Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Bona Gore “Babelona o Mogolo” ke Mang

Go Bona Gore “Babelona o Mogolo” ke Mang

BUKA ya Tshenolo e dirisa mafoko a a sa tshwanelang go tlhaloganngwa ka tsela ya mmatota. (Tshenolo 1:1) Ka sekai, e bua ka mosadi mongwe yo o kwadilweng leina “Babelona o Mogolo” mo phatleng. Mosadi yono o tlhalosiwa a ntse mo godimo ga “ditšhaba le boidiidi” jwa batho. (Tshenolo 17:1, 5, 15) E re ka go se na mosadi ope wa mmatota yo o ka dirang jalo, Babelona o Mogolo e tshwanetse ya bo e le tshwantshetso fela. Ka jalo, mosadi ono wa seaka wa tshwantshetso o tshwantshetsa eng?

Mo go Tshenolo 17:18, ene mosadi yono wa tshwantshetso o tlhalosiwa e le “motse o mogolo o bogosi jwa one bo leng godimo  ga dikgosi tsa lefatshe.” Lefoko le le reng “motse” le supa setlhopha sa batho ba ba rulagantsweng. E re ka “motse o mogolo” ono o laola “dikgosi tsa lefatshe,” mosadi yono yo o bidiwang Babelona o Mogolo e tshwanetse ya bo e le mokgatlho mongwe o o fitlhelwang mo lefatsheng lotlhe o o nang le tlhotlheletso e e maatla. Go a tshwanela go bo o ka bidiwa mmusomogolo wa lefatshe. Mme ke mmusomogolo wa mofuta ofe? Wa bodumedi. Ela tlhoko gore ditemana dingwe mo bukeng ya Tshenolo di re thusa jang go fitlha mo tshwetsong eno.

Mmusomogolo e ka nna wa bopolotiki, wa tsa kgwebo kgotsa wa bodumedi. Mosadi yono yo o bidiwang Babelona o Mogolo ga se mmusomogolo wa bopolotiki ka gonne Lefoko la Modimo le tlhalosa gore “dikgosi tsa lefatshe,” kgotsa dipuso tsa bopolotiki tsa lefatshe leno, ‘di ne tsa dira kgokafalo’ le ene. Kgokafalo ya gagwe e raya kgolagano e a e dirileng le babusi ba lefatshe leno e bile seno se dira gore re tlhaloganye lebaka la go bo a bidiwa “seaka se segolo.”—Tshenolo 17:1, 2; Jakobe 4:4.

Babelona o Mogolo ga e ka ke ya nna mmusomogolo wa kgwebo ka gonne “bagwebi . . . ba lefatshe,” ba ba emelang dikgwebo, ba tla bo ba mo lelela fa a senngwa. Tota e bile, dikgosi mmogo le bagwebi ba tlhalosiwa ba lebile Babelona o Mogolo ba le “kgakala.” (Tshenolo 18:3, 9, 10, 15-17) Ka jalo, go a utlwala go konela ka gore Babelona o Mogolo, ga se mmusomogolo wa bopolotiki kgotsa wa kgwebo, mme ke wa bodumedi.

Gape, mafoko a a tlhalosang gore Babelona o Mogolo o tsietsa ditšhaba tsa lefatshe lotlhe ka ‘go dirisana le meya ga gagwe’ a re thusa go bona gore o amana le bodumedi. (Tshenolo 18:23) E re ka mefuta yotlhe ya go dirisana le meya e amana le bodumedi e bile e tlhotlhelediwa ke madimona, ga go gakgamatse go bo Baebele e bitsa Babelona o Mogolo e re ke “lefelo la bonno la madimona.” (Tshenolo 18:2; Duteronome 18:10-12) Mmusomogolo ono gape o tlhalosiwa o ganetsana fela thata le bodumedi jwa boammaaruri, o bogisa “baporofeti” le “baitshepi.” (Tshenolo 18:24) Tota e bile, Babelona o Mogolo o tlhoile bodumedi jwa boammaaruri fela thata mo e leng gore o bogisa “basupi ba ga Jesu” setlhogo le go ba bolaya. (Tshenolo 17:6) Ka jalo, mosadi yono yo o bidiwang Babelona o Mogolo go bonala sentle gore o emela mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka, o o akaretsang ditumelo tsotlhe tse di ganetsang Jehofa Modimo.