Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOBEDI

Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong

Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
  • Baebele e farologana jang le dibuka tse dingwe?

  • Baebele e ka go thusa jang go lebana le mathata a gago?

  • Ke ka ntlha yang fa o ka ikanya boporofeti jo bo mo Baebeleng?

1, 2. Baebele ke mpho e e itumedisang e e tswang kwa Modimong ka tsela efe?

A O GAKOLOGELWA nako nngwe fa o ne o amogela mpho nngwe e e kgethegileng e tswa kwa tsaleng ya gago e o e ratang thata? O tshwanetse wa bo o ile wa e itumelela fela thata. Seno ke ka go bo mpho eno e go bolelela sengwe ka yo o go e neileng—gore o anaanela botsala jwa lona. Ga go pelaelo gore o ile wa leboga tsala ya gago fela thata gore a bo a go file mpho eo.

2 Baebele ke mpho e e tswang kwa Modimong, e ruri re tshwanetseng go e anaanela thata. Buka eno e e sa tshwaneng le epe e re senolela dilo tse go se nang tsela epe e nngwe e re neng re ka di itse ka yone. Ka sekai, e re bolelela ka go bopiwa ga loapi lo lo tletseng dinaledi, lefatshe, le ka monna wa ntlha le mosadi wa gagwe. Baebele e na le melaometheo e re ka e ikanyang e e re thusang go lepalepana le mathata le ditlhobaelo tsa botshelo. E re tlhalosetsa kafa Modimo a tlileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka gone le go tlisa maemo a a botoka mo lefatsheng. A bo Baebele e le mpho e e itumedisang jang ne!

3. Lebaka la go bo Jehofa a re neile Baebele le re bolelela eng ka ene, mme ke ka ntlha yang fa seno se re itumedisa?

3 Gape, Baebele ke mpho e e itumedisang thata, ka gonne e re senolela sengwe ka motho yo o re fileng yone, e bong Jehofa Modimo. Lebaka la go bo a re neile buka eno le bontsha gore o batla  gore re mo itse sentle. Eleruri, Baebele e ka go thusa go atamalana le Jehofa.

4. Ke eng se se go kgatlhang ka go anamisiwa ga Baebele?

4 Fa e le gore o na le Baebele, o mongwe wa ba bantsi ba ba nang le yone. Baebele e gatisitswe ka dipuo tse di fetang 2 300 e feletse kana e le dikarolo dingwe tsa yone, ka jalo, batho ba ba fetang diperesente di le 90 mo lefatsheng ba na le yone. Go anamisiwa palogare ya Dibaebele di feta milione beke nngwe le nngwe! Go gatisitswe dibilione tsa Baebele e feletse kana e le dikarolo dingwe tsa yone. Eleruri, ga go na buka epe e nngwe e e tshwanang le Baebele.

“Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo” e teng ka dipuo di le dintsi

5. Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo” ka tsela efe?

5 Mo godimo ga moo, Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Jang? Baebele ka boyone e araba jaana: “Batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Ka sekai: Rakgwebo a ka nna a kopa mokwaledi wa gagwe gore a kwale lekwalo. Lekwalo leo le na le mogopolo le ditaelo tsa rakgwebo ka boene. Ke gone ka moo re ka reng tota ke lekwalo la ga rakgwebo, e seng la mokwaledi. Ka tsela e e tshwanang, Baebele e na le molaetsa wa Modimo, e seng wa batho ba ba o kwadileng. Ka gone,  ruri Baebele yotlhe fela ke “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.

DIPEGO TSA YONE DI A DUMALANA E BILE DI BOAMMAARURI

6, 7. Ke ka ntlha yang fa go dumalana ga dibuka tsa Baebele e le selo se se gakgamatsang thata jaana?

