e ne e tla tsosolosiwa, e nniwe gape, e none, e sirelediwe mo dibataneng le mo go tlhaselweng ke baba. O ne a tlhalosa gore naga ya bone e e tsosolositsweng e ne e tla nna jaaka paradaise. (Isaia 65:25; Esekiele 34:25; 36:35) Selo se se botlhokwa le go feta ke gore, kobamelo e e itshekileng e ne e tla tsosolosiwa le tempele e agiwe sesha. (Mika 4:1-5) Dipolelelopele tseno di ne tsa dira gore Bajuda ba ba kwa botshwarwa ba nne le tsholofelo, di ba thusa go itshokela dingwaga tse 70 tse ba di feditseng kwa botshwarong kwa Babelona.

7 Kgabagare, nako ya go tsosolosa e ne ya goroga. Fa Bajuda ba sena go gololwa kwa Babelona, ba ne ba boela kwa Jerusalema mme ba aga tempele ya ga Jehofa sesha teng. (Esera 1:1, 2) Fa fela ba ne ba kgomarela kobamelo e e itshekileng, Jehofa o ne a ba segofatsa le go dira gore naga ya bone e none le go atlega. O ne a ba sireletsa mo babeng le mo dibataneng tse di neng di feditse masome a dingwaga di nna mo nageng ya bone. A bo ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela maatla a ga Jehofa a go tsosolosa dilo jang ne! Mme gone, ditiragalo tseo e ne e le go diragadiwa ga ntlha fela go go lekanyeditsweng ga dipolelelopele tse di malebana le go tsosolosa. Go diragadiwa go gogolo ga tsone go ne go sa ntse go tlile go direga “mo metlheng ya bofelo,” e leng mo nakong e re tshelang mo go yone, fa Moruaboswa wa ga Kgosi Dafide yo o neng a sa bolo go solofediwa a tlhomiwa mo bogosing.—Isaia 2:2-4; 9:6, 7.

8 Ka bonako fela fa Jesu a sena go tlhomiwa mo Bogosing kwa legodimong ka 1914, o ne a simolola go thusa batho ba Modimo mo lefatsheng gore ba boe ba mo obamele ka tsela e e siameng. Fela jaaka Kurose wa Peresia yo o fentseng a ile a golola masalela a Bajuda kwa Babelona ka 537 B.C.E., Jesu le ene o ne a golola balatedi ba gagwe mo bodumeding jwa maaka, jo Baebele e bo bitsang “Babelona yo Mogolo.” (Tshenolo 18:1-5; Baroma 2:29) Go tloga ka 1919 go ya pele, kobamelo e e itshekileng e ile ya busediwa mo maemong a yone a a tshwanetseng mo matshelong a Bakeresete ba boammaaruri. (Malaki 3:1-5) Fa e sa le ka nako eo, batho ba ga Jehofa ba ile ba mo obamela mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso e e phepafaditsweng—thulaganyo ya Modimo ya kobamelo e e itshekileng. Ke eng fa seno se le botlhokwa mo go rona gompieno?

Go Obamela Jehofa ka Tsela e e Siameng—Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa

9. Fa baaposetoloi ba sena go swa, go ne ga direga eng ka kobamelo ya boammaaruri, mme gone ke eng se Jehofa a se dirileng mo motlheng wa rona?

9 Akanya ka ditiragalo tsa nako e e fetileng. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang e bile ba ne ba atamalane le ene. Mme gone Jesu le baaposetoloi ba ile ba bolelela pele gore kobamelo ya boammaaruri e ne e tla leswafala e bo e nyelela. (Mathaio 13:24-30; Ditiro 20:29, 30) Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa, go ne ga nna le Bakeresete ba maaka ba le bantsi. Baruti ba ne ba simolola go amogela dithuto le mekgwa ya boheitane. Gape ba ne ba dira gore go nne thata go atamela Modimo, ba mo tlhalosa e le Tharonngwe e e sa tlhaloganyegeng e bile ba ruta batho go ipolela maleo mo baruting le gore ba rapele Marea le “baitshepi” ba ba farologaneng go na le gore ba rapele Jehofa. Jaanong morago ga makgolokgolo a dingwaga a go leswafala jalo, ke eng se Jehofa a se dirileng? Mo gare ga lefatshe la gompieno—lefatshe le le tletseng ka bodumedi jwa maaka le mekgwa e e bosula—o ile a tsaya kgato ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng! Re ka bua re sa feteletse dilo gore go tsosolosa dilo jalo ke nngwe ya ditiragalo tse di botlhokwa go gaisa tsotlhe tse di diragetseng mo motlheng wa gompieno.

