Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 11

“Sengwe le Sengwe Se a Se Dirang se Siame”

“Sengwe le Sengwe Se a Se Dirang se Siame”

1, 2. (a) Josefa o ne a direlwa ditiro dife tsa tshiamololo e e seng kana ka sepe? (b) Jehofa o ne a baakanya tshiamololo eo jang?

 E NE e le tshiamololo e e seng kana ka sepe. Lekawana la maratagolejwa le ne le sa dira molato ope, le fa go ntse jalo, le ne la iphitlhela le tswaletswe mo moleteng wa kgolegelo le pharilwe molato wa maaka wa gore le ne le batla go betelela motho. Mme e ne e se la ntlha le direlwa tshiamololo. Dingwaga pelenyana ga foo, fa lekawana leno e bong Josefa le le dingwaga tse 17, le ne la rekisiwa ke bomogolowe ba ba neng ba batlile ba mmolaya. Ka nako eo ba ne ba mo rekisa go nna lekgoba kwa nageng e sele. Fa a le koo o ne a gana fa mosadi wa mong wa gagwe a ne a mo hepisa. Ka go bo mosadi yono a ne a swabile, o ne a mo pega molato wa maaka mme seno ke sone se se neng sa dira gore a feleletse a tshwerwe. Ka maswabi, go ne go bonala go se ope yo o neng a ka tswa Josefa thuso.

2 Le fa go ntse jalo, Modimo yo o ‘ratang tshiamo le tshiamiso’ o ne a lebile. (Pesalema 33:5) Jehofa o ne a tsaya kgato go baakanya tshiamololo eno, a laola dilo gore kgabagare Josefa a gololwe. Mo godimo ga moo, Josefa—monna yo o neng a latlhetswe mo kgolegelong—o ne a feleletsa a beilwe mo maemong a a kwa godimo e bile a tlotlwa thata. (Genesise 40:15; 41:41-43; Pesalema 105:17, 18) Kwa bofelong, Josefa o ne a fitlhelwa a sena molato, mme a dirisa maemo a gagwe a magolo go tsweletsa pele maikaelelo a Modimo.—Genesise 45:5-8.

Josefa o ne a boga mo kgolegelong a sa dira sepe

3. Ke eng fa go sa gakgamatse go bo rotlhe re batla go tshwarwa ka tsela e e siameng?

3 A ga go boammaaruri gore pego e e ntseng jalo e re ama pelo? Ke mang mo go rona yo o iseng a bone tshiamololo kana a direlwe tshiamololo? Ee ruri, rotlhe re eletsa go tshwarwa ka tsela e e siameng re sa gobelelwe. Seno ga se gakgamatse ka gonne Jehofa o re dirile re na le dinonofo tse di bontshang botho jwa gagwe, mme tshiamiso ke nngwe ya dinonofo tsa gagwe tsa konokono. (Genesise 1:27) Gore re itse Jehofa sentle re tshwanetse go tlhaloganya tsela e a dirisang tshiamiso ka yone. Ka gone re tla kgona go tlhaloganya ditsela tsa gagwe tse di molemo botoka mme ra tlhotlheletsega go atamalana le ene.

Tshiamiso ke Eng?

4. Go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, gantsi tshiamiso e tsewa jang?

4 Go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng, tshiamiso gantsi e tsewa e le kgang fela ya go dirisa taolo ya molao ka tsela e e siameng. Buka ya Right and Reason—Ethics in Theory and Practice e bolela gore “tshiamiso e amana le molao, boikarabelo, ditshwanelo le ditiro mme e atlhola e sa gobelele le go ya ka se se tshwanetseng.” Le fa go ntse jalo, tshiamiso ya ga Jehofa e akaretsa se se fetang go dirisa melao ka tsela e e gagametseng ka tsela ya seomodiro.

5, 6. (a) Mafoko a mabedi a puo ya ntlhantlha a a ranolwang e le “tshiamiso” a kaya eng? (b) Go bolelwa eng fa go twe Modimo o tshiamiso?

