Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

A ke Boammaaruri Gore Batho Ba na Le Karolo Nngwe mo go Bone E e Sa Bonaleng e Bile e sa Swe?

A ke Boammaaruri Gore Batho Ba na Le Karolo Nngwe mo go Bone E e Sa Bonaleng e Bile e sa Swe?

O AKANYA ka eng fa o utlwa go buiwa ka moya? Batho ba le bantsi ba dumela gore lefoko leno le kaya sengwe se se sa bonaleng le se se sa sweng se se tshelang mo teng ga rona. Ba akanya gore fa re swa, karolo eno e e sa bonaleng ya motho e tlogela mmele e bo e tswelela e tshela. E re ka tumelo eno e aname thata jaana, batho ba le bantsi ba a gakgamala fa ba utlwa gore Baebele ga e rute jalo. Ka jalo, go ya ka Lefoko la Modimo, moya ke eng?

KAFA LEFOKO “MOYA” (SOUL) LE DIRISIWANG KA GONE MO BAEBELENG

Sa ntlha, mma re tlotle ka moya o o ranolwang ka gore soul ka Seesemane. Gongwe o tla gakologelwa gore kwa tshimologong, Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera le Segerika. Fa bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala ka moya ono, ba ne ba dirisa lefoko la Sehebera e  leng ne′phesh kgotsa la Segerika e leng psy·khe′. Mafoko a mabedi ano a tlhaga makgetlo a a fetang 800 mo Dikwalong, mme Thanolo ya Lefatshe le Lesha e a ranola ka tsela e e tshwanang e re ke “moya.” Fa o sekaseka go bona kafa lefoko “moya” kgotsa “meya” le dirisiwang ka gone mo Baebeleng, go bonala sentle gore lefoko leno tota le raya (1) batho, (2) diphologolo, kgotsa (3) botshelo jwa motho kgotsa jwa phologolo. Mma re sekaseke ditemana dingwe tse di dirisang lefoko leno ka dikgopolo tse tharo tseno.

Batho. ‘Mo malatsing a ga Noa batho ba le mmalwa, e leng, meya e le robedi, ba ne ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.’ (1 Petere 3:20) O kgona go bona sentle gore fano, lefoko “meya” le raya batho—Noa, mosadi wa gagwe, bomorwawe ba bararo le basadi ba bone. Ekesodo 16:16 e umaka ditaelo dingwe tse di neng tsa newa Baiseraele tse di ka ga go sela mana. Ba ne ba bolelelwa jaana: “Selang sengwe sa sone . . . kafa palong ya meya e mongwe le mongwe wa lona a nang le yone mo mogopeng wa gagwe.” Ka jalo selekanyo sa mana se ba neng ba se sela se ne se ikaegile ka gore go na le batho ba le kae mo lelapeng lengwe le lengwe. Dikai tse dingwe tse di mo Baebeleng tse di bontshang gore “moya” kgotsa “meya” e raya motho kgotsa batho di fitlhelwa mo go Genesise 46:18; Joshua 11:11; Ditiro 27:37; Baroma 13:1.

Diphologolo. Re bala jaana mo pegong ya Baebele e e buang ka popo: “Modimo a tswelela a re: ‘A metsi a nyeule bontsintsi jwa meya e e tshelang mme a dibopiwa tse di fofang di fofe fa godimo ga lefatshe mo phuthologong ya magodimo.’ Mme Modimo a tswelela a re: ‘A lefatshe le ntshe meya e e tshelang kafa mefuteng ya yone, seruiwa le phologolo e e tsamayang le sebatana sa naga sa lefatshe kafa mofuteng wa sone.’ Mme ga nna jalo.” (Genesise 1:20, 24) Mo ditemaneng tseno, ditlhapi, diruiwa, dibatana tsotlhe di bidiwa ka lefoko le le lengwe fela—e leng “meya.” Gape, dinonyane le diphologolo tse dingwe di bidiwa meya mo go Genesise 9:10; Lefitiko 11:46; le Dipalo 31:28.

Botshelo jwa motho. Ka dinako tse dingwe, lefoko “moya” le kaya botshelo jwa motho. Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Batho botlhe ba ba neng ba tsoma moya wa gago ba sule.” (Ekesodo 4:19) Baba ba ga Moshe ba ne ba tsoma eng? Ba ne ba batla go bolaya Moshe. Pelenyana, fa Ragele a ne a tshola morwawe e bong Benjamine, “moya wa gagwe o ne o tswa (ka gonne o ne a swa).” (Genesise 35:16-19) Ka yone nako eo, Ragele o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe. Gape, akanya ka mafoko a ga Jesu, a a reng: “Ke nna modisa yo  o molemo; modisa yo o molemo o neela moya wa gagwe mo boemong jwa dinku.” (Johane 10:11) Jesu o ne a ntshetsa batho moya wa gagwe kgotsa botshelo jwa gagwe. O kgona go bona sentle gore mo ditemaneng tseno tsa Baebele, lefoko “moya” le raya botshelo jwa motho. O tla fitlhela go na le dikai tse dingwe gape mo “moya” o dirisitsweng ka kgopolo eno, mo go 1 Dikgosi 17:17-23; Mathaio 10:39; Johane 15:13; le Ditiro 20:10.