10, 11. (a) Paradaise ya tshwantshetso e akaretsa dilo dife tse pedi, mme seno se go ama jang? (b) Jehofa o phuthetse batho ba mofuta ofe mo paradaiseng ya tshwantshetso, mme ba tla nna le tshiamelo ya go bona eng?

10 Ka gone, gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba itumelela paradaise ya tshwantshetso, e e ntseng e gola e bile e tokafala. Paradaise eno e akaretsa eng? E akaretsa segolobogolo dilo tse pedi. Sa ntlha e akaretsa kobamelo e e itshekileng ya Modimo wa boammaaruri, Jehofa. O re segofaditse ka mofuta wa kobamelo o o se nang maaka le tsietso. O re segofaditse ka dijo tsa tshwantshetso. Seno se re thusa go ithuta ka Rraarona yo o kwa legodimong, go mo itumedisa le go atamalana le ene. (Johane 4:24) Karolo ya bobedi ya paradaise ya tshwantshetso e akaretsa batho. Jaaka fa Isaia a boleletse pele, “mo metlheng ya bofelo,” Jehofa o ile a ruta baobamedi ba gagwe ditsela tsa kagiso. O fedisitse dintwa mo gare ga rona. Le fa re sa itekanela, o re thusa go apara “botho jo bosha.” O segofatsa maiteko a rona ka moya wa gagwe o o boitshepo, o o re thusang go nna le dinonofo tse di molemo. (Baefeso 4:22-24; Bagalatia 5:22, 23) Fa o letla moya wa Modimo gore o go kaele, ruri o nna karolo ya paradaise eno ya tshwantshetso.

11 Jehofa o phuthetse mofuta wa batho ba a ba ratang mo paradaiseng eno ya tshwantshetso—batho ba ba mo ratang, ba ba ratang kagiso, le ba ba “lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo.” (Mathaio 5:3) Batho ba ba ntseng jalo ke bone ba tla nnang le tshiamelo ya go bona go tsosolosiwa go go gakgamatsang le go feta—go tsosolosiwa ga batho le ga lefatshe lotlhe.

“Ke Dira Dilo Tsotlhe Disha”

12, 13. (a) Ke eng fa dipolelelopele tsa go tsosolosa di sa ntse di tshwanetse go diragadiwa ka tsela e nngwe? (b) Jehofa o ikaeletse eng ka lefatshe jaaka a ile a tlhalosa kwa Edene, mme ke eng fa seno se re dira gore re nne le tsholofelo?

12 Bontsi jwa dilo tse Jehofa a solofetsang gore o tla di tsosolosa, gape di tla tsosolosiwa ka tsela ya mmatota. Ka sekai, Isaia o ne a kwala ka nako ya fa balwetse, digole, difofu le bosusu ba tla bo ba fodisitswe tota le loso ka bolone lo nyeleditswe ruri. (Isaia 25:8; 35:1-7) Ditsholofetso tse di ntseng jalo di ne tsa se ka tsa diragadiwa ka tsela ya mmatota bogologolo kwa Iseraele. Mme le fa re bone ditsholofetso tseno di diragadiwa ka tsela ya tshwantshetso mo motlheng wa rona, re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore mo nakong e e tlang, di tla diragadiwa ka tsela ya mmatota le ka botlalo. Re itse jang?