5 Bophara le boteng jwa tshiamiso ya ga Jehofa di ka tlhaloganngwa botoka ka go sekaseka mafoko a puo ya ntlhantlha a a dirisitsweng mo Baebeleng. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, go dirisiwa mafoko a mararo a konokono. Lefoko le gantsi le ranolwang e le “tshiamiso” le ka ranolwa gape e le “se se siameng.” (Genesise 18:25) Mafoko a mangwe a mabedi gantsi a ranolwa e le “tshiamo.” Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko le le ranotsweng e le “tshiamo” le tlhalosiwa e le “nonofo ya go nepa kana go nna tshiamiso.” Ka gone, tota tshiamo le tshiamiso di amana thata.—Amose 5:24.

6 Ka jalo, fa Baebele e re Modimo o tshiamiso e bolela gore o dira dilo tse di siameng le tse di tshwanetseng le gore o dira jalo ka dinako tsotlhe, a sa gobelele. (Baroma 2:11) Ruri, go ka se direge gore a dire dilo ka tsela e sele. Elihu yo o ikanyegang o ne a re: “Ga go kgonege gore Modimo wa boammaaruri a dire bosula, gore Mothatayotlhe a dire se se sa siamang!” (Jobe 34:10) Ee ruri, go ka se direge gore Jehofa a dire ka tshiamololo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya mabaka a mabedi a botlhokwa.

7, 8. (a) Ke eng fa go ka se direge gore Jehofa a dire dilo ka tshiamololo? (b) Ke eng se se tlhotlheletsang Jehofa go nna tshiamo kgotsa go dira ka tshiamiso fa a dirisana le batho?

7 La ntlha ke gore, o boitshepo. Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 3, Jehofa o boitshepo ka botlalo e bile o siame. Ka gone, a ka se ka a dira dilo ka tshiamololo kana ka go gobelela. Akanya gore seo se bolela eng. Go nna boitshepo ga Rraarona yo o kwa legodimong go re naya mabaka a a utlwalang a go mo tshepa gore le ka motlha a ka se tshware bana ba gagwe makgwakgwa. Jesu o ne a mo tshepa fela jalo. Mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a rapela jaana: “Rara yo o Boitshepo, ba tlhokomele [barutwa] ka ntlha ya leina la gago.” (Johane 17:11) Mafoko “Rara yo o Boitshepo” mo Dikwalong a dirisediwa go bitsa Jehofa fela. Seno se a tshwanela ka gonne ga go na rre ope wa motho yo o ka tshwanang le Ene ka go nna boitshepo. Jesu o ne a dumela a sa belaele gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla nna mo tlhokomelong e e lorato ya ga Rraagwe, yo a leng phepa ka botlalo e bile a se na boleo bope.—Mathaio 23:9.

8 La bobedi ke gore, lorato lo lo se nang bopelotshetlha ke selo sa konokono mo bothong jwa Modimo. Lorato lo lo ntseng jalo lo mo tlhotlheletsa go dira dilo ka tshiamo kgotsa ka tshiamiso fa a dirisana le ba bangwe. Mme tshiamololo ka mefuta yotlhe ya yone—go akaretsa bomorafe, tlhaolele le go gobelela—gantsi e tlhotlhelediwa ke bogagapa le bopelotshetlha tse di sa tsamaisaneng ka gope le lorato. Baebele e re tlhomamisetsa jaana malebana le Modimo wa lorato: “Jehofa o tshiamo; o rata ditiro tse di siameng.” (Pesalema 11:7) Jehofa o itlhalosa jaana: “Nna Jehofa, ke rata tshiamiso.” (Isaia 61:8) A ga go kgothatse go itse gore Modimo wa rona o itumelela go dira tshiamo kgotsa tshiamiso?—Jeremia 9:24.

Kutlwelobotlhoko le Tshiamiso e e Molemo ya ga Jehofa

9-11. (a) Tshiamiso ya ga Jehofa e amana jang le kutlwelobotlhoko ya gagwe? (b) Tshiamiso ya ga Jehofa le kutlwelobotlhoko ya gagwe di bonala jang mo tseleng e a dirisanang le batho ba ba boleo ka yone?