Fa o tswelela pele o ithuta Lefoko la Modimo, o tla lemoga gore ga go na gope mo Baebeleng fa mafoko “bosasweng” kgotsa “bosakhutleng” a amanngwang le “moya” ono gone. Go na le moo, Dikwalo di bontsha gore moya o a swa. (Esekiele 18:4, 20) Ka jalo, Baebele e bitsa motho yo o suleng e re ke “moya o o suleng.”—Lefitiko 21:11.

SE “MOYA” (SPIRIT) E LENG SONE

Jaanong, mma re sekaseke go bona gore Baebele e dirisa jang lefoko “moya” le le ranolwang ka gore spirit ka Seesemane. Batho bangwe ba akanya gore one le o re tlotlileng ka one fa godimo ke selo se le sengwe fela. Le fa go ntse jalo, tota ga go a nna jalo. Baebele e bontsha sentle gore ga e tshwane. E farologana jang?

Fa bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala ka “moya” ono ba ne ba dirisa lefoko la Sehebera e leng ru′ach kgotsa la Segerika e leng pneu′ma. Dikwalo ka botsone di a re bontsha gore mafoko ao a kaya eng. Ka sekai, Pesalema 104:29 e tlhalosa jaana: “Fa [wena Jehofa] o tlosa moya [ru′ach] wa tsone, di a swa, mme di boela kwa loroleng lwa tsone.” Mme Jakobe 2:26 e umaka gore “mmele kwantle ga moya [pneu′ma] o sule.” Ka jalo, mo ditemaneng tseno, “moya” o raya selo se se nayang mmele botshelo. Fa moya ono o seo, mmele ga o ka ke wa tshela. Ka jalo, mo Baebeleng, lefoko ru′ach ga le ranolwe fela ka lefoko “moya” mme gape le ka ranolwa go twe “maatla,” kgotsa maatla a botshelo. Ka sekai, Modimo o ne a bua jaana ka Morwalela wa motlha wa ga Noa: “Ke tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng gore ke senye nama yotlhe kafa tlase ga magodimo e maatla [ru′ach] a botshelo a dirang mo go yone.” (Genesise 6:17) Ka jalo, “moya” ono o raya maatla a a sa bonaleng (tlhase eo ya botshelo) e e dirang gore dibopiwa tsotlhe di tshele.

Dilo tse pedi tseno (moya “soul” le moya “spirit”) ga di reye selo se le sengwe. Mmele o tlhoka moya (spirit) fela jaaka radio e tlhoka maatla a motlakase—gore e kgone go tshameka. Go tshwantsha seno go ya pele, akanya ka radio e nnye. Fa o e tsenya dibeterii o bo o e tshamekisa, motlakase o o tsentsweng mo teng ga dibeterii tseno  go ntse jaaka e kete o dira gore radio e nne le botshelo. Ka jalo, radio e sule fa e se na dibeterii. Go a tshwana le ka radio ya motlakase fa e sa gokelelwa mo motlakaseng. Ka tsela e tshwanang, moya (spirit) ke maatla a a tsenyang mmele wa rona botshelo. Gape, fela jaaka motlakase, moya ono ga o na maikutlo ape e bile ga o kgone go akanya. Ke maatla a a se nang maikutlo. Mme kwantle ga moya oo, kgotsa maatla ao a botshelo, mebele ya rona ‘e a swa, mme e boela kwa loroleng lwa yone’ fela jaaka mopesalema a tlhalositse.

Moreri 12:7 e tlhalosa jaana fa e bua ka loso lwa motho: “Lorole [lwa mmele wa gagwe] lo boela mo lefatsheng fela jaaka lo ne lo ntse mme moya o boela kwa Modimong wa boammaaruri yo a o abileng.” Fa moya ono kgotsa maatla a botshelo a tlogela mmele, mmele o a swa o bo o boela kwa o tswang teng—mo loroleng. Ka tsela e e tshwanang, maatla a botshelo a boela kwa a tswang teng—kwa Modimong. (Jobe 34:14, 15; Pesalema 36:9) Seno ga se bolele gore maatla a botshelo a boela legodimong. Go na le moo, se bolela gore fa motho a swa, tsholofelo epe fela ya gore o tla tshela gape mo isagweng e ikaegile ka Jehofa Modimo. Go ntse jaaka e kete botshelo jwa gagwe bo mo diatleng tsa Modimo. Ke ka maatla a Modimo fela motho a ka busediwang moya kgotsa maatla a botshelo gore a kgone go tshela gape.

A bo go gomotsa jang ne go itse gore seno ke sone se Modimo a tlileng go se dira ka batho botlhe ba ba robetseng mo “mo mabitleng a kgakologelo”! (Johane 5:28, 29) Ka nako ya fa ba tsosiwa mo baswing, Jehofa o tla bopela motho yono yo o suleng mmele o mosha a bo a dira gore o tshele gape ka go o tsenya moya, kgotsa maatla a botshelo. A bo leo e tlile go nna letsatsi le le itumedisang jang ne!

Fa e le gore o batla go ithuta go le gontsi gore lefoko leno “moya” le dirisiwa jang mo Baebeleng, o tla bona tshedimosetso e e botlhokwa mo boroutšhareng jwa setlhogo se se reng Go Direga Eng ka Rona fa re Swa? le mo ditsebeng 295-304 tsa buka ya Go Fetolana ka Dikwalo, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.