13 Bogologolo kwa Edene Jehofa o ne a tlhalosa sentle se a se ikaeletseng ka lefatshe: E ne e le gore le agiwe ke lelapa le le itumetseng, le le itekanetseng le le le utlwanang la batho. Monna le mosadi ba ne ba tshwanetse go tlhokomela lefatshe le dibopiwa tsotlhe tsa lone, go dira gore polanete yotlhe e nne paradaise. (Genesise 1:28) Seno se farologane gotlhelele le tsela e dilo di leng ka yone gompieno. Le fa go ntse jalo, tlhomamisega gore maikaelelo a ga Jehofa a ka se palelwe ke go direga. (Isaia 55:10, 11) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bomesia e e tlhomilweng ke Jehofa, o tla dira gore lefatshe lotlhe le nne Paradaise.—Luke 23:43.

14, 15. (a) Jehofa o tla dira “dilo tsotlhe disha” jang? (b) Botshelo bo tla bo bo ntse jang mo Paradaiseng, mme ke eng sa dilo tseno se se go kgatlhang thata?

14 Akanya o bona lefatshe lotlhe le fetoga Paradaise! Jehofa o bua jaana ka motlha oo: “Ke dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) Akanya gore seo se tlile go bolela eng. Fa Jehofa a sena go dirisa maatla a gagwe go fedisa lefatshe leno le le bosula, go tla sala “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” Seno se bolela gore puso e ntšha e tla busa go tswa legodimong e busa setšhaba se sesha sa batho se se dirilweng ka batho ba ba ratang Jehofa le ba ba dirang thato ya gagwe. (2 Petere 3:13) Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba beilwe mo seemong sa gore ba se ka ba kgona go dira sepe. (Tshenolo 20:3) E tla bo e le la ntlha morago ga diketekete tsa dingwaga, batho ba gololesega mo tlhotlheletsong eo e e bosula, ya letlhoo le e e sa siamang. Ga go pelaelo gore batho ba tla ikutlwa ba imolotswe tota.

15 Kgabagare re tla kgona go tlhokomela polanete eno e ntle go ya kafa go neng go ikaeletswe ka teng kwa tshimologong. Lefatshe le na le maatla a go itsosolosa ka bolone. Matšha le dinoka tse di kgotletsweng di ka iphepafatsa fa dilo tse di di kgotlelang di fedisitswe; mafelo a a sentsweng ke dintwa a ka siama fa dintwa di ka kgaotsa. Go tla bo go le monate jang ruri go dira mmogo le lefatshe, re thusa go le dira tshingwana e ntle, Edene ya lefatshe lotlhe e e nang le mefutafuta ya ditshedi! Go na le gore batho ba nyeletse mefuta ya diphologolo le dimela, ba tla bo ba tshela ka kagiso le dibopiwa tsotlhe tsa lefatshe. Tota le bana ba tla bo ba sa boife diphologolo tse di tlhaga.—Isaia 9:6, 7; 11:1-9.

16. Mo Paradaiseng, ke go tsosolosiwa gofe go go tla amang mongwe le mongwe wa batho ba ba ikanyegang?

16 Gape re tla bona go tsosolosiwa ga batho ka namana. Morago ga Aramagedona, bafalodi ba tla bona batho ba lefatshe lotlhe ba fodisiwa ka tsela ya kgakgamatso. Fela jaaka Jesu a ile a dira fa a ne a le mo lefatsheng, o tla dirisa maatla a o a neilweng ke Modimo go dira gore difofu di bone, bosusu ba utlwe, digole le ba ba koafetseng ba nne le mebele e e itekanetseng. (Mathaio 15:30) Batsofe ba tla itumelela go boa ba nna le nonofo, boitekanelo le matlhagatlhaga a bosha. (Jobe 33:25) Maswabi a letlalo a tla nyelela, mabogo le maoto a tla tlhamalala le mesifa e tla obega sentle ka maatla a masha. Batho botlhe ba ba ikanyegang ba tla kgona go utlwa matswela a boleo le bosaitekanelang a nyelela ka iketlo. A bo re tla leboga Jehofa jang ne ka ntlha ya maatla a gagwe a a gakgamatsang a go tsosolosa! Mma jaanong re sekaseke karolo nngwe e e amang maikutlo thata ya nako eno e e itumedisang ya tsosoloso.

Go Busetsa Baswi Botshelo

17, 18. (a) Ke eng fa Jesu a ile a kgala Basadukae? (b) Ke maemo afe a a neng a dira gore Elija a kope Jehofa go tsosa moswi?