9 Tshiamiso ya ga Jehofa, fela jaaka dinonofo tse dingwe tse di sa tshwaneng le dipe tsa botho jwa gagwe, e molemo, ga e tlhaele sepe. Fa Moshe a ne a tlotlomatsa Jehofa o ile a kwala a re: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne sengwe le sengwe se a se dirang se siame. Modimo yo o ikanyegang yo le ka motlha a sa direng tshiamololo; o siame e bile o tlhamaletse.” (Duteronome 32:3, 4) Ditsela tsotlhe tse Jehofa a bontshang tshiamiso ka tsone ga di na selabe sepe—ga a ke a repisa letsogo thata kana go nna makgwakgwa thata.

10 Tshiamiso ya ga Jehofa e amana thata le kutlwelobotlhoko ya gagwe. Pesalema 116:5 ya re: “Jehofa o pelotlhomogi e bile o tshiamo [“tshiamiso,” The New American Bible]; Modimo wa rona o kutlwelobotlhoko.” Ee, Jehofa o tshiamiso e bile o kutlwelobotlhoko. Dinonofo tseno tse pedi ga di ganetsane. Go nna kutlwelobotlhoko ga gagwe ga go fokotse go nna tshiamiso ga gagwe, jaaka e kete go seng jalo tshiamiso ya gagwe e ne e tla fetelela. Go na le moo, gantsi o bontsha dinonofo tseno tse pedi ka nako e le nngwe, le e leng mo tiragalong e le nngwe. Akanya ka sekai seno.

11 Batho botlhe ba tsalwa ba na le boleo mme ka gone ba tshwanelwa ke kotlhao ya boleo—loso. (Baroma 5:12) Mme gone Jehofa ga a itumedisiwe ke loso lwa baleofi. Ke “Modimo yo o ikemiseditseng go itshwarela, yo o pelotlhomogi le yo o kutlwelobotlhoko.” (Nehemia 9:17) Le fa go ntse jalo, ka go bo a le boitshepo, a ka se ka a mpampetsa tshiamololo. Jalo he, o ne a ka bontsha kutlwelobotlhoko jang mo bathong ba ba tsetsweng ba na le boleo? Karabo e fitlhelwa mo boammaaruring jo bo botlhokwa thata jwa Lefoko la Modimo: Thulaganyo ya ga Jehofa ya go boloka batho ka thekololo. Mo Kgaolong ya 14 re tla ithuta go le gontsi ka thulaganyo eno e e lorato. E tshiamiso thata e bile e na le kutlwelobotlhoko e kgolo. Ka yone Jehofa a ka bontsha baleofi ba ba ikwatlhayang kutlwelobotlhoko ya gagwe ya lorato mme a ntse a kgomaretse ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamiso e e molemo.—Baroma 3:21-26.

Tshiamiso ya ga Jehofa e a Itumedisa

12, 13. (a) Ke eng fa tshiamiso ya ga Jehofa e re atamalanya le ene? (b) Ke tshwetso efe e Dafide a neng a e dira malebana le tshiamiso ya ga Jehofa, mme seno se ka re gomotsa jang?

12 Tshiamiso ya ga Jehofa ga se nonofo fela e e gagametseng e e re katoganyang le ene, go na le moo ke nonofo e e itumedisang e e re atamalanyang le ene. Baebele e tlhalosa sentle kafa tshiamiso kana tshiamo ya ga Jehofa e leng kutlwelobotlhoko ka teng. A re sekaseke dingwe tsa ditsela tse di itumedisang tse Jehofa a bontshang tshiamiso ka tsone.