6 Baebele e tsere lobaka lo lo fetang dingwaga di le 1 600 go kwalwa. Bakwadi ba yone ba tshetse mo metlheng e e farologaneng e bile ba ne ba na le maemo a a sa tshwaneng mo botshelong. Bangwe ba bone e ne e le balemirui, batshwaraditlhapi le badisa. Ba bangwe e ne e le baporofeti, baatlhodi le dikgosi. Mokwadi wa Efangele ya Luke e ne e le ngaka. Go sa kgathalesege maemo a a sa tshwaneng a botshelo a bakwadi ba yone ba neng ba na le one, dibuka tsa Baebele di a dumalana go tswa fela kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong jwa yone. *

7 Buka ya ntlha ya Baebele e re bolelela kafa mathata a batho a simologileng ka gone. Buka ya bofelo yone e bontsha gore lefatshe lotlhe le tla nna paradaise, kgotsa tshingwana e ntle. Dibuka tsotlhe tsa Baebele di bua ka ditiragalo tse di akaretsang diketekete tsa dingwaga mme di amana ka tsela nngwe le go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo. Go a kgatlha go bona kafa dibuka tsa Baebele di dumalanang ka gone, mme seo ga se gakgamatse ka gonne ke buka e e tswang kwa Modimong.

8. Umaka dikai tse di bontshang gore Baebele e opa kgomo lonaka fa e bua ka dilo tsa saense.

8 Baebele e opa kgomo lonaka fa e bua ka dilo tsa saense. Tota e bile e bua ka dilo tse go neng go tla tsaya lobaka lo loleele pele ga go itsewe ka tsone mo motlheng wa yone. Ka sekai, buka ya Lefitiko e na le melao e e neng e neilwe Iseraele wa bogologolo e e kaga go thibela go anama ga malwetse le e e kaga boitekanelo fa ditšhaba tse di neng di ba dikologile tsone di ne di sa itse sepe ka melao eo. Ka nako ya fa batho ba ne ba na le kgopolo e e phoso kaga popego ya lefatshe, Baebele e ne ya tlhalosa gore le kgolokwe,  kgotsa gore le sediko. (Isaia 40:22) Baebele e boletse boammaaruri fa e re lefatshe ‘le lepeletse mo go se nang sepe.’ (Jobe 26:7) Gone ke boammaaruri gore Baebele ga se buka e e re rutang ka saense. Mme fa e bua ka dilo tsa saense, e opa kgomo lonaka. A seno ga se se re se lebeletseng ka buka e e tswang kwa Modimong?

9. (a) Baebele e itshupile ka ditsela dife gore e dumalana le hisitori e bile e a ikanyega? (b) Go ikanyega ga bakwadi ba Baebele go go bolelela eng ka yone?

9 Gape, Baebele e opa kgomo lonaka fa e bua ka hisitori e bile re ka e ikanya. Dipego tsa yone ke tsa dilo tse di neng tsa direga. Ga di akaretse maina a batho fela mme gape di akaretsa le ditso tsa bone. * Go farologana le bakwadi ba hisitori ba lefatshe, ba gantsi ba se keng ba umaka go fenngwa ga ditšhaba tsa bone, bakwadi ba Baebele bone ba ne ba ikanyega, ba ne ba kwala ka makoa a bone le a setšhaba sa bone. Ka sekai, mo bukeng ya Baebele ya Dipalo, mokwadi wa yone e bong Moshe o umaka boleo jwa gagwe jo bo masisi jo a neng a bo otlhaelwa mo go botlhoko. (Dipalo 20:2-12) Boikanyegi jo bo ntseng jalo ga bo ke bo bonwa mo dipegong tse dingwe tsa hisitori fa e se fela mo Baebeleng ka gonne yone e le buka e e tswang kwa Modimong.

BUKA YA BOTLHALE JO BO RE SOLEGELANG MOLEMO

10. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo Baebele e le buka e e mosola?

10 E re ka Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, e “mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.” (2 Timotheo 3:16) Ee, Baebele ke buka e e mosola. E re thusa go tlhaloganya tsela e batho ba leng ka yone. Seno ga se re gakgamatse ka gonne Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo, ke ene Mmopi wa bone! O tlhaloganya tsela e re akanyang ka yone le maikutlo a rona go re gaisa. Mo godimo ga moo, Jehofa o a itse gore re tlhoka eng gore re itumele. Gape o a itse gore ke ditsela dife tse re tshwanetseng go di tila.

11, 12. (a) Jesu o ne a tlotla ka dilo dife mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng? (b) Go tlotliwa ka dilo dife tse dingwe tse di mosola mo Baebeleng, mme ke ka ntlha yang fa kgakololo ya yone e le mosola le gompieno?