17 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ba bidiwang Basadukae, ba ne ba sa dumele mo tsogong. Jesu o ne a ba kgala ka mafoko ano: “Ga lo itse Dikwalo e bile ga lo itse maatla a Modimo. Ke lone lebaka la go bo lo fositse.” (Mathaio 22:29) Ee, Dikwalo di senola gore Jehofa o na le maatla a a ntseng jalo a go tsosolosa. Jang?

18 Akanya ka se se neng sa direga mo motlheng wa ga Elija. Motlholagadi mongwe o ne a tlamparetse mmele o o tepeletseng wa ngwana wa gagwe yo o esi. Mosimane o ne a sule. Moporofeti Elija yo o neng a na le nakonyana e le moeng wa motlholagadi yono o tshwanetse a bo a ile a garoga pelo tota. Pelenyana o ile a thusa go namola ngwana yono mo tlaleng. Elija a ka tswa a ile a nna le botsala jo bogolo le mosimane yono. Mmaagwe o ne a hutsafetse tota. Mosimane yono e ne e le ene fela yo a neng a tle a ikgopotse mogatse yo o suleng ka ene. A ka tswa a ne a solofetse gore morwa yono o ne a tla mo tlhokomela fa a tsofetse. Ka ntlha ya go bo motlholagadi yono a ne a kgoberegile maikutlo, o ne a tlelwa ke poifo ya gore o ne a otlhaelwa boleo bongwe jwa nako e e fetileng. Elija o ne a ka se itshokele go bona masetlapelo ano a nna maswe go ya pele jaana. O ne a tsaya setopo mo sehubeng sa mmê yono ka bonolo, a se tseela kwa ntlwaneng ya gagwe, mme a kopa Jehofa Modimo gore a busetse botshelo jwa ngwana yoo.—1 Dikgosi 17:8-21.

19, 20. (a) Aborahame o ne a bontsha jang gore o dumela mo maatleng a ga Jehofa a go tsosolosa, mme ke eng se se neng se dira gore a nne le tumelo eo? (b) Jehofa o ne a duela tumelo ya ga Elija jang?

19 Elija e ne e se motho wa ntlha go dumela mo tsogong. Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, Aborahame o ne a dumela gore Jehofa o na le maatla ao a go tsosolosa—mme o ne a na le mabaka a a utlwalang a go dumela jalo. Fa Aborahame a ne a le dingwaga di le 100 mme Sara di le 90, Jehofa o ne a tsosolosa maatla a bone a a neng a setse a sule a go tshola bana mme ka kgakgamatso a dira gore Sara a kgone go tshola morwa. (Genesise 17:17; 21:2, 3) Moragonyana, fa morwa a setse a godile sentle, Jehofa o ne a kopa Aborahame gore a ntshe morwawe setlhabelo. Aborahame o ne a bontsha go nna le tumelo, a tsaya gore Jehofa a ka kgona go tsosolosa botshelo jwa ga Isake morwawe yo a mo ratang. (Bahebera 11:17-19) Tumelo e e ntseng jalo e e nonofileng e ka re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa pele ga Aborahame a tlhatlogela kwa thabeng go ntsha Isake setlhabelo, a ile a tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe gore o tla boa le ene.—Genesise 22:5.

“Bona, morwao o a tshela”!

20 Jehofa o ne a namola Isake, ka jalo go ne ga se ka ga tlhokega tsogo ka nako eo. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng ya ga Elija, morwa wa motlholagadi o ne a setse a sule—legale e se ka lobaka lo loleele. Jehofa o ne a duela tumelo ya moporofeti ka go tsosa ngwana yono! Go tswa foo Elija o ne a neela mmê yono morwawe a bua mafoko ano a a sa lebalegeng: “Bona, morwao o a tshela”!—1 Dikgosi 17:22-24.

21, 22. (a) Boikaelelo jwa ditsogo tse di tlhalositsweng mo Dikwalong e ne e le bofe? (b) Mo Paradaiseng, tsogo e tla bo e tseneletse go le kana kang, mme ke mang yo o tla e dirang?