13 Tshiamiso e e molemo ya ga Jehofa e mo tlhotlheletsa go dirisana le batlhanka ba gagwe ka boikanyegi. Mopesalema Dafide o ne a simolola go tlhaloganya ka namana karolo eno ya tshiamiso ya ga Jehofa mme o ne a e anaanela. Ke tshwetso efe e Dafide a neng a e dira go ya ka se se mo diragaletseng le go ya ka se a se ithutileng mo ditseleng tsa Modimo? O ne a re: “Jehofa o rata tshiamiso, mme ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla nna ba disitswe ka metlha.” (Pesalema 37:28) A mafoko a a gomotsang ruri! Le ka motlha Modimo wa rona a ka se latlhe batho ba ba ikanyegang mo go ene. Ka gone re ka ikanya botsala jwa gagwe le tlhokomelo ya gagwe e e lorato. Tsela e a leng tshiamiso ka yone e re tlhomamisetsa seno!—Diane 2:7, 8.

14. Tsela e Jehofa a amegang ka yone ka batho ba ba sotlegang e bonala jang mo Molaong o a neng a o naya Baiseraele?

14 Tshiamiso ya Modimo e tsaya tsia dilo tse batho ba ba mo kutlobotlhokong ba di tlhokang. Tsela e Jehofa a amegang ka yone ka batho ba ba sotlegang e bonala mo Molaong o a neng a o naya Baiseraele. Ka sekai, Molao oo o ne wa dira dithulaganyo tse di kgethegileng tsa go tlhomamisa gore dikhutsana le batlholagadi ba a tlhokomelwa. (Duteronome 24:17-21) E re ka Jehofa a ne a lemoga kafa botshelo bo ka nnang boima ka teng mo malapeng a a ntseng jalo, ene ka boene o ne a nna Moatlhodi le Mosireletsi yo o lorato wa bone, yo o ‘tlhomamisang gore khutsana le motlholagadi ba direlwa tshiamiso.’ a (Duteronome 10:18; Pesalema 68:5) Jehofa o ne a tlhagisa Baiseraele gore fa ba ne ba ka sotla basadi le bana ba ba neng ba ka se ka ba itshireletsa, ruri o ne a tla utlwa selelo sa bone. O ne a re: “Bogale jwa me bo tla tuka.” (Ekesodo 22:22-24) Le fa gone kgalefo e se nonofo ya konokono ya ga Jehofa, ditiro tsa tshiamololo di mo galefisa ka tsela e e tshwanetseng, segolobogolo fa di direlwa batho ba maemo a a kwa tlase ba ba ka se kang ba itshireletsa.—Pesalema 103:6.

15, 16. Ke bosupi bofe jo bo molemo jo bo bontshang gore Jehofa ga a tlhaole?

15 Gape Jehofa o re tlhomamisetsa gore ‘ga a tlhaole ope e bile ga a amogele pipamolomo.’ (Duteronome 10:17) Jehofa ga a tshwane le bontsi jwa batho ba ba nang le maatla kana taolo, ga a forwe ke dikhumo kana ditebego tsa motho. Ga a ke a gobelela ka gope kana a tlhaola batho. Akanya ka bosupi jono jo bo molemo jo bo bontshang gore Jehofa ga a tlhaole. Tshono ya go nna moobamedi wa gagwe wa boammaaruri ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa feleng ga e bonwe fela ke batho ba sekae ba maemo. Go na le moo, “o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.” (Ditiro 10:34, 35) Tsholofelo eno e e molemo e ka bonwa ke batho botlhe go sa kgathalasege maemo a bone, mmala wa bone kana naga e ba nnang mo go yone. A seno ga se bontshe tshiamiso ya boammaaruri?

16 Go na le karolo e nngwe ya tshiamiso ya ga Jehofa e e tshwanelwang ke gore re e sekaseke le go e tlotla: tsela e a dirisanang ka yone le batlodi ba melao ya gagwe e e siameng.

Ga a Itlhokomolose go Otlhaya

17. Tlhalosa lebaka la go bo dilo tse di sa siamang tse di diregang mo lefatsheng di sa latole ka gope tshiamiso ya ga Jehofa.