11 Akanya ka puo e Jesu a neng a e neela e e bidiwang Thero ya  mo Thabeng, e e kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7. Mo tseleng eno e e botswerere ya go ruta, Jesu o ne a bua ka dilo tse di farologaneng, go akaretsa le tsela ya go bona boitumelo jwa boammaaruri, go rarabolola dikgotlhang, go rapela le tsela e e tshwanetseng ya go leba dikhumo. Mafoko a ga Jesu a sa ntse a le maatla e bile a thusa gompieno fela jaaka a ne a ntse ka nako ya fa a ne a a bua.

12 Melaometheo mengwe ya Baebele yone e bua ka botshelo jwa lelapa, mekgwa ya go bereka le tsela e re tshwanetseng go  dirisana le ba bangwe ka yone. Melaometheo ya Baebele e dira mo bathong botlhe, mme kgakololo ya yone e mosola ka dinako tsotlhe. Botlhale jo bo mo Baebeleng bo sobokanngwa ke mafoko a Modimo ka moporofeti Isaia a a reng: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.”—Isaia 48:17.

BUKA YA BOPOROFETI

Mokwadi wa Baebele e bong Isaia o ne a bolelela pele ka go wa ga Babelona

13. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Isaia go kwala dintlha dife ka Babelona?

13 Baebele e na le dipolelelopele di le dintsi, tse bontsi jwa tsone di setseng di diragaditswe. Akanya ka sekai seno se se latelang. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia yo o tshetseng mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., go bolelela pele gore motse wa Babelona o ne o tlile go senngwa. (Isaia 13:19; 14:22, 23) O ne a umaka dintlha tsa gore motse oo o ne o tla fenngwa jang. Masole a a tlhaselang a ne a tlile go kgadisa metsi a Babelona a bo a gwantela mo teng ga motse kwantle ga go lwa. Ga se gone gotlhe. Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa ba jwa tlhalosa gore ke mang kgosi e e neng e tlile go fenya Babelona. Ya re ke Kurose.—Isaia 44:27–45:2.

14, 15. Dintlha dingwe tsa boporofeti jwa ga Isaia jo bo buang ka Babelona di ne tsa diragadiwa jang?

14 Dingwaga di ka nna 200 morago ga foo—mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E.—mophato mongwe wa masole o ne wa thibelela gaufi le Babelona. Molaodi wa one e ne e le mang? Kgosi ya Moperesia e bong Kurose. Seno sotlhe se ne se baakanyetsa go diragadiwa ga boporofeti jo bo gakgamatsang. Mme jaaka go ne go boleletswe pele, a mophato wa sesole wa ga Kurose o ne o tla tlhasela Babelona kwantle ga go lwa?

15 Mo bosigong joo, Bababelona ba ne ba le mo moletlong mme ba ikutlwa ba sireletsegile mo teng ga dithako tse dikgolo tsa motse wa bone. Fa ba sa ntse ba le mo moletlong oo, Kurose o ne ka botlhale a faposa metsi a noka e e neng e elela go kgabaganya motse. Go ise go ye kae, metsi a ne a fokotsegile thata mo banna ba gagwe ba neng ba kgona go kgabaganya losi lwa noka mme ba atamela dithako tsa motse. Masole a ga Kurose a ne a tlile go tsena jang mo teng ga dithako tsa Babelona? Go ne ga direga  botlhaswa jwa gore dikgoro tsa motse di tlogelwe di sa tswalwa mo bosigong joo!

16. (a) Isaia o ne a bolelela pele eng se se neng se tla diragalela Babelona kwa bofelong? (b) Boporofeti jwa ga Isaia jwa go kgakgabadiwa ga Babelona bo ne jwa diragadiwa jang?