21 Ka gone, leno ke lekgetlo la ntlha mo pegong ya Baebele re bona Jehofa a dirisa maatla a gagwe a go tsosolosa botshelo jwa motho. Moragonyana, Jehofa gape o ne a thusa Elisha, Jesu, Paulo le Petere go busetsa baswi mo botshelong. Ke boammaaruri gore batho bao ba ba ileng ba tsosiwa ba ne ba boa ba swa gape. Le fa go ntse jalo, dipego tseo tsa Baebele di re bontsha sentle se se tlileng go direga mo nakong e e tlang.

22 Mo Paradaiseng, Jesu o tla diragatsa seabe sa gagwe sa go nna “tsogo le botshelo.” (Johane 11:25) O tla tsosa dimilionemilione a di naya tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Johane 5:28, 29) Akanya fela ka boipelo jo bogolo jo bo tla bong bo le gone fa ditsala le ba losika ba ba sa bolong go kgaoganngwa ke loso, ba boa ba kopana gape ba tlamparelana ka boitumelo jo bogolo! Batho botlhe ba tla baka Jehofa ka ntlha ya maatla a gagwe a go tsosolosa.

23. Ke tsela efe e e di fetang tsotlhe e Jehofa a neng a bontsha maatla a gagwe ka yone, mme seno se re tlhomamisetsa jang gore tsholofelo ya rona ka bokamoso e tla direga?

23 Jehofa o re tlhomamiseditse gore tsholofelo e e ntseng jalo ruri e tla diragala. Tsela e kgolo go gaisa tsotlhe tse Jehofa a neng a bontsha maatla a gagwe ka tsone, ke fa a ne a tsosa Morwawe e bong Jesu a bo a dira gore a nne maatla go feta baengele ba bangwe botlhe. Jesu yo o tsositsweng o ne a iponatsha mo makgolokgolong a basupi ba ba mmoneng ka matlho. (1 Bakorintha 15:5, 6) Tota le batho ba ba tletseng dipelaelo ba tshwanetse go kgotsofadiwa ke bosupi joo. Jehofa o na le maatla a go tsosolosa botshelo.

24. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tsosa baswi, mme ke tsholofelo efe e mongwe le mongwe wa rona a ka e anaanelang?

24 Ga se fela gore Jehofa o na le maatla a go tsosa baswi, mme gape o na le keletso ya go dira jalo. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a tlhotlhelediwa go bolela gore totatota Jehofa o tlhologeletswe go tsosa baswi. (Jobe 14:15) A seno ga se dire gore o batle go atamalana le Modimo wa rona, yo o tlhagafaletseng go dirisa maatla a gagwe a go tsosolosa ka tsela eno e e lorato? Mme gone, se lebale gore tsogo ke karolo e le nngwe fela ya tiro e kgolo ya go tsosolosa e Jehofa a tlileng go e dira. Fa o ntse o atamalana le Jehofa, ka metlha anaanela tsholofelo e e molemolemo ya gore o ka kgona go nna gone gore o bone fa a “dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:5.

a ‘Metlha ya go dira dilo tsotlhe disha [kgotsa go di tsosolosa]’ e simologile ka nako ya fa Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tlhomiwa fa go ne go bewa moruaboswa wa losika lwa ga Kgosi Dafide yo o ikanyegang mo setulong sa bogosi. Jehofa o ile a solofetsa Dafide gore mongwe wa baruaboswa ba gagwe o tla busa ka bosakhutleng. (Pesalema 89:35-37) Mme gone, fa Babelona e sena go senya Jerusalema ka 607 B.C.E., ga go a ka ga dula setlogolwana sepe sa ga Dafide mo setulong sa bogosi sa Modimo. Jesu yo o neng a tsholwa mo lefatsheng e le moruaboswa wa ga Dafide, o ne a nna Kgosi e e neng e sa bolo go solofediwa fa a ne a tlhomiwa mo setulong sa bogosi kwa legodimong.

b Ka sekai, Moshe, Isaia, Jeremia, Esekiele, Hosea, Joele, Amose, Obadia, Mika le Sefania botlhe fela ba ne ba bua ka kgang eno.