17 Bangwe ba ka ipotsa: ‘E re ka Jehofa a sa mpampetse tshiamololo, jaanong ke eng fa go na le tshiamololo e e kanakana le mekgwa e e maswe e e atileng thata jaana gompieno mo lefatsheng?’ Ditiro tse di ntseng jalo tse di sa siamang ga di latole tshiamiso ya ga Jehofa ka gope. Bontsi jwa ditiro tsa tshiamololo tse di diregang mo lefatsheng leno le le bosula di bakwa ke boleo jo batho ba bo ruileng mo go Adame. Mo lefatsheng leno le mo go lone batho ba ba sa itekanelang ba itlhophetseng ditsela tsa bone tsa boleo, go tletse tshiamololo—mme gone ga e kitla e nnela ruri.—Duteronome 32:5.

18, 19. Ke eng se se bontshang gore Jehofa ga a kitla a itshokela ruri batho ba ba tlolang melao ya gagwe e e siameng ka boomo?

18 Le fa gone Jehofa a bontsha batho ba ba atamalanang le ene ka pelo yotlhe bopelotlhomogi jo bogolo, ga a kitla a letla seemo se se kgobang leina la gagwe le le boitshepo se tswelela go ya go ile. (Pesalema 74:10, 22, 23) Modimo wa tshiamiso ga se yo o ka sotliwang; ga a kitla a sireletsa baleofi ba ka boomo mo kotlhaong e e botlhoko e e tshwanelang tsela ya bone. Jehofa ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boammaaruri, . . . mme le ka motlha a se kitla a tlogela ba ba molato ba sa otlhaiwa.” (Ekesodo 34:6, 7) Go dumalana le mafoko ano, ka dinako tse dingwe Jehofa o ile a bona go tlhokega gore a otlhaye batho ba ba tlolang melao ya gagwe e e siameng ka boomo.

19 Ka sekai, akanya ka tsela e Modimo a ileng a dirisana le Baiseraele ba bogologolo ka yone. Tota le fa Baiseraele ba sena go nna mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ba ile ba nna ba dira ditiro tsa go se ikanyege gangwe le gape. Le fa ditsela tsa bone tse di bosula di ile tsa mo “utlwisa botlhoko,” o ile a se ka a itlhaganelela go ba latlha. (Pesalema 78:38-41) Go na le moo, ka kutlwelobotlhoko o ile a ba bulela ditshono tsa gore ba fetole tsela ya bone. O ile a ikuela jaana: “Ga ke itumedisiwe ke loso lwa modirabosula, go na le moo ke itumedisiwa ke go bona modirabosula a tlogela tsela ya gagwe a bo a tswelela a tshela. Boang, tlogelang ditsela tsa lona tse di bosula, goreng lo tshwanetse go swa, lona batho ba Iseraele?” (Esekiele 33:11) E re ka Jehofa a tsaya botshelo bo le botlhokwa, o ile a romela baporofeti ba gagwe gangwe le gape e le gore Baiseraele ba tlogele ditsela tsa bone tse di bosula. Mme gantsi batho bao ba ba tlhogoethata ba ne ba gana go reetsa le go ikwatlhaya. Kgabagare ka ntha ya leina la ga Jehofa le le boitshepo le sotlhe se le se emelang, o ne a ba tsenya mo diatleng tsa baba ba bone.—Nehemia 9:26-30.

20. (a) Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone e re ruta eng ka ene? (b) Ke eng fa go tshwanela gore tau e amanngwe le go nna gone ga ga Jehofa le setulo sa gagwe sa bogosi?