16 Go ne go boleletswe pele jaana ka Babelona: “Ga a kitla a nniwa, le fa e le go nna le lefelo la bonno kokomana morago ga kokomana. Mme Moaraba ga a kitla a tlhoma mogope wa gagwe gone, e bile ga go na badisa ba ba tla letlang matsomane a bone a botha gone.” (Isaia 13:20) Boporofeti jono bo ne bo sa bolelele pele go wa ga motse oo fela. Bo ne bo bontsha gore Babelona o ne a tla kgakgabadiwa ka bosakhutleng. O ka kgona go bona bosupi jwa go diragadiwa ga mafoko ano. Lefelo le le se nang baagi la Babelona wa bogologolo—le le leng bokgakala jwa dikilometara di le 80 go ya kwa borwa jwa Baghdad, kwa Iraq—ke bosupi jwa gore se Jehofa a neng a se bua ka Isaia se diregile, fa a ne a re: “Ke tla mo feela ka lofeelo lo lo nyeletsang.”—Isaia 14:22, 23. *

Marope a Babelona

17. Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go nonotsha tumelo jang?

17 A ga go re nonotshe tumelo go lemoga gore Baebele ke buka  ya boporofeti jo bo ikanyegang? Ke boammaaruri gore fa Jehofa Modimo a diragaditse dipolelelo pele tsa gagwe tsa nako e e fetileng, re na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo ya gore gape o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go tla ga lefatshe la paradaise. (Dipalo 23:19) Eleruri, re na le “tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo, yo a ka se kang a aka, a bo solofeditseng pele ga dinako tse di nnetseng ruri.”—Tito 1:2. *

“LEFOKO LA MODIMO LE A TSHELA”

18. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o umaka eng se se botlhokwa ka “lefoko la Modimo”?

18 Fa re leba se re tlotlileng ka sone mo kgaolong eno, ga go pelaelo gore Baebele ke buka e e sa tshwaneng le epe. Le fa go ntse jalo, selo se se dirang gore e nne botlhokwa ga se fela go dumalana ga dibuka tsa yone, go opa kgomo lonaka ga yone fa e  bua ka dilo tsa saense le tsa hisitori, botlhale jwa yone jo bo mosola le boporofeti jwa yone jo bo ikanyegang. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.”—Bahebera 4:12.

19, 20. (a) Baebele e ka go thusa jang gore o itshekatsheke? (b) O ka bontsha jang gore o lebogela mpho eno e e sa tshwaneng le epe e e tswang kwa Modimong, e bong Baebele?

19 Go bala “lefoko” la Modimo kgotsa molaetsa wa gagwe mo Baebeleng go ka fetola botshelo jwa rona. Go ka dira gore re itshekatsheke go feta jaaka re kile ra dira. Re ka nna ra ipolelela gore re rata Modimo, mme tsela e re tsibogelang ka yone se Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele le se rutang go tla senola tsela ya mmatota e re akanyang ka yone, tota le maikaelelo a dipelo tsa rona.

20 Ruri Baebele ke buka e e tswang kwa Modimong. Ke buka e re tshwanetseng go e bala, go e ithuta le go e rata. Bontsha gore o lebogela mpho eno e e tswang kwa Modimong ka go nna o e bala ka metlha. Fa o ntse o e bala, o tla simolola go anaanela thata boikaelelo jwa Modimo ka batho. Kgaolo e e latelang e tla tlhalosa gore boikaelelo joo ke eng le gore bo tla diragadiwa jang.

^ ser. 6 Le mororo batho bangwe ba re dikarolo dingwe tsa Baebele di a ganetsana, ga ba kgone go ntsha bosupi jwa seo. Bona kgaolo ya 7 ya buka ya BibelaA Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 9 Ka sekai, bona tatelano ya losika lwa ga Jesu mo go Luke 3:23-38.

^ ser. 16 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boporofeti jwa Baebele, bona ditsebe 27-9 tsa boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 17 Go senngwa ga Babelona ke sekai se le sengwe fela sa tse dintsi tsa go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele. Dikai tse dingwe di akaretsa go senngwa ga Ture le Ninife. (Esekiele 26:1-5; Sefania 2:13-15) Gape, boporofeti jwa ga Daniele bo ne jwa bolelela pele ka go tlhatlhamana ga mebusomegolo ya lefatshe e e neng e tla busa morago ga mmuso wa Babelona. Mebuso eno e akaretsa mmuso wa Bameda le Baperesia le wa Gerika. (Daniele 8:5-7, 20-22) Go bona dintlha tse di amanang le dipolelelo pele tse dintsi ka ga Mesia tse di neng tsa diragadiwa mo go Jesu Keresete, bona setlhogo sa Dintlha Tse di Oketsegileng, se se mo ditsebeng 199-201.