20 Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone e re ruta go le gontsi ka ene. Re ithuta gore matlho a gagwe a a kgonang go bona tsotlhe a etse tlhoko tshiamololo le gore o amiwa thata ke se a se bonang. (Diane 15:3) Gape go a kgothatsa go itse gore o dira gore a bontshe kutlwelobotlhoko fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Mo godimo ga moo, re ithuta gore ga a ke a dirisa tshiamiso ya gagwe ka lepotlapotla. E re ka Jehofa a le pelotelele, batho ba le bantsi ba dira phoso ka go akanya gore a ka se ka a diragatsa katlholo ya gagwe mo bathong ba ba bosula. Mme seo ga se boammaaruri le e seng ka gonne tsela e Modimo a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone gape e re bontsha gore Modimo ga a nnele pelotelele ruri. Jehofa o gagamalela go dira dilo ka tshiamo. Ga a tshwane le batho ba gantsi ba ikgogonang mo go diriseng tshiamiso, ene ga a ke a tshaba go emela tshiamo ka bopelokgale. Go a tshwanela go bo tau e ka tshwantshetso e emelang tshiamiso ya bopelokgale, e amanngwa le go nna gone ga Modimo le setulo sa gagwe sa bogosi. b (Esekiele 1:10; Tshenolo 4:7) Ka gone re ka tlhomamisega gore o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla fedisa tshiamololo e e mo lefatsheng. Ee, tsela eno e a atlholang dilo ka yone e ka sobokanngwa jaana: o gagametse fa go tlhokega mme o kutlwelobotlhoko fa go kgonega.—2 Petere 3:9.

Go Atamalana le Modimo wa Tshiamiso

21. Fa re tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a dirisang tshiamiso ya gagwe ka yone, re tshwanetse go akanya ka ene ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

21 Fa re tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a dirisang tshiamiso ka yone ga re a tshwanela go akanya ka ene e le moatlhodi yo o setlhogo yo o tatalalang a amega fela ka ga gore a diragatse katlholo mo bathong ba ba tlolang molao. Go na le moo, re tshwanetse go akanya ka ene e le Rre yo o lorato mme gone a tlhomame, yo ka metlha a dirisanang le bana ba gagwe ka tsela e e molemo ka mo go ka kgonegang ka teng. E re ka Jehofa e le Rre yo o tshiamiso kana tshiamo, o tswakanya go gagamalela ga gagwe tshiamo le go nna kutlwelobotlhoko mo baneng ba gagwe ba ba mo lefatsheng, ba ba tlhokang thuso ya gagwe le boitshwarelo.—Pesalema 103:10, 13.

22. Ka go bo Jehofa a tlhotlhelediwa ke tshiamiso ya gagwe, ke tebelelo efe e a dirileng gore re nne le yone, mme ke eng fa a dirisana le rona ka tsela eno?

22 A bo re ka leboga jang ne go bo tshiamiso ya Modimo e sa akaretse fela go diragatsa katlholo mo bathong ba ba tlolang molao! Ka go bo Jehofa a tlhotlhelediwa ke tshiamiso ya gagwe, o dirile gore go kgonege gore re nne le tebelelo e e itumedisang—botshelo jo bo molemo jo bo sa feleng mo lefatsheng le mo go lone batho ‘ba tla bong ba dira se se siameng.’ (2 Petere 3:13) Modimo wa rona o dirisana le rona ka tsela eno ka gonne tshiamiso ya gagwe e mo tlhotlheletsa go senka ditsela tsa go re namola e seng go re sekisa. Ruri go tlhaloganya ga rona tsela e Jehofa a dirisang tshiamiso ya gagwe ka yone go dira gore re atamalane le ene! Mo dikgaolong tse di latelang re tla sekaseka ka botlalo kafa Jehofa a dirisang nonofo eno e e molemo ka teng.

a Mafoko a a reng “ngwana yo o se nang rre” a bontsha gore Jehofa o amega thata ka basimane le basetsana ba ba se nang borre. Mo Molaong o Jehofa a neng a o naya Baiseraele, o ne a akaretsa pego e e buang ka tshwetso e e neng ya tlhomamisa gore bomorwadia Selofehade ba ba neng ba se na rre ba abelwa boswa. Tshwetso eo e ne ya nna sekao sa go kgomarela ditshwanelo tsa basetsana ba ba se nang borre.—Dipalo 27:1-8.

b Selo se se kgatlhang ke gore, Jehofa o itshwantsha le tau fa a diragatsa katlholo ya gagwe mo Baiseraeleng ba ba sa ikanyegeng.—Jeremia 25:38; Hosea 5